Вы находитесь на странице: 1из 346

1.

Leina ke ye legolo yan,


Modimo oa rona!
Yehofa re mo ikanyan,
Botshelon le loshun.

Ke ena eo re tlhodilen
Popegon ea rona;
Ke ena eo re bopilen;
Re dule mo mbun.

Ke ena eo re rudisan
Ka gale mo tshelon;
Ke ena eo re hemelan,
O ntsha tatlhegon.

Re chwana hela le boyan,


Yo bo thunyan moshon,
Yo bo segwan maitseboea;
Re wela bobipon. R.M.

2.

Modimo! Kgosi dikgosin,


Morena barenen;
Motlhodi eo re tlhodilen,
Le cotlhe tse di eon.

Lehatshe ye re le gatan,
Magodimo aona,
Le cotlhe tse re di bonan,
Di taolon ea ona.

Rea o bona mo tsatsin,


Le gona mo kgwedin;
Le dinaledi go cona,
Le cotlhe mo hatshin,
Ke gona cotlhe di bontshan,
Ha Modimo o ten;
Di re shupetsa molemo,
Le thata ea ona.

Rea o bona ka bogolo


Hokun ya molemo,
Ye le reran Yesu Kresete,
Mmonatsha Modimo. R.M.

3.

Modimo o mogolo
Ko o o dihilen
Tse di tshedilen cotlhe,
Le tse di phatsiman.
Kgomo le diphologolo,
Ditlhapi mo noken,
Le dinonyane cotlhe,
Le tse di gagaban.

Modimo o dihile
Mabele le boyan,
Le pula, le serame,
Le pheho e hokan.
Letsatsi ya go tlhaba,
Le ye le phiriman,
Nwedi le dinaledi
Tse di nyetsa-nyetsa.

Modimo o dihile
Dichese tsa nagen,
Dithunya tsa ditlhare,
Mauno a yewan;
Mecwedi le dinoka,
Mawatle a boten,
Le maru, le sehako,
Letladi e senyan.
O re neile diteme
Tse di ka bolelan
Bonatla le botlhale
Yo re bo lemogan.
A go lebogwe Rara,
Ka go sa ngotlegen,
A go lebogwe Yesu,
Le Moea o tshepisan. W.H.R.B.

4.

Molaodi, eo laolan
Hatshin, le godimon;
Phetogo tse di mo bathun
Ga dieo Modimon.

Go tlhaloganya man
Tiho tsa Modimo!
Tse dinwe tse o di dihan,
Ke tse di bipilwen.

Le tse o di dihan,
Di na le kaelo;
Leha ke tse di boitshegan,
Di cwa mo loraton.

Pobolo tsa rona,


Teko tsa Modimo;
Le cotlhe tse o di roman
Mmedin, le mo moeen.

Di laolwa Modimo,
Le losho loa rona;
Me ga go ope eo thiban
Ditiho tsa ona.
Morena barenen,
Moseki oa rona,
Re gu bolela molemon,
Le mo tshekison. R.M.

5.

Metlha eotlhe e ea batho,


E thaten ea Modimo;
Kwa legodimon oa laola;
O busa mo lehatshin.

Metlha e ea dipobolon;
Metlha e e hodilen;
Metlha e ea Khumanego;
Metlha e e humile.

Metlha ea dikhutsahalo,
Metlha e e gomotsang;
Metlha e ea dipogisho;
Metlha e e agisan.

Metlha eotlhe ua e laola,


Le Phetogo mo bathun;
Yalo ke tla gu ikanyan
Botshelon, le mo loshun.

Ha u naea, ha u sa tlosa,
U Molaodi eo laolan;
Ga u kake ua timela
Cotlhe tse u di dihan.

Yesu oa me, u siame,


U loraton mo pushon;
U tla ntshiamisetsa
Botshelon kwa godimon. R.M.
6.

Haleluya! Re opelen
Modimo o o sa khutlen,
Ka hela se se o bakan,
Ka moea o o lebogan.

Ko ona Kgosi e busan,


Le Mmoloki eo bolokan;
A cotlhe tse di tshedilen
Di tlise pako mo Kgosin.

Leina ye, ye le boitshegan,


Ke yeona ye le opelwan
Ke baengele godimon,
Le baitshepi mo hatshin.

O oba godimo aona,


Go ikagisa go rona;
O heta ba ba humanegilen

Haleluya! Re opelen
Modimo o o sa khutlen,
Ka hela se se lebogan
Molaodi eo o re laolan. R.M.

7.
Didimalan, me lo itse,
Ke Modimo mo hatshin;
Didimalan, me lo retse
Hoko ye le kwadilwen.

Ke Molaodi dilon cotlhe;


Ke tla busa mo hatshin,
Go itsise bona botlhe
Ba ba gona dichaben.

Amarure, ke tla bakwa;


Ke tla tlotlwa merahin;
Botlhe ba tla nkgodisa
Ba ba dulen mo hihin.

Yalo re tla sholohela


Mo go se se kwadilwen;
Yalo re tla rapelela
Pusho e mo lehatshin. R.M.

8.

Mothati osi Modimo,


Ua bona mo hihin;
Sigo bo nntse yaka yeona
Sedi motshegaren.

U bona cotlhe mo hatshin,


Le tse re di diran;
U itse tse di builwen,
Le tse di gopolwan.

Le cotlhe tse re di diran


Di buken ea gago;
Di tla shupiwa tshekishon,
Tsatsin ya poitshego.

Morena ke ea go wena;
Ke leba godimon;
Dibe tsa me, di inchwarele,
Di tlose mo buken.

Gopola losho loa gago,


Nkutlwa mo thaton;
Ntlosa dibe mo pedun,
Nkisa godimon. R.M.
9.
E man eo o ka ranolan
Tiho tsa Modimo?
Le pusho e o sa busan,
Ka eona mo hatshin.

Leha o ichubela bona


Ba o ba bolokan,
Modimo e nntse ke ona
O o sa hetogen.

Ko ona o o gololan
Ba ba o ikantsen;
Ke gona o tla ba ntshetsan
Mo poihon le dibin.

Letsatsi ye le shubilwen
Ke maru godimon;
E sa le yeona letsatsi,
E sa le phatsiman.

Modimo o o ka ntshan
Molemo boshulen,
Ko ona o o sinosan
Bonchun le sephirin. R.M.

10.
Modimo, Rara oa rona,
Kwa bonnon kwa legodimon,
U diha kaha u ratan,
Me man eo o ka gu botsan?

Mothusi eo re thusitsen
Mo metlhen e e hetilen;
Ke gona re gu ikanyan
Le metlhen eotlhe e e tlan.
U Boichubelosehehon,
U Botshabelo theregon;
Ga go na ope eo reran
Ba gago ba ba hemelwan.

U Hika ye le tlhomamen,
U moruti mo letsatsin;
U re thusitse mo tshelon,
U tla re thusa mo loshon. R.M.

11.

Modisa oa me ke ena,
Yehofa Modimo;
Ga ke tlhoke sa molemo,
Ka ke mo go ona.

O nthobatsa bohulon
Bo len botalana;
O nkgogela kwa metsin
A a itshekilen.

O rudisan moea oa me
O Nkisa tshiamon;
Me o nkgogela mo tselen,
Ka leina ya ona.

Leha ke tsena mo loshun,


Mo hihin ya lona;
O tla nna le nna go nthusa
Ka tsamma ea ona.

Me ke tla agela rure


Mo tlun ea Modimo,
Go o dihela botlalon,
Le ka bosakhutlen. R.M.
12.

Modimo o o sa een kae,


Re atamela thapelon,
U mun oa botlhe mo hatshin,
Le godimon.

Rra echo eo o sa heten,


Le Kresete kwa lesedin,
Le Moea o itshepilen,
U Modimo.

Go bakwe ona o rilen,


Monwe le monwe eo o tlan
Go ona mo cholohelon
Oa cholwa.

Me re le mo tihelon e,
Mo thapelon le kopelon,
Re thuse Moea o Montle,
Mogomotsi. A.J.W.

13.
Hoko lentle ya Modimo
Mo go ba ba lapilen;
Ba lo ean kwa godimo,
Kea lo isa mo tselen.
Kea lo isa, etc.

Ha diteko di lo hola,
Me bathusi ba se ten,
Hoko ye lo ka le chola;
Kea lo isa mo raton.
Kea lo isa, etc.
Ha Lehatshe le tlhaela
Go lo tsenya kagishon;
Hoko ye lo ka dumela,
Kea lo isa mo raton.
Kea lo isa, etc.

Etlare losho lo gu bitsa,


Le go tloga go le ten,
Itsen! Kgosi e bolela,
Kea lo isa mo raton.
Kea lo isa. J.G.

14. RARA U NKGOGE

Leha tsela sekaka,


Rara u nkgoge!
Leha pelo e lapile,
Rara U nkgoge!
Leha ntwa e ntikile,
Ga kena poiho,
A banera e nkokame,
Rara U nkgoge!

Mo lehihing mo boyosin,
Rara U nkgoge!
Ke gu bone sehatlhego,
Rara U nkgoge!
Mo moshumong oa lewatle,
Rara U nne teng.
Ha ke lapa U nnonotshe,
Rara U nkgoge!
Ha dipoiho di ncogela,
Rara U nkgoge!
Ga go losho ha ke gogwa,
Rara U nkgoge
Ka ke eme le Mothati,
Ke mo itseetse,
A tsheisho e nchware;
Rara U nkgoge! R. P.

15.O A NKGOGA

Oa nkgoga! Go gontle yan!


Lehoko yo le gomotsang,
Ga ke aen, se ke se ren,
Go gogwa ke Modimo ten.
O a nkgoga! Oa nkgoga! Ka cogo yagwe
Oa nkgoga! Ke tla mo sala morago,
Go bo ka cogo oa nkgoga.

Le ha eta mo hihin,
Go ka bo go le mo seding
Ha dinokeng mo matlen
Ke gogwa ke Modimo ten.
Oa nkgoga! Oa nkgoga, etc

Tsaea lecogo Morena,


Nthusa ke ikanyan wena
Ke itumela mo tselen
Go gogwa ke Modimo ten
Oa nkgoga! Oa nkgoga, etc
Kwa tiho e tla khutlen ten,
Le phenyo ke tla e bona,
Ke tla hologa mo noken
Ea losho, u nkgoge ten.
Oa nkgoga! Oa nkgoga, etc

16. SANDON

Lesedi ya me! ke mo lehihin,


U nkgoge.
Ke mo bunchun, kgakala legale,
U nkgoge.
A ke gogwe, ga ke lope pono
Ea kgakala, ke bone ha ke ten.

Gale ga ke itse go gu raea


U nkgoge.
Tsela ka rata ea me, me yanon
U nkgoge.
Ka nna boithamakon le boitaolon,
Se seke nyaga tse di hetilen.

Ka u nntse u ntshegohatsang, rure


U tla nkgoga
Sekgweng, mayen, metsin, me bosigo
Bo nyelele;
Me mo moshon ke bone baengele,
Ba ba salen ba ntshiela legaen. R. P.

17. SOLOMON
Modimo o o sa khutlen
Tshabelo yoa rona:
Re tshabela kwa go wena,
Re ntshe tatlhegon.

U Mmoni eo o r bonan
Popego ea rona:
Me cotlhe tse re di tlhokan,
Re itsise cona,

Ke gona re tla gu retsan


Ka tepo mo pedung;
Ke gona re tla rapelan
Yana, le kwa leshun.

Me ka gona re tla itseng


Ha Modimo e le
Yehofa eo o sa khutlen,
Tshabelo yoa rona. R. P.

18.TRINITY
Morena Modimo, u boitshepo!
Re leboga Kgosi, Kgosi e bakwan ;
Morena Modimo, Monchwari. Mothati,
Modimo Moraro ka bosakhutlen.

Morena Modimo! Ba ba godimon


Ba gu baka Kgosi, mo kgalalelong ;
Keruba, serafa, ba gu wela pele,
Eo o sa heten ka basa khutlen.

Morena Modimo! U mo lehihin,


Matlho ga gu bone mo kgaalelon ;
Me u Moitshepi, u nosi boitshepon ;
U Molekanedi thaton le bontlen.

Morena Modimo u botshepo!


Wena u ta bakwa hatsing le godim ;
Morena Modimo, Monchwari, Mothati!
Modimo Moraro ka bosakhutlen! R. P.

19. HURSLEY
Moea oa me, cogele ;
Baka Yehofa kopelong ;
Rato loa gagwe lo nnetse yan!
Ke lona lo gakgamatsan.

O la a mpona mo koon,
O la nthata mo go eona :
Tsalano ea gwe e nntse yan!
Ke eona e gakgamatsan.

Ka ke agileng mo baben,
Ba nthaelela mo dibin;
Ke ena eo mphenyetsan,
Ke thata e gakgamatsan.

O ema le nna mo poifon,


O nkgomotsa mo go eona ;
O nna le nna le kwa ke ean,
Ka rato lo gakgamatsang.

Ke tla akoha ke ea gona


Gaen ya ga Yesu godimon ;
Ke gona ke tla lebogan
Lorato lo gakgamatsan. R. M.

20. ST. SAVIOUR


Ke tla tumisa loraton
Lo lo cwan Modimon,
Lorato lo re lo bonang
Ka Yesu mokgoron.

Ga go na sepe mo hatshin
Se chwanan le lona,
Lorato lo, loa Modimo,
Lo tshechwen go rona.

Ke lona lo re chweletsan
Tseleng ea godimo:
Ke lona lo re gomotsang
Ha re bohutsaneng.

Ka re na nalo mo pedun,
Ga go na poho ten;
Re tla ikanyan mo loshun,
Ka phenyo ea lona

Re tla lo baka mo motsin,


Le gona mo sigon;
Retla lo baka mo loshun,
Le kwa legodimon. R. P

21. SILCHESTER
Letshego legolo,
Ke yeona ye le cwan
Mo loraton loa Modimo,
Lo lo re bolokan.

Yeona lea ruta


Tsa Modimo:
Ke yeona ye re sepetsan
Tselen ea godimo.

Ke phemo ea rona,
E e re hemelan
Boshulen yotlhe mo hatshin,
Yo bo re tlhaselan.

Ke gone re baken
Dihelen tsa rona;
Ke gona re le tshegetsan
Botshelon le loshun. R.M.

22.

Boitshwarelo yoa Modimo,


Yona kea bo batla;
A ke bo utlwe mo pedun
E e bo lelelan.

Ke mo poihon, ke mo hihin,
Ke mo ditlalelon;
Morena, utlwa kwa bonnon
Yoa gago godimo.
Matlho a gago a mponan
A ntebe mo raton.
Ka ke tshabela kwa Kgosin,
Monchwedi, mokgoron.

U Mothusi eo o thusan
Ba ba mo bokoen,
Le ba ba ikwatlhaelan
Se ba se dirilen.

U tlhokometse botlhe ba
Ba ba gu rapelan
Ka pelo tse di thubilwen,
Le matlho a lelan.

Morena eo o rategan,
Wena eo nchwetsen,
U se ntese, nna eo
Ke gu tshegeditsen. R.M.

23.

Ha ditshenyo di ntika,
Le poitshego di le ten,
Ke tla senka Botshabelo
Mo atlen tsa Morena.
O ka thusa, O ka thusa
Ka lecogo ya gagwe.

Ha matlhoko o nthomela,
A nkgogela legaen;
Mo loraton o a nkabela,
Ga a ronwe bogalen.
O ka thusa, etc.

Baba ba ka ntlhasela,
Satan ke eo ba patan;
Rre o itse go hemelan
Mo go ba ba nkilan,
O ka thusa, etc.

Ha mokgoro ke o sikara,
Leha mo dipoitshegon,
Yesu o nntse o nchwara,
Ga nka wela molatun,
O ka thusa, etc. J.G.

24.

Ke molato Modimon,
O nntshitse mo dibin;
Pako ea me ke eona
Tshegohaco ea ona.

Ke le ke le mo hihin,
O nkisitse kwa sedin;
Ke le ke le tatlhegon,
O nkgolotse go eona.

Ke le ke le mo baben,
Tlhabanon le Modimo;
Oa roma Morwa ona
Go nchwela mo mokgoron.

Tshegohaco ke eona
E mphetotsen mo pedun;
Hela sa me ke shone,
Tshegohaco ea ona. R.M.
25.

Modimo o o boitshegan,
U tlhaloganwa ke bo man?
U nntse hela bophatshimon;
U busa mo dipoitshegaon.

Re atamela mo poihon,
Bonnon yoa gago godimon;
Kwa u agilen mo sedin;
Helon ha go sa itsiwen.

U lu le pele tlholegon;
Rona re dule mo mbun;
U tla nna ka bosakhutlen;
Rona re heta ka yeno.

Re gu chotse mo dipedun,
Leha u kwa magodimon;
Re gu rapela mo inen
Ya Yesu eo o re shwetsen.

Modimo, Rara oa rona,


Le Yesu Kreste oa rona,
Le moea o len Modimo,
Ba tumisiwe mo hatshin. R.M.

26.

Modimo, Moreboloki,
Rea gu opelela,
Kgosi, u itse go busa
Batho le baengele.
Haleluya! Amen.
Thekololo ea loraton,
E u e re diretsen,
Eona e e nonohilen
Go re gololan dibin.
Haleluya! Amen.

U mme re gu boke Yesu,


U tlogetse terone,
Go re shwela mo mokgoron,
Go nna Moreboloki.
Haleluya! Amen.

Yesu, Kgosi ea loraton,


U chwanetse bogosi,
Mo merahin le dichaben;
Mo pedun tse u buse.
Haleluya! Amen. E.L.

27.

28.
Ha tshekison tsa Modimo
Di hologela mo bathun;
Ke peco tse di chwanetsen
Ba ba bonwan mo molatun;
Kgosi, rekegela bona
Ba ba bonwan mo thapelon.

Ha hatshe yeno ya rona,


Ha le tla nelwa mo pecon;
Ha ona o busholosa
Go le digela tshenyegon;
Gopola ba ba gu bitsan,
Kgosi e e ka gololan.
Ha chaka, tlala, tse di tlan,
Dira tsa gago mo hatshin;
Le pestelens e e gopan
Go cotlhe tse di tshedilen;
U lebe ba gu ikanyan,
Kgosi e e ka bolokan.

U noke ba ba hegelwan
Ka dibe tse di mo hatshin;
Le botlhe ba ba lelelan
Tse di bonwan mo magosin;
U retse ba ba rapelan,
Kgosi e e ka hemelan. R.M.

29.

Isan tebogo Modimon


Ona o o re ratilen,
Ke o chwaro e sa heten
Go ea hela bosakhutlen.

O kailwe man mo bonatlen?


E le yo bo sa kaiwen;
Ga go puo e lekanyen
Go baka Kgosi e sa shwen.

Kgosi u nkabele chwaro,


Yaka ba u ba chailen;
E re u ba rekolola,
Le nna u ntlele polokon. R.P.

30.

Bonan, bonan, go tsile ena,


Mmoloki oa bona,
Ba ba kailen mo lehihin,
Go ntsha timelon!

Bonan, o tla go lehela


Molato oa bona,
Ba ba shulen mo ditlolon,
Ba sentsen ka cona!

E, Yesu, Morwa Modimo


O la tla mo hatshin.
Go shwela bona mokgoron
Ba ba mo idilen.

Loraton lo logolo yan!


Lo lo cwan Modimon;
Ke lona lo lo re isan,
Kwa bonnon yoa ona. R.M.

31.

Baronwa Modimo,
Baagi godimon,
Ba cwa gona;
Go rera mo hatshin
Hoko a molemo,
Ga Morwa Modimo,
Ke Morena.

Mesia eo o tlan,
Eo o ba agelan
Mo lehatshin;
Ke ena eo tlilen,
Go ntsha mo dibin;
Bonan o kwa motsin
Oa Betelehem.

Bontsi yoa godimo


Bo tlile motlhaben,
Mo lehihin;
Bo bonwa mo sedin,
Bo bitsa badisa
Ba ba mo dinagen,
Tsa Betelehem.

Mesia oa rona,
Re baka mo pakon
Go tla gago,
Go ntsha mo dibin
Tse di mo lehatshin,
Go re isa sedin,
Kwa godimon. R.M.

32.

Utlwan kodu tsa baitshepi,


Ba opela godimon
Go opela baengele,
Haleluya! Mo marun.
Utlwan ye ba le bolelan,
Pinen tse di opelwan,
Kgalalelo legodimon,
Go Modimo o tshelon.

Go kagisho mo lehatshin,
Mo bathun kwa ba len ten,
Go boitshwarelo mo dibin,
Letsan harpe kopelon.
Go tla Kreste Motlodiwa,
A a bakwe mo pinen;
Moprofeti, Mopresti,
E, le Kgosi, mo cholen.

Akohan, batho, lo mmaken,


Mmitsen, lo simolole
Pina e binwan godimo,
Kgosi e galalele;
Re ithuten hoko yeuo,
Go tsalwa ga Morena,
A e name kgalalelo,
Mo hatshin le lewatlen. R.P.

33.

Banna cogan, a re lebogan


Tsatsi ye ya Kresete Morena;
Gopolan rato lo logolo lo
Dichaba di opelan godimo;
Ke bona ba ba re boleletsen
Ga Yesu eo o re mo tsalecwen.

Go utlwa pele bona ba disan,


Ba utlwa lencwe ye le ren Bonan!
Ke tla le hoko le molemo yan!
Ga gagwe Yesu eo o bolokan;
Yana hoko ke ye le dihetsen,
Go tsileYesu Kresete Morena.

Baengele ba utlwa hoko ye,


Me hon ka dipina tse ncha tse
Ba tlotla rato lo logolo lo,
Ka mancwe a a tlalan godimo;
Tlotlo ba opelela Modimon;
Kagisho le loraton mo bathun. J.G.
34.

Leina ya Yesu, le nntse yan!


Le botshe mo tseben;
Le ka gomotsa botlhe ba
Ba mo bohutsanen.

Le tlosa poiho mo pedun;


Phodisho e gona,
Gore hodisa pobolon,
E e cwan boleun.

Ke metse a, a a nosan
Ba ba mo lenyoren;
Ke mana a, re ka a yan
Go tshela mo moeen.

Ke yeona ye le phimolan
Keledi mo matlhon;
Kgomoco e e gomotsang,
Ha re le mo pecon

Lohumo lotlhe lo gona;


Lo lo sa nyelelen;
Le segohatsa mo pedun;
Le bontsha mo hihin.

Ke leina ye le rategan,
Ke nntse mo go yeona;
Le nkagisa mo moeen,
Ka ke le Modimon. R.M.

35.

Yesu leina ya molemo


Go ba ba dumetsen;
Le sedihatsa mo hihin,
Le ntsha mo dibin.

Leina lentle ye legolo


Tseben tse di utlwan,
Ke diyo tse di sa Helen,
Go ba ba tlalegan.

Ga go na leina mo hatshin
Lentle yaka yeona,
Ye le ka tlosan molato,
Le thogo ea ona.

Yesu, Modisa oa nnete,


Profete eo mogolo,
Le Periste eo re kgethetsen,
Le Kgosi e Kgolo.

Yesu, u esi Modimo,


Le Montshi oa rona;
U ka re ntsha mo dibin;
U bakwe mo pakon. R.M.

36.

Go leina lenwe legolo,


Yeona ye le sitan
Maina aotlhe a mo bathun;
Ke ye le rategan.

Leina ye, ke Yesu Kresete,


Morena oa rona;
Ena ke mo itshenketse,
Botshelon le loshun.
Ke na le cotlhe ka ena,
Tse ke di eletsan,
Ke ntse ke tshela ka ena,
Ena eo ntlamelan.

Ke tla cwelela mo tselen


E ean kwa Botshelon,
Ka a na le nna mo moeen,
Go Nkisa godimon.

O nkgogela tshiamon,
Leha ke le mo dibin;
O nkapesa molemo
Moeen le mo Mmedin. R.M.

37.

Yesu, Kwana ea Modimo,


E e tsilen mo hatshin;
E re shwetsen mokgoron
Go re ntsha tshenyegon.

Yesu, Kwana ea godimo,


Kwana e re tlhabecwen;
Cholohelo ea rona
E le Kwana mokgoron.

Lona ba lo dumetsen,
Lona ba lo ikantsen,
Cwelan pele mo tshegon,
Bakan Kwana mo pakon.

Tla, Moea oa Modimo,


Moea o o tshedilen;
Re tlhapise mo madin
A a elan mo Kwanen. R.M.

38.

Bonan Ditiho tsa


Kreste oa Modimo;
O shwela batho mokgoron
Go ntsha mo dimpin.

Loraton logolo
Go inela loshun.
Gore re se ee tatlhegon
Le satan, kwa Bonchun.

O re utlwetse yo,
Botlhoko bogolo,
Go humisa ba esn sepe
Ka humo logolo.

Mokgoro oa Yesu
A o nne mo pedun,
Mokgoro o gakgamatsan,
Segolo mo bathun!

Gona re opelan
Poloko ka ona;
O tla nna pako ea rona,
Yana le mo loshun. R.M.

39.

Go wedicwe! utlwan Yesu


Ka a sa le mokgoron;
Kresete o shwela batho,
Go nna Mmoloki oa bona,
Go ba ntsha,
Ba ba len mo tatlhegon.

Go wedicwe! utlwan lencwe


Ya eo o mo bothaten;
Hika a kakabologa,
Tsatsi ya nna mo hihin,
Ka hokoye,
Ye le cwan kwa Golgoten.

Go wedicwe! go hitile
Mekgwa e e onetsen;
Mekgwa mesha e lerilwe
Mahokun a molemo;
Go wedicwe
Kgolagano mo madin.

Go wedicwe! bonan Kwana,


Ke Kwana ea Modimo,
E e tselen mo lehatshin
Go lo ntsha tshenyegon,
A kgethela
Ba ba len mo molatun.

Retsan lencwe ye legolo


Ye le cwan kwa Golgoten;
Bonan rato lo logolo
Lo lo tselen mo hatshin;
Re dumelan
Ena eo re shwetsen. R.M.

40.

Bonan Ditiho di kgolo


Tsa Kresete oa Modimo,
O shwela batho mokgoron
Go ba gololan mo dimpin.

Loraton lo logolo yan,


Go re inela mo loshun!
Go re kgethela molato,
Molato o re paletsen.

O re utlwetse peco e,
Mo tlalelon e e kgolo,
Go humisa batlhaedi,
Ka lohumo lo logolo.

Me mokgoro oa ga Yesu,
A o re tsene mo pedun;
Mokgoro o gakgamatsan
Ke o mogolo mo bathun.

Ke gona re tla opelan


Eona poloko ka ona;
O tla ikanwa ke rona
Mo Botshelon, le mo loshun. R.M.

41.

A re bonen Yesu Morena;


Re mo pegecwe mokgoron;
Tlhabelo e re e tlhabecwen,
Go re gololan tatlhegon;
Loraton lo, lo lo sitan
Cotlhe tse di gopolelwan.

Mokgoro o gakgamatsan
Ke boichubelo yoa rona;
Ga go sepe se se bonwan
Se ka chwantshiwan le ona;
Ko ona osi o o nan
Kgomoco e e gomotsang.

Morati eo re ratilen
A shwela rona go ona;
A hologela mo bashwin,
A re cogela bobipon;
Ena eo la le mo loshun
O tla re cosa diphupun.

Ke gona re itumisan
Yesu Morena mokgoron;
E, rure, re tla mo hakan,
Tlhogo ea rona godimon;
Eo o tla tlan kwa bohulon
Go re isa legodimon. R.M.

42.

Ke tla baka Monkgolodi,


Ena eo nthatilen,
Eo o nchwetsen mo mokgoron,
Go nkgolola molatun.
Opelan ga Monkgolodi,
Ena eo nthekilen;
Mokgoron o inchwaretse,
Ke nntse hela kgololon.

Ke tla bua kaga gagwe,


Ena o mpolokilen
Ka loraton le ka chwaro,
Chwaro e gakgamatsan.
Opelan, &c.
Ke tla tlotla Monkgolodi,
Ke senatla se se henyan;
Ke eo o re naean phenyo,
Boleun le mo loshun.
Opelan, &c.

Ke tla baka Monkgolodi,


Ena eo o nthatilen;
Ke o mponetsen botshelo
Modimon-bosakhutlen.
Opelan ga Monkgolodi,
Ena eo nthekilen
Mokgoron o inchwaretse,
Ke nntse hela kgololon. R.P.

43.

Nkutlwa telo, ntshegohatsa;


Tla! Mogolodi, tla!
Moea o imecwe, o gu eletsa;
Tla! Mogolodi, tla!
Ke timetse kgakala mo mayen,
Ke nntse kgakala le legae,
U ntsee yanon, ntlisa lesaken;
Tla! Mogolodi, tla!

Ga ke na Botshabelo bosigon,
Tla! Mogolodi, tla!
Ha ke gu bona, go tla na botshelo,
Tla! Mogolodi, tla!
Ke timetse, etc.

Ga ke na ope, me ke lapile;
Tla! Mogolodi, tla!
Matlho a me a leba kwa go wena,
Tla! Mogolodi, tla!
Ke timetse, etc

Ga u ketla u nyatsa phegelo,


Tla! Mogolodi, tla!
Nthetsa thapelo, Nkutlwa telo.
Tla! Mogolodi, tla!
Ke timetse, etc. J.T.B.

44.

Go tsile Yesu mo bathun,


Go ntsha tatlhegon;
Go ba dihela poloko,
Ba ba mo timelon.

O tsile go hunolola
Ba ba mo kgolegon,
E Satan o e hunetsen,
Go isa tshenyegon.

O tletse ba ba sa utlwen,
Go utlwatsa yeona,
Lencwe ye le ba biletsan
Botlhe, kwa polokon.

O tletse ba ba lelelan
Popego ea bona;
Go ba gomotsa mo pedun
Go ntsha selelon.

Hosanna! Kgosi ea rona,


E bakwe mo Helen;
Teme cotlhe di godise
Yesu mo lehatshin. R.M.

45.

Ganwe le gape re opelen,


Hoko ya botshelo;
Bontle yoa yeona re bo bonen;
Hoko ya botshelo.
Hoko ya ga Yesu, yeona ya poloko;
Le lentle yan! Le botshe yan!
Ya ga Yesu Kgosi.

Yesu Mmoloki o lerile,


Hoko ya botshelo;
Retsan dipico tsa loraton;
Rato loa ga Yesu.
Hoko ya ga Yesu, yeona ya poloko;
Le lentle yan, etc.

Utlwisan botlhe mo lehatshin,


Hoko ya botshelo;
Ba nne le Yesu mo polokon;
Poloko ke Yesu.
Yesu ke ena esi, eo e len Mmoloki.
Le lentle yan, etc. A.J.W.

46.

Mmoloki eo re shwetsen,
O re shwetse botlhokun;
O pegilwe mokgoron,
O bapocwe logonen.
Ba mo tlhaba diatlen,
Ba mo tlhaba tlhakorin,
Ba mo rwesa mo tlhogon.
Mitlwa e e boitshegan;
Ba mo tlhaba mo dinaun;
Ba mo tlhaba mo pedun.

Losho lo, ke poloko.


Madi a, a tlhapisa;
A a dulen tlhakorin,
Le dinaun, le diatlen.
Cholohelo ea rona
Ke Yesu eo re shwetsen.
Yanon re atamela
Modimo o le chwaro;
Yanon re ka ikanyan,
Re tla bona botshelo. A.J.W.

47.

Nametsegan! Re bonye Mmoloki,


Yesu ke ena eo re thusan;
Re tlodile, re mo boleun,
O ka gololan, E! yanon.
Hela yanon! Moleohi eo utlwan,
Hela yanon! U sa belaelan?
Kgantsha mokgoro, u sa boihan?
O re golotse, E! yanon.

Yana re dule mo ditshekishon,


Re ka nna hela mo boitumelon;
Tlan mo go nna, baleohi, utlwan;
Tlan! O bolokan, E! yanon.
Hela yanon! etc.

Ba Modimo, go ratega yan!


Rure ke ena eo o bolokan;
Re cwa loshun, re ea Botshelon,
Re rua polko- -E! yanon.
Hela yanon! etc. J.G.

48.

Ao! Yesu o ntihetsen?


O nthekile, Mmoloki.
Ke ena eo nthatilen;
O nchwetse Mmoloki.
O godisicwe godimon;
O nthapelela, Mmoloki.
O gona, go baakanyetsa
Ba ba ratan Mmoloki.

Yesu! E, Yesu!
U botshe yan, Mmoloki!
Ke tla gu bona, nna len,
Mogakgamatsi, Mmoloki?

O ntlhokometse dikgaton;
O ntebile, Mmoloki.
Monthusi mo tlhokohalon;
Monthati, ena, Mmoloki.
O reetsa se ke se buan
Ha ke rapela, Mmoloki;
Le bona ba mo ikanyan,
O tla nna nabo, Mmoloki.

Yesu! E, Yesu! etc. R.M.

49.

Yesu Modisa mogolo


O la inela mo loshun,
Go re lehela molato,
Go regolola go ona.

O la re bona mo hihin,
Ka re cwelela timelon;
Ke gona o tselen hatshin
Go re gogela godimon.

Rosi re na thata epe


Go tshaba gale yo bo tlan;
Ke gona Yesu o tselen,
Mmoloki eo o bolokan.

E kabo e se rato lo,


Re kabo re le mo hihin
Ye lencho, ye le re isan
Tatlhegon e e sa Helen.

Yesu a ikgobalatsa;
Loraton lo logolo yan!
Go nna monna mo lehatshin,
Ke tiho e gakgamatsan! R.M.

50.

Go lela ke lehela;
Go tlhapa sekganatha
Ga go tlose poiho tse,
Le dibe tsa nyaga tse,
Go lela ke lehela.
Yesu o la ntelela,
Kwa mokgoron a nchwela,
Mogolodi, Morena,
O bolokan esi.
Go diha ke lehela;
Leha ke ichokela
Thusho go itihela,
Motho ga a ithuse;
Ditiho ke lehela.
Yesu o la ntelela, etc.

Go nna hela, lehela;


Leha ke retelelwa,
Dibe di ichwarelwa,
Go nna ke losho hela;
Go nna hela, lehela.
Yesu o la ntelela, etc.

Tumelo ke poloko;
Ke ikanyan Morena,
Ke inela go ena,
Mo Botshelon le loshun;
Tumelo ke poloko.
Yesu o la ntelela,
Kwa mokgoron a nchwela,
Mogolodi, Morena,
O bolokan esi.

51.

Go gaisa kico rato lo lo cwan


Go wena Yesu, nna ke rata yan
Go itse lona ka boatlhamo,
Boten, bolele, bogodimo
Yoa rato lo.

Go gaisa puo rato loa gago,


Yesu Mmoloki; me loleme lo
Lo rata go bolela mo bathun
Loraton lo lo ntshan mo poihon,
Ke loa gago.

Lo gaisa pako, rato loa gago,


Yesu Mmoloki, me pelo ea me
E rata go opelela rato
Lo lo gogelan eo o molato
Kwa Modimon.

Ntlatsa Yesu ka rato loa go;


Nkisa mocwedi kwa godimon;
Ao! ha nka hitlha ka tumelo ten,
Ke tla nwa gona a a tshedilen
Bo sa khutlen.

Ke tla re Yesu ha ke mmona ten,


Ke tla mo khubamela manolen,
Ga rato lo, E! ka boatlhamo,
Boten, bolele, le bogodimo,
Ke opela. J.G.

52.

Ao! sego ke bona ba ba dumelan,


Ba ikina madin a Yesu Morena;
Ba henya ka ena boleo le yona,
Ba leba dipadi tse di go ena.
Tumisan lorato lo, tumisan rato lo,
Tumisan rato lo lo bolokan.

Ao! sego ke bona ba mo Morenen,


Tshekisho ea gale, ba sa e utlwen,
Ba bona polko, e cwa go ena,
Ba itse lesedi, le ba tlhabetsen.
Tumisan loraton lo, etc.
Ao! sego ke bona ba itshekilen!
Ka madi a gagwe o a tholotsen;
Khuco o e naea ba ba lapilen,
Keledi, ke ena eo di phimolan.
Tumisan lorato lo, etc.

E! Yesu moshwedi eo o rategan!


Mmoloki, Modimo, Kgosi ke wena;
Yana kea gu baka, E! le mo loshun,
Ke tla henya ka phenyo ea Morena.
Tumisan loraton lo, etc. J.G.

53.

Yesu oa me nthata
Leha ke le mo dibin;
A re yalo mo kwalon,
A re yalo mo pedun.
E, Yesu oa me, E, Yesu oa me,
E, Yesu oa me, oa me, mo loraton.

Yesu oa me oa nthata,
O ntehetse molato;
O mpusitse timelon,
O ntlhapisa mo pedun.
E, Yesu oa me, etc.

Yesu oa me oa nthata,
Ga ke tshabe dichwenyo;
O ntisa mo Botshelon,
O mpoloka mo loshun.
E, Yesu oa me, etc.

Yesu oa me oa nthata,
O tla Nkisa kwa o ten;
O nkgolotse boshulen
Yotlhe yo bo mo hatshin.
E, Yesu oa me, etc. J.McK.

54.

Rato loa Yesu go rona


Go shwela batho mokgoron,
Go re re nne bagolodwi,
Go tla bolela man?
Ana, go tla bolela man? Ana, go tla bolela
Man?
Lorato o nchupetsan, go tla bolela man?

Matlhoko a o a utlwilen;
Serwalo se mo tlhabilen?
Go re re ee kwa go sa shwen,
Go tla bolela man?

Ana, go tla bolela man? etc.

Kagisho e re e bonan
Go ena eo re emelan,
Ka madi a a rategan,
Go bolela man? etc.

Ana, go tla bolela man? etc

Meipelo e re e bonan,
Boikhuco yo o bo naean,
Cholohelo e gaisan,
Go tla bolela man?

Ana, go tla bolela man? etc. J.G.


55.

Ao! Yesu oa ro,


Eo re ratilen;
Ka u re shwetse mokgoron
Go re ntsha dibin.

Loraton logolo,
Lo lo sa chwantshiwen
Le sepe, se se ka dihwan
Hatshin le godimon.

U Morwa Modimo;
U Kgosi ea rona;
Re gu tseile mo dipedun,
Go laola go cona.

Re ea kwa go wena;
Re tla ea kwa go man?
U na hoko a molemo
A a ka bolokan. R.M.

56.

Yesu Montshi, Yesu Montle,


Kea gu rata; Mogolo;
U nntshitse mo moletin,
Ka lorato logolo.

Yesu Montshi, ke chwanetse


Go gu tlotla mo pakon,
Ka u lua tla mo lehatshin
Go nkisa godimon.
Yesu Montshi, u nkgopotse,
Ka ke sa le timelon;
U lua inela mo pogishon
Go ntheka tshenyegon.

Yesu Montshi, nnaea Moea,


Go ncosa mo pedun;
Gore ke gu naparele
Mo botshelon, le loshun. R.M.

57.

Go chwana man le Yesu eo,


Eo ke mo dumetsen?
O gaisa botlhe godimon,
Le botlhe mo hatshin.

Ka a na le nna mo pedun
Gona ke humilen;
Leha ke tlhoka sa hatshe,
Ke chotse sa godim.

Ke ena eo o rategan,
Eo o nkabetsen;
Ke ena tsala, marure
E e sa hetogen.

Ke kaea cotlhe mo hatshin


Mabele go eona
Kico ea Yesu, eo ilen
Kwa godimodimon. R.M.

58.

Yesu gogela
Rona boikhucon;
Leha tsela e lehihi
Re e gate re sa choge;
Re goge Yesu
Kwa legodimon.

Ha tsela e na
Baba ba eona,
Poiho, a e se gopolwe,
Thata e nne e sa hele;
Baba ba bonwa
Tselen ea rona.

Ha re batla eona
Thusho selelon;
Ha thaelo e re chwara,
Re henyetse, wena Rara,
Yesu re bontshe
Kwa ba sa lelen.

Yesu gogela,
Rona boikhucon;
Mokaedi re kaele;
Re gomotse, re tlamele,
Re gorosetse
Kwa legodimon. J.G.

59.

Yesu oa me, kea gu bitsa,


A ko u nthuse, ke se ke shwe,
Atamela ka poloko,
U ntsee yaka ke nntse!
U ntsee yaka ke nntse!
U ntsee yaka ke nntse!
Hoko ya me, u lua nchwela
U ntsee yaka ke nntse!

Ke bokoa, ke molato,
Me ke tshela mo go wena,
U ka mpopa ka u rata,
U ntsee yaka ke nntse!
U ntsee yaka ke nntse, etc.

Iketleco ga go epe,
Ke na sepe sa tlhomamo,
U mpoloke kaga gago,
U ntsee yaka ke nntse!
U ntsee yaka ke nntse, etc.

Mmpoloki, cwe, u mpone,


U ntihele ka u rata,
Simolola, me u wetse,
U ntsee yaka ke nntse!
U ntsee yaka ke nntse, etc. R.P.

60.

Morena, bona sehehon!


Makhubu a a tlolan!
Godimon go maru a mancho,
Go go se se siretsan;
Ana re shwelan Morena?
Ao! u robaletsen?
Bona, go boitshegan yan! Re tla shwa,
Re nwela mo lewatlen.

Botlhe.
Dipheho, makhubu, a tla Nkutlwa,
He! Kgaotsan!
A ke lewatle ye le tlolan,
A temona, le batho, le en le en,
Ga o kake oa nwela, mokoro,
Ka mon oa lobopo a le mo ten.
Di tla le utlwa lencwe ya me,
He! Kgaotan!
Di tla le utlwa lencwe ya me,
He! Lo kgaotsan!

Morena ke mo tlalelon,
Ke selelon ka yeno,
Ke mo phuduegon ea pelo,
Coga u nchware Kgosi
Dibe di ntsentse tlalelon,
Ke hupetsemoeen,
Me kea shwa, kea shwa Morena,
Tsena u laole mo ten.
Dipheho, makhubu, a tla Nkutlwa, etc.

Morena bobe bo ile,


Gotlhe go mo boikhucon;
Tsatsi le phatshima lewatle,
Go boitumelo pedun;
U nne le nna Mompoloki,
Se ntese boyosin;
Me ke tla ea ke chwara senwane,
Ke nna mo tapologon.
Dipheho, makhubu, a tla Nkutlwa, etc. R.P.

61.

Ditisho di molemo yan,


Tsa Yesu eo ntlamelan,
Ka ke mo bokoen!
Ke ena eo nkgomotsan,
Ka gale mo moeen.

Leha ke aga mo gaen,


Le kwa nagen, le lewatlen,
Leha kwa godimon;
Leha nkabo ke tsamae
Kgakala, ke agile nae,
Ke nntse mo loraton.

O la a mpona botsalon;
O ntshedisa mo Botshelon
Yotlhe, mo lehatshin;
Ke ena eo ntlamelan
Ka nyaga tse di tla etlan,
Le ka bosakhutlen.

Modimo o o tshedilen
O ha go nna mo lehatshin,
Tshegare le sigon;
Ko ona o ntlamelan,
Ka ke na le ona? D.L.

62.

Naka e kgolo e gona,


Naka ke ena Yesu;
Ke ena eo re alahan,
Re tshedile ka Yesu.
Ba mo tlotla godimon,
Re mo haka mo hatshin,
Naka, Kgosi, Mmoloki,
Yesu, E, ke Yesu.

O re utlwetse botlhoko,
Naka e kgolo, Yesu;
A hodisa ka lehoko
Ya gagwe, ena Yesu.
Ba mo tlotla, etc.

O re gopotse mokgoron,
A bona a weditse;
Ga go na se se kgaoganyan
Rona le ena Yesu.
Ba mo tlotla, etc.

Kea lo ichwarela boleo,


Tsamaean ka kagisho;
Eman lo henye mo tekon;
Go bua ena Yesu.
Ba mo tlotla, etc.

Ka mosho, monwe o tla tla,


A ema, a re bitsa;
Me re tla tloga, re ea nae,
Re ea go ena Yesu.
Ba mo tlotla, etc. J. McK.

63.

Mosadi monwe a re a mmona


A heta mo tselen,
A re, Mmoloki ke ena, me nna
Ke tla ea go ena.
Le wena, ea kon go ena,
U ee mo tumelon;
Yesu o ka ichwarela;
Mmoloki ke ena.

Mosadi eo a ikaelela
Go ama momeno;
Erile a sena go re yalo,
A hola Pobolo.
Me ha u mo ama hela
Thata e nntse gona.
Yesu ke o ka gu hodisa,
Mothusi ke ena.

Mosadi eo a se a itse
Se o tla se dihan,
A re, e ka re a nne bogale,
Me bo le bo se eo.
Me leha u ka roroma,
Poiho e, e cwa kae?
Yesu o tletse bonolo,
Morati ke ena. J.B.

64.

Ga bo go le gona mo saken
Dinku tse di naente le naen,
Me new e setse mo nagen,
E ile sehoha ten,
Kwa, mo mayen le mananen,
Kwa modisa oa eona o seon ten.

Me naente le naen di sale ten


A ga dia lekana tse?
Modisa a araba; e, ea cona
E e timetsen, ke ea me;
Me leha tsela e boshula ten,
Kea ea, ke e batla mo nagen.

Me go se ope oa rona
Eo itsen poitshego tse,
Yesu Modisa o la a di bona,
A senka nku e;
O la e utlwa mo nagen,
E lwala, e tlhotsa, logagen.

Morena, madi a ga man,


A a bonalan mo tselen?
Ke a me, a a thololwan,
Ka e batla, e e ilen;
Go bonwa dipadi diatlen;
O e batlile rure mo mitlwen. J.G.

65.

Yesu u nne, u re dise,


Mohemedi ke wena;
Mo go hulen, re hudise,
Re robatse mo saken.
Yesu Kgosi, Yesu Kgosi,
Re cwe ba ba golocwen;

Re ba gago, u re chware,
Re tlamele mo tselen;
Dinku, Rara, re gopole,
Batla ba ba timetsen.
Yesu Kgosi, Yesu Kgosi,
U re utlwe thapelon, etc.

U re reile, u tla chola,


Leha re le mo dibin;
Wena, u ka re golola,
Re nne ba ba dumetsen.
Yesu Kgosi, Yesu Kgosi,
Re tla yana go wena, etc.
Yana re gu senka Kgosi,
Re gu utlwe mo moeen;
Yesu u Mmoloki esi,
Re gu chole sehuben.
Yesu Kgosi, Yesu Kgosi,
Re ratilwe, re raten, etc. J.G.

66.

Yesu ka tibelo
O goga rona,
Ena o kaela
Kwa re ean gona.
O re dibela mo
Tselen ea rona;
Re tla mo ikanyan
Kwa o isan ten.

Moea montle oa gwe,


Ke o re rutan
Tsela e ean motsin
O o phatsiman.
O re dibela mo, etc.

Rona ha re mmatla
Pedun tsa rona,
Sego a Modimo
Re rua aona.
O re dibela mo, etc. J.G.

67.

Ke bonye tsala e nthatan, o ntse o nthata gale,


O nkgogetse mo go ena! A o ka ntebala?
Me mo pedun o mphapile, ka kgole e sa kgaoge;
Nna, oa gagwe, Ena oa me, ka gale le ka gale.

Ke bonye tsala e nthatan, ke ena o la nchwela,


Ke tshela yana ka yona, botshelo o bo nnaea;
Ga ke na se ke se ruan, di adimilwe yale;
Moea, thata, le botshelo, ke tse, tsa gagwe gale.

Ke bonye tsala e nthatan, E! ke Morwa Modimo;


Ke ena eo mphemelan, O Nkisa kwa godimo.
Aona maran a a nkgogan a re, ke tlhoahale;
Go leta, diha, le gona, boikhuco, E! ka gale!

Ke bonye tsala e nthatan, ka pelonomi kgolo,


Ke ena Mogakolodi, Mohemedi mogolo!
Go ena eo o nthatan, a senwe se ka Ntlosa?
Losho, botshelo, leha en? Nya! di tla na di hosa. J.G.

68.

Yesu ke tsala ea botlhe


Ba ba tshelan mo hatshin;
Bolelelan chaba cotlhe
Tse di dutsen mo hihin,
E le ena,
Eo o ntshan mo dibin.

Leha re le ra timela
Ka re tsecwe boleun;
Tsala e, e la re shwela
Go re ntsha molatun,
Ka kgethelo,
O kgethilen ka eona.

Lona lotlhe batimedi;


Lona batho hela, tlan!
Yesu o lo ipiletsa;
Ana lo mo gamelan,
Ka ke ena,
Eo o ka lo bolokan.

Lona lotlhe ba Lehatshe,


Nametshegan mo pedun;
Yesu o lo rekolotse,
O lo shwetse mokgoron;
Me o rata
Go lo ntsha tatlhegon. D.L.

69.

Mocwedi mogolo,
Ko ona o tletsen
Madi a ga Emanuele,
Ena eo re shwetsen.

Mocwedi ko ona,
O o ka tshepisan
Boshula yotlhe, yoa bona
Ba ba o ikanyan.

Legodu, le yeona
Ka le le mokgoron,
Ya itumela go bona,
Le go itlhapisa.

Le nna ka ea gona,
Ka tsena mocwedin,
Go itlhapisa go ona,
O o mpulecwen.

Gona ke ikanyan
Tshepisho mo dibin,
Ka madi a a elelan
Ka gale mocwedin.

Yesu, u Kwana e,
Kwana ea Modimo
E e bapocwen mokgoron,
E e ntlhabecwen. R.M.

70.

Ditsela dintsi mo hatshin;


Bantsi ba go cona;
Di khutla hela kwa hihin;
Di isa tshenyegon.

Tsela e gona e e ean


Kwa bonnon godimon;
Ke Yesu eo o re isan
Ka eona, polokon.

Rea e bona mo lokwalon,


Lo lo re shupetsan
Kgato tsa gagwe go lona;
Gona re di gatan.

Ke tsela e e cwan dibin;


E isa boitshepon;
Ke tsela e e tlhomamen,
E thewa godimon. R.M.

71.

Tsaea phuka tsa mosho, hohela ka cona


Go Yesu, Mmoloki, sedi ya rona!
Mocwedi oa poloko o gu bitsan,
Ea u tlhape metsin a ona yanon!
Hohela, hohela ka diphuka tsa mosho!
Hohela, hohela go Yesu Morena!

Hohela kwa go Yesu eo gu letilen,


Ea, leba loraton lo lo tshedisan;
Tumelo e goga matshego moeen;
Ea u a lope leinen ya Morena.
Hohela, hohela, etc.

Ka diphuka tsa mosho ea kwa sehuben


Sa Yesu kwa thata le khuco di ten;
Lobaka lo lontle ke lo lo hetan;
Hohela go Yesu, u diegela?
Hohela, hohela, etc. J.G.

72.

Yesu, wena eo nthatan,


Ke wena eo o mpolokan;
Ke tshabela gmo sehuben
Sa gago, eo u nchwetsen.

Ke leba hela go wena,


Morekolodi, Morena,
Mothusi eo o nthusan;
Lehika ke le ikanyan.

A ko unchube morutin,
O o bonwan mo diphuken
Tsa gago, tse di siretsan
Go cotlhe tse di boitshegan.

Dineo cotlhe tsa molemo


Di hologa kwa go wena.
Go nkhumisa mo moeen,
Ka humo lo lo sa khutlen.

Ke gona ke tla ichokan;


U esi eo ka ikanwan
Popegon cotlhe tse di eon,
Mo Botshelon le mo loshun. R.M.

73.

Lehika ye le sa khutlen,
Ye ke le ikanyan;
Ke Kreste oa Modimo
Eo o ka bolokan.

Ke yeona ye le arocwen
Tshabelo yoa bona,
Ba ba rularan mo dibin,
Ba tsecwen go cona.

Ke yeona ye le tlhomamen
Go cotlhe tse di eon;
Motheo o o sa khutlen,
kwa godimodimon.

Ke ikaega go yeona,
Gona ke sa boihan?
Ke ichubela loharon,
Lo lo nkgabacwen. R.M.

74.

Hika ya bosakhutlen,
Hika ye le hatocwen,
Boichubelo theregon,
Le kgololo tatlhegon;
Ke ichuba go wena,
Monchwedi le Morena.

Tiho tse ke di dihan,


Telo tse ke di lelan
Metlhen e e sakhutlen,
Go itshekisa mo dibin;
Ga go thusho ka cona
Go Nkisa polokon.

Metse a a elelan;
Madi a a hodisan,
A a dulen tlhakorin,
Le dinaun, le diatlen
A mphodise pobolon,
A a ntlhacwe boleun.

A ke inwe mo madin;
Ntlhapisa mo dibin;
Ke itiga mokgoron;
Ke ichuba loharon;
Yesu, Kwana, Modimo,
Hika ya Bosakhutlen.

Ka ke sa le Botshelon,
Ka ke tla ea bobipon,
Ka ke coga mo loshun,
Ke tla leba go Yesu,
Ena esi eo e len
Hika ya Bosakhutlen. R.M.

75.
Moatlhodi oa rona
Ke Yesu, eo o re shwetsen;
A re cogela mo loshun,
A tlhatlogela godimon.

O dutse gona seatlen


Sa Modimo, o o ratan
Go re gololan mo dibin,
Ka Yesu eo re emelan.

Ke ena Moperiseti,
Eo laolan tlun ea Modimo;
Eo o la lekwa segolo
Ka a la tlhotse mo hatshin.

Ke gona o ka utlwelan
Botlhoko ba ba mo tekon;
Ke gona o tla re retsan,
Ka merapelo ea rona. R.M.

76.

Bonan pono e e kgolo,


E e bonalan mo marun!
Ke Nwana oa Bethelehem,
Ena eo la le mokgoron.

Yana o etla mo tlotlon


Go phutha botlhe mo hatshin;
Go chola ba ba dumetsen;
Go betsa ba ba mo dibin.

Lehatshe yeotlhe le tla sha,


Le cotlhe tsi di bonalan,
Di tla nnyelela mo phishon;
Diphisho tse di boitshegan.

Ke tla dihan tsatsin yeuo?


Ke tla tshabela kwa go mang?
Ha Yesu a tla mo kgabun
Ea molelo o o hisan.

Yesu, U nkgakolole
Ke itse se ke se dihan;
Gore ke nne polokegon
Mo tsatsin ye le boitshegan. R.M.

77.

Go heta man ka bontsi yo?


Bo mo saletsen morago?
Re botsa monwe; me a re,
Go heta Yesu Monasara.
Re botsa monwe; me a re,
Go heta Yesu Monasara.

Yesu eman? re bolelele,


Ka bontsi bo mo sianela;
A ga se gona ba mmonan?
Moen eo kgobokanelwan?
Re botsa gape; me ba re,
Go heta Yesu Monasara.

O eme o re letile
O eme ka loraton ha;
Tlan kwano baleohi, tlan;
Loa ichwarelwa; dumelan.
Re itumela ka yeno
Go bona Yesu Monasara.
Bagani botlhe, lo utlwen!
Bakgadi botlhe, lo retsen!
Yesu o heta ka yeno,
Ke Yesu; o gu letile;
Ka mosho batho ba tla re,
O ile, Yesu Monasara. J.McK.

78.

Mokgoro oa ga Yesu
O ke o gopolan,
Ko ona o ke o nokan
Ka gale mo pedun,
Ena eo ke mmonan gona,
Kgosi legodimon;
Ke ena eo o ba shwelan
Ba ba mo pegilen.

Kete ke nntse yaka ena


Yakobe mo nagen;
A bona ba ba palaman
Ba ea legodimon;
Mo go nna sepalamo se
Se re se palaman,
Ko ona o, mokgoro o,
Yesu o mo go ona.

Ke bona mo mokgoron o
Se se gakgamatsan,
Lorato lo lo sa chwanen
Le sepe mo bathun.
Motho man eo o tla shwelan
Ba ba mo idilen?
Me Yesu o la shwela bona
Ba ba mo pegilen.
Mokgoro oa ga Yesu
Ao! O ratega yan!
Botshelo yo bo cwan gona,
Ke yo bo sa khutlen.
Boitshwarelo yoa Modimo
Bo bonwa ka Yesu;
Ke ena ke mmonan gona
Ka gale mokgoron. J.B.

79.

Yesu ke nne mokgoron;


Go mocwedi gona,
Metse a thusan rona,
A cwa mo go ona.
Ka ona, ka ona, ke tla kgantsha hela;
Ke tle ke e bone ten, khuco kwa moseya.

Ha mokgoron mo hihin,
Rato lo mphitlhetse;
Sigo yoa sa, me gona
Tsatsi ya ntlhabela.
Ka ona, etc.

Ha mokgoron, Morena
O nkgatlhantsha gona;
A ke ete kwa ke ean,
Mo sedin ya ona.
Ka ona, etc.

Ha mokgoron ke tla nna,


Ke ema, ke leta,
Ke tle ke tlhatlogele,
Moseya ga noka.
Ka ona, etc. J.G.

80.

Duduetsan, o cogile!
Yesu o nntse godimon!
Losho lotlhe o lo sentse,
Kuan gotlhe lobopon;
O cogile, o cogile,
Yana o hentse lona;
O cogile, o cogile!
Yana o hentse lona.

Duduetsan, o cogile!
Go nna Kgosi ea rona;
Moea oa gwe o re neile;
Mmoloki kwa o gona.
O cogile, o cogile!
Re tshela mo go ona, etc.

Duduetsan, o cogile!
Losho lo hencwe yanon;
Yaka ena a cogile,
Ba gwe, o tla ba cosa;
O cogile, o cogile!
Ena Kgosi e e tlan, etc J.G.

81.

Lona lotlhe badumedi,


Tlan, lo bone mo phupun;
Yesu oa lona o cogile,
O cogile mo loshun;
Itumelen,
O cogile ka yeno.
Tlan, lo bone helo ga gwe,
Ha o la letse gona;
Thata ea losho e thubilwe;
lo medicwe mo phenyon;
O tlositswe
Lobelela loa lona.

Morena oa kgalalelo
O cogile mo phenyon,
Go itsise badumedi,
Ha re tla cwa mo loshun,
Yaka eona,
Kgosi ea rona, godimon.

Itumelen lona lotlhe,


Lo mmaken mo dipakon;
O lo shwetse mo mokgoron,
O la coga mo loshun
Go lo cosa,
Go lo isa godimon. R.M.

82.

Yesu o dule mo bashwin,


O dule mo phupun;
A go nne pako phuthegon,
Le gotlhe mo bathun.

Yesu o dule mo bashwin,


Binankahosana,
Dinatla binan mo marun
Ka go tlotla Yesu.

Yesu o dule mo bashwin,


Re na le poloko;
O ile kwa legodimon
Go diha moletlo.

Yesu o dule mo bashwin,


O tla tla go cosa
Botle ba ba mo dumetsen
Gore ba ee gaen. Mor.

83.

A lala mo phupun,
Yesu Mmoloki!
A leta ya mosho,
Yesu Morena!

A coga a cwa phupun,


Ka phenyo e kgolo mo baben;
A coga mohenyi a cwa lehihin,
O tshela a busa ka bosakhutlen.
A coga! A coga!
Haleluya! A coga!

Ba disa lehela
Yesu Mmoloki!
Ba kana lehela,
Yesu Morena!

A coga a cwa phupun, etc.

Losho ga lo thata
Yesu Mmoloki!
A tlosa dicwalo
Yesu Morena!
A coga a cwa phupun, etc. R.M.

84.

Go cogile ka yeno
Yesu Kreste oa rona;
Rotlhe, a re opelen
Cogo ea,gwe mo bashwin.

Tiho e e gololan,
Tiho e e bolokan,
E wedicwe mokgoron,
E kanecwe mo cogon.

Lona lotlhe, dumisan;


Tiho e gakgamatsan;
E wedicwe mo hatshin,
E kanecwe godimon.

Go tshedilen ea rona,
Kgosi e e cwan loshun;
E re shwetse mokgoron
Go re isa godimon. R.M.

85.

Lona ba lo batlan Yesu,


Ha lo mmatla mo phupun,
Lo tla bona baengele,
Me ena ga aeo gona.
O cogile!
Hela kaha lehokun.

Inamen, lo bone helo,


Logaga hela yanon.
Matsela lo ka a bona,
Ena ga lo mmone ha.
O cogile!
Ga a tlhole mo phupun.

Nametsegan lona lotlhe


Lona ba lo boihilen,
Lo se tlhole lo tlhoboga;
Yesu ga aeo mo phupun.
O cogile!
Lo coga yaka ena.

Bolelelan batho botlhe


Yesu ga aeo mo phupun!
Losho lona o lo hentse,
Lobelela le lona.
O cogile!
Mmatlan yana godimon. J.B.

86.

Mosho oa Morena o o bolelan


Ga phenyo ea losho, ka losho loagwe;
Moshwi o tshedilen, ke eo o busan;
Mohenyi mogolo, eo o rategan,
Dumela mosho o tsatsi ya Kgosi.

Mmopi le Mmoloki, tshelon yoa rona,


O re okometse a le godimon,
O lemogile tatlhego ea rona;
A itseela nama go thusa eona.
Losho o lo hentse, Kgosi e tshelan!

Kgosi ea botshelo, ea nna mo loshun,


Go phunya tsela e isan Botshelon;
Tsela ea lehihi, a tla ka yeona,
E le go re naea, sedi go eona.
Dumela mosho o, Tsatsi ya Kgosi.

U thuse meoea emo kgolegon,


Eona e e shulen, e tle Botshelon,
Ha u ka ipontsha bosigo boa sa,
Tsatsi le tlhabela cona dichaba.
Losho o lo hentse, Kgosi e tshelan.- J.G.

87.

Meyako ea icholetsa;
Kgoro di atlhame;
Kgosi e kgolo e tsenye
Kgalelelon ea Rragwe.

O re eteletse pele;
O re baakanyetsa,
Manno mantle ha go ena,
Pele ga Modimo.

Ga re mmone, o kgakala,
Le gona o gauhi;
Lesedi ye le phatsiman
Le bonwa mo tselen.

A pelo di cholediwe;
Re tsenwe diatlen
Masego a a rategan,
Re sa le mo tselen.

Go kwa Morena o nntsen ten,


Rona re een go nna;
Re pate mo mosepidin,
Yesu, re hitlhise.

Phuthego cotlhe mo hatshin,


Le e kwa godimon,
A di galaletse Kgosi
E e tlhatlogilen. A.J.W.

88.

Ke utlwa lencwe ye,


Le mpitsa go wena,
Go senka madin a gago
Bontle yoa Morena.
Yesu ke tla,
Ke tla go wena;
Ntlhapisa mo madin
A gago Morena.

Ke tla mo bokoen,
Thata e go wena;
U ntshepise mo dibin,
Ka madi, Morena.
Yesu ke etla, etc.

Ke Yesu eo mpitsan
Tumelon le raton;
Go tshela mo dikagishon
Hatshin le godimon.
Yesu ke etla, etc.

Ke Yesu eo re naean
Tumelo mo pedun;
O okeletsa sego yan!
O ntsha boleun.
Yesu ke etla, etc.
Moea, o newa bona,
Ba ba ka mo cholan,
Tshego aotlhe ke a rona,
Ha re mo ikanyan.
Yesu ke etla, etc.

Tumisa madi agwe!


Tumisa poloko!
Tumisa neo ea Modimo,
Thata le poloko!
Yesu ke etla, etc. J.G.

89.

Lehoko ya mahoko, ke ye le bolelan;


Polelo ea ga Yesu, e e ka bolokan;
Leha ke mo selelon, go ka nna mo loshun,
Ke utlwa tla ga Yesu, ke ea kwa mokgoron.
Tla, e, tla go nna; tla, e, tla go nna.
Wena u lapile, tla, e, tla go nna.

A ke tla mo tlogela, tsala e rategan?


Nya, ke tla mo dumela, kwa o ka nkisan.
Ana ke mo bokoen, nna eo ke leohan,
Ke batla go timela, ke ena eo mpusan.
Tla, e, tla go nna, etc.

Yesu nkatametsa ka pico le melao,


U nne u ntshebetse ka ke bapile nau,
Ke gona kwa ke ean, leha ke eta yan,
Ke utlwa cogo la go, ye le nkgogelan.
Tla, e, tla go nna, etc. J.G.

90.
Yesu oa lo bitsa,
Baleohi tlan.
He! ba lo timetsen,
Lo sa shwelan?

Yesu oa lo bitsa,
Retsan yanon;
Lo mo khubamelen,
Mo kagon e.

Yesu oa lo bitsa,
Ean go ena.
Peco ea lo wela.
Lo e tshaben.

Moea oa lo bitsa,
Lo innelen;
Lo se mo leleken,
Eo o bitsan. J.T.B.

91.

Ean go Yesu, lona lotlhe,


Lona ba lo lapilen;
Oa lo bitsa, gore lo ee
Go gololwa mo dibin.

Leha lo bahumanegi,
Le batlhoki mo moeen;
A ko lo ee, se diegen,
Baka se, se molemo.

Lona ba lo senyegilen
Ka kgwalalo ea lona;
Lo itige, lo rapele.
Ka a bitsa mo kwalon.

Retsa Moea ka o bua;


Ka o cosa mo hokun;
Lo se gane diphulego
Tse di cogan mo pedun. R.M.

92.

Ean go Yesu, a ko lo ee,


Lotlhe ba lo lapilen;
Keresete o bitsa botlhe
Ba ba sa len mo dibin.

Ean, le lona balatlhegi,


Ba lo shulen mo tlolon;
O lo shwetse, o cogile
Go lo ntsha tatlhegon.

Tlan, ka ke pico ea gawe,


Eo o la le mokgoron;
Lo retsen, lo mo dumele,
Ka lo sa le mo tshelon.

Ga go ope yaka Yesu


Eo o ka lo bolokan;
Ga go ope yaka ena
Eo o ka lo gololan. R.M.

93.

Lencwe ya Yesu ke yeona


Ye le buan mo dikwalon;
Ke yeona ye le re bitsan
Go tshaba se se boitshegan.

Lencwe ya Yesu le lentle,


Go cotlhe tse di mo hatshin,
Ke yeona ye le re raean,
Tshaban bogale yo bo tlan.

Lencwe ya Yesu le golo,


Le re henya ka bogolo;
Le re gomotsa mo tshelon,
Le re henyetsa mo loshun.

Lencwe ya Yesu ke yeona,


Ye o le buan mo thaton;
Le re ntshan mo timelon,
Le re gogelan godimon.

Yesu, Morati oa rona,


Bua le rona mo pedun;
Re rata go utlwa yeona,
Lencwe ya gago mo kwalon. R.M.

94.

A ua lela, moikwatlhai?
Retsa Mmoloki;
Tla go nna, me u tla bona
Boikhuco.

O nntse yan, eo phoko ntle?


Ke tla mmona kan?
Senka dintho tsa mokgoro
Go ena.

A o rwele, yaka Kgosi,


Rwalo sa tlotlo?
E, se gona, ka manete,
Sa mitlwa.

Ha ke mmona, ke inela,
O tla nnaea en?
Dipogisho le mathata,
Mo hatshin.

O tla ren, ha ke mo rata,


Go ea bohulon?
Bonno ke yo, yoa mohenyi,
Ha go nna.

Ha ke lopa a nchole,
A o ka nkgana?
Go ka hetoga lobopo-
Ena, nya.

Ha ke mo dihela rure,
A ke tla nna nae?
Botlhe ba ba kwa go ena
Ba re, E. J.McK.

95.

Tlan kwa go Nna, go bua Mmoloki;


Ke mun oa botshelo, itumelen;
Lo lapile, lo eme tlalelon,
Tlan kwa go Nna, tlan mo tapologon.
Tlan kwa go Nna, e, tlan kwa go Nna,
Tlan mo tapologon.

Lona ba lo lapilen Botshelon,


Retsan Mmoloki eo o lo bitsan;
Selelo se tla helela pakon,
Tlan kwa go Nna, lo tsene kagishon.
Tlan kwa go Nna, e, tlan kwa go Nna,
Tlan mo kagishon.

Lona bashwi, ba lo shwelan dibin,


Lo chogile, me lo mo dipoihon,
Se nnen poihon, lo khutlise dikgan,
Tlan kwa go Nna, inelen Botshelon.
Tla kwa go Nna, e, tlan kwa go Nna.
Tlan mo Botshelon.

Tapologo, kagisho, botshelo,


Mmoloki o di re naea yanon,
O re naea go bona ka yeno,
Monate o o yewan godimon.
Tlan kwa go Nna, e, tlan kwa go Nna,
Tlan mo monaten. R.P.

96.

Bakan mocwedi oa madi,


O o tla tlhapisan dibin;
Bakan Nwana oa Modimo;
Ke ena o isan pholon.
Leha ke dule lesaken,
Me ka nna mo bohutsanen,
Ke tlhape madin a kwana,
Ke gona ke tla nnan bontlen!

A rwala krona ea mitlwa,


Mmele oa henwa mokgoron;
Botlhoko yoa nna bogolo,
Me ga a shwa ka lehela.
A ke gogelwe mocwedin,
A ke tlhapisiwe boleun,
Ke tlhape madin a Kwana,
Ke gona ke tla nnan bontlen.

Rara, ke ikgaogantse nau,


Gantsintsi ke mo timelon;
Me ke ipona bomashwe
Yo bo sa tlogen ka metse.
Ao Yesu, ke ea mocwedin,
Ke ikantsen mo go wena;
Ke tlhape madin a Kwana,
Ke gona Ke tla nnan bontlen. R.P.

97.

A u cwa go Yesu go kopa bontle?


Tlhapisho mo madin a kwana?
A u ikantsen go ena ka yeno?
U tlhapile madin a Kwana?
U tlhapile madin, madin
A a tlhapisan moea?
A u kobo ntle, e e phatshiman?
U tlhapile madin a Kwana?

A u sepela le ena Mmoloki?


U tlhapile madin a Kwana?
A u ikaega eo o bapocwen?
U tlhapile madin a Kwana?
U tlhapile madin, etc.

Ha go tla Monyadi u tla nna montle?


U tlhapile madin a Kwana?
U iketleditse go aga sedin?
Le go tlhapa madin a kwana?
U tlhapile madin, etc.

Latlha dikobo tse di tletsen boleo,


Me u tlhape madin a Kwana.
Go noka e e tlhapisan meoea;
Tla u tlhape madin a Kwana.
U tlhapile madin, madin
A a tlhapisan moea?
A u kobo ntle, e e phatshiman?
U tlhapile madin a kwana? R.P.

98.

Se re hete, Monasara,
Leba go rona;
U re u bolokan batho,
Leba re rona.
Yesu! Yesu! leba go rona,
U re u bolokan batho,
Leba le rona.

Ke re ke gu Atamela
Mo merapelon,
A ke bone boitumelo,
Yesu, mo pedun.
Yesu! etc.

Pelo ga e kgatlwe ope


Eo o mo hatshin;
Ga e itumele gope
Kwa u seeon ten
Yesu! etc.

U gaisitse batho botlhe,


Yesu, Morena;
Ke lesitse dilo cotlhe;
U Kgosi, Amen.
Yesu! Yesu! leba go rona,
U re u bolokan batho,
Leba le rona, J.McK.

99.

Wena, kea gu batla,


Yesu, eo bolokan;
Lencwe ke ya gago
Ye le nkgomotsan.

Ke wena, kea gu batla,


Ke ntse kea gu batla;
Nkgomotsa Morena,
Ke ea go wena.

Wena kea gu batla,


Nna gauhi kwa ke ten;
Teko ke di henya
Thaten ea Morena.
Ke wena, etc.

Wena, kea gu batla,


Ke le mo botlhokun,
Tla yana, me u tle
Go nnela mo pedun.
Ke wena, etc.

Wena, kea gu batla,


Ke eo u nthutan;
U bue mahoko
A a nkgomotsan.
Ke wena, kea gu batla,
Ke ntse kea gu batla;
Nkgomotsa Morena,
Ke ea go wena. J.G.

100.

Yaka ke nntse, ke ea kwa go


Ena Kwana, Modimo;
Ke ea hela, ka a mpitsa,
Ena eo o nchwetsen.

Yaka ke nntse, ka ke boiha


Go diega lehihi!
Ke akohela go ena
Mogolodi mo dibin.

Yaka ke nntse, ke sehohu,


Le lehuma mo moeen;
Ke bobola, me ke ena
Thusho e e e nthusitsen.

Yaka ke nntse, ke kgwediwa


Ke dikgan tse di kwa ten,
Le dipoiho ka kwa ntle;
Ke ea kae? Ke ea Kwanen.

Yaka ke nntse, u nchole;


U Morati, eo ratan
Go nchwarela, go ntlhapisa
Madin a a elelan.

Yaka ke nntse, ke ea kwago


Ena Kwana, Modimo;
Ke oa gagwe, ena Yesu,
Yana le bosakhutlen. R.M.

101.

Tlan go Yesu batimedi


Ba lo tlhokan kagiso;
Banyadiwi, balatlhegi,
Ba lo tletsen matlhoko.

Tlan, E, tlan! Tlan, E, tlan!


Utlwan Moea oa re tlan!
Tlan, E, tlan! Tlan, E, tlan!
Utlwan Moea oa re tlan!

Tlan go Yesu oa lo rata,


Ka rato lo logolo;
Ga a battle go rapelwa,
O pelonomi kgolo.
Tlan, E, tlan! etc.

Tlan, Ao tlan! o lo letile;


Tlan Monyadi oa bitsa;
Tlan oa lela, se diegen;
Dibe o tla di tlosa.
Tlan, E, tlan! etc. J.G.

102.

Tla go Yesu, tla go Yesu,


Tla go Yesu, yanon;
Yanon, tla go Yesu,
Tla go Yesu, yanon.

Ke Mmoloki, ke Mmoloki,
Ke Mmoloki, yanon;
Yanon, ke Mmoloki,
Ke Mmoloki, yanon.

Tshaba losho, tshaba losho,


Tshaba losho, yanon;
Yanon, tshaba losho,
Tshaba losho,yanon.

Ke Morati, ke Morati,
Ke Morati,yanon;
Yanon, ke Morati,
Ke Morati, yanon.

O ichwarelo, o ichwarelo,
O ichwarelo, yanon;
Yanon, o ichwarelo
O ichwarelo, yanon.

Mo dumele. Mo dumele,
Mo dumele, yanon;
Yanon, mo dumele,
Mo dumele, yanon.

Mo rapele, mo rapele,
Mo rapele, yanon;
Yanon, mo rapele,
Mo rapele, yanon.

O tla utlwa, o tla utlwa,


Otla utlwa, yanon;
Yanon, o tla utlwa,
O tla utlwa, yanon.

Yesu oa me, Yesu oa me,


Yesu oa me, yanon;
Yanon, Yesu oa me,
Yesu oa me, yanon. J.McK.

103.

Tla go Yesu yana, ke eo o gu bitsan;


Tla hela boinotlon, khubama monolen;
O leta go gu naea poloko pedun,
Sego mo hatshin ye, legae kwa godimon.
Tla, tla, tla!

Tla go Yesu yana, leba madi a gwe;


Madi a, a ela tlhakorin loa gagwe.
Utlwa! Ena a re Ke weditse tiho,
E ka gu bolokan, ka losho loloa me.
Tla, tla, tla!

Tla go Yesu yana, ke eo gu lehetsen,


Ikanyan teho e, ke e e tlhomamen;
Se re, ua ipata, ana u ka boihan?
Ga goa tla ope go Yesu, me a ganwa.
Tla, tla, tla!

Tlan go Yesu yana, lo nne mo tumelon,


Lo nne lo mo ikanye, ena mun oa lona;
Tlan yaka dinku tse di tsenan lesaken,
Senkan phemelo e, le rato lo lo ten.
Tla, tla, tla! J.G.

104.

Tlan, a re een Bethelehem,


Bonan re mo tsalecwe ten,
Kreste Yesu oa Modimo
O tsile, o mo go rona.
A re een Getsemanen,
Yesu o gona tlalelon,
Mo kganen e e boitshegan,
Ka a cwalela thapelon.

Tlan, a re een kwa tshekishon,


Re mmone gona mo baben;
Ba batla go mmolaea ten,
Yaka mosenyi eo sentsen.

Tlan, a re een kwa Golgoten,


Re bone Yesu mokgoron;
Le kaha o shwelan gona
Go ntsha batho tatlhegon. R.M.

105.

A ke nne nau, kwa u gona,


Mmoloki, boikhuco yoa me;
Hon, pelo ea me e tla nna
Ka gale , mo tshegahacon.

A ke nne nau, kwa u gona,


Ke bone bontle yoa gago;
Hon, pelo e, e timelan,
E tla khutla go nna yalo.

A ke nne nau, kwa u gona,


Kwa baitshepi ba bakan ten;
Hon, pelo e, e e leohan,
E tla nna hela boitshepon.

A ke nne nau, kwa u gona,


Kwa go senan bashwi gona,
Kwa go sen se se nkgaoganyan
Le loraton loa Morena. J.T.B.

106.

Pelo ea me kea e aba,


Ke e naea Yesu;
Pelo ea go a ko u e nnee
Yesu morategi.
Pelo ke conadi batlwan,
Di batlwa cosi le Yesu.
A ke rate, u nthatile;
Oa loraton u mocwedi.

Ke tla ntshan ke duela


Rato loa Modimo?
Modimo oa ntsalelwa,
Oa tla mo lehatshin.
Pelo ea me, ke ntsha eona,
E chole, Yesu morati.
A ke rate, u nthatile,
Oa lorato u mocwedi.

Pelo ea go e atlhame,
E nkatlhametse;
Ea me ke e tsenya yana,
Ma ke e shube ten.
Yesu oa me, u morati,
U nchwetse, a ke tshele
A ke rate, u nthatile;
Oa lorato u mocwedi.

Phemelo e ea manete,
E na le tlhomamo;
Hon botshelo bo nkemetse,
Le eona poloko.
Mo hiken ye, mo loharon,
Mo go Yesu go bophelo;
A ke age mo go ena,
Oa loraton o mocwedi. A.J.W.

107.

Ke ipoletse Yesu
Morena;
Dibe ka di isa
Go ena;
Ka ea ka tumelo
Mokgoron,
O la a ntshebetsa
Loraton;
Moea o loa bona
Kgololo molatun.

Ke ntse ke mmolelela,
Eo itsen
Go ntsha bogalaka
Mo moeen;
Go gomola ba gwe
Selelon;
Go alaha botlhe
Botlhokun;
Go naea babokoa
Thata ea Modimo.

Ke ineletse Yesu
Diatlen;
Ke ikantsen ena
Go gotlhe;
Khuco ke e bonye
E le ten;
Mo go ena Yesu
Sehuben;
Legodimo tota
Go nna nae, mo moeen.

Ea, ikitsise Yesu,


Wena man;
Mmolelela gotlhe,
Eo retsan;
Mmusi oa lobopo
Ke ena;
Losho le botshelo
Mo atlen;
Ke eo o baakantsen
Bonno ten, legaen. J.G.

108.

Retsan Mmoloki, retsan yanon;


Yesu o tsile, o gona yanon;
O bua le rona, o bua yanon,
Hoko ya gagwe Tlan!

Legae yele kwa legodimon!


Re tla hitlha, re dule dibin;
Re tla goroga mo lagaen,
Legae ya Morena.

Lesan banyana, ba tle go Nna,


Go bua Morena, a raea rona;
Bana, lo retse-retsan yanon,
Le rona ra re, Tlan!
Legae, etc.
Baean dipelo, retsan Morena,
Hatshe le heta le tsa yeona
Go tshego eo o tlhokomelan
Pico ea Yesu, Tlan!
Legae, etc J.McK.

109.

Retsan! retsan! ke Yesu,


O nnetse, o nnetse a bitsa;
O re rapetse batho gale
Ka go re, ba mmulele,
A tsene, a ba a age,
Me a agele rure.

O leta, o leta karabo;


O leta, o lela ka batho
Ba nntse ba mo khutlogela,
Ba kgatlhwa ke Lehatshe,
Ba gana go amogela
Botshelo le poloko.

Bula, bula Mmoloki,


Tsena, tsena, Yesu we,
Mo pedun tsa rona batho
Ba re ganan ka gale;
Me a moea, Mogomotsi,
O se tlhole o tloga.

Utlwa, utlwa, Keresete,


Thuba, thuba pelo tse,
Tse di thata thata bobe;
Cona tse di cwalecwen
Yesu eo o re dihetsen
Ka loraton logolo. A.J.W.
110.

A ke nne yaka Yesu,


Ena eo rategan;
Ga a ka a bua sepe,
Sa se se galehan.
A ke nne yaka Yesu,
Ena eo rapetsen
Kwa o hitlhetsen Rragwe,
Boyosin mo thaben.

A ke nne yaka Yesu,


Eo o sa itokan
Dipogisho tsa bona,
Ba o ba tlametsen.
A ke nne yaka Yesu,
Eo o ipiletsan
Banyana ba le bannye;
Eo o ke mo ratan.

Me ga ke yaka Yesu;
Ke gona ke itsen,
Ke na le go rapela
Eo nthatilen.
Ao! Yesu, u Mmoloki;
U Montshi, Morena,
Ntshegohatsa pelo;
Ke nne yaka wena. R.M.

111.

Tlan, lona ba lo imelwan,


Mothusi o gona;
Yesu ke eo o gololan
Mo boleun yoa lona.

Mo ikanyan, mo ikanyan, ikanyan yanon:


Oa boloka, oa boloka, boloka yanon.

Ke Yesu eo o cholotsen
Madi a rategan;
Ikinan yana mogobin
O o ka itshekisan.
Mo ikanyan, etc.

Tsela ke Yesu, E! eona,


E isan boikhucon;
Dumelan yana Morena,
Lo bine mo pedun.
Mo ikanyan, etc.

Tlan lotlhe, tsenan shomo ye


Lo ee kwa godimon;
Go aga mo lehatshin yeuo,
Hatshe ya Modimo.
Mo ikanyan, etc. J.G.

112

Ntlo Yesu, Morategi,


Tla u nthuse mo pakon;
U Mocwedi oa matshego
A elelan go rona.

U nthuse go opela
Sehela sa godimo,
Se se opelwan ke bona
Ba ba agilen sedin.
Gonne rure ua nna le nna
Helon aotlhe kwa ke cwan
Yalo ke tla sholohela
Ke tla hitlhela kwa u nnan.

Yesu Matli, u mphitlhetse


Ke le mamba le moen;
Mo timelon le tatlhegon,
Ua Nkisa mo tselen.

Ke molato o mogolo
Le loraton loa gago;
Hon ke batla tshegohaco,
E e cwan mo Modimon.

Montshi u ntshegohatse,
Nkgolega go wena,
Ka gore ke se timele;
Nkanisa mo moeen. R.M.

113.

Tlan, re een ka dipako,


Re leben lehatshin ya phatshimo;
Me Yesu Morapeledi oa rona,
O tla re naea tulo tsa go dula;
Tlan, re een, a re een ka dipako;
Re leben lehatshin ya phatshimo.

Hela tse dintle di utlwala ten,


Ke tsa batho ba bolokegilen,
Le rona ha re ka bonala gona,
Le tsa rona re tla nna re di bina;
Re ithuten re sa le lehatshin,
Go binela Yesu eo re shwetsen.
Bana, re lebogan eo re bitsan,
Re re, Yesu, ke len re gu bitsa!
Me ga re boihe serame sa phupu,
Ra re, losho ke tsala mo go rona;
Re sholohela go coga loshun,
Gonne o re henyeditse losho.

Re akohen baka lo, loa Kwana


Ga re bolo go bakanyediwa,
Hon re tla re, eo o re bapolecwen,
A binelwe pako tse di sa khutlen;
Haleluya go Yesu oa Kwana;
Haleluya ka gale, ka gale. Sesuto

114

Lo opelen mo dipedun
Ka pina di kgolo;
Ka pako, a re mmakelen
Masego magolo.
Itumelen ka dipako; di hitlhe godimon;
Kwa bontsi ten ba opelan, Yesu ke lorato.

Lencwe ya Yesu lentle yan!


Ke ye re le utlwan;
O re bopilen mo raton,
Re leeo ka yeona.
Itumelen, etc.

Ka loraton o tladitse
Matshelo ka masego;
A re mmaken ka diteme,
Modimo oa rato.
Itumelen, etc. J.G.
115

A re cogen, re opelen,
Ga Yesu Montshi oa rona,
Pelo cotlhe le diteme,
Di bake Yesu mo pakon.

Re opelen ga rato lo
Lo mo lerilen mo hatshin,
Go shwela batho mokgoron,
Go ba golola mo dibin.

Re opelen e tle tsamae


Re utlwe rato Modimon,
Lo o ratan go re naea,
Go re rudisa mo moeen.

Re opelen mo loeton,
Re itumele mo tselen,
Me re tla hitlha godimon,
Ka re rekilwe mo dibin.

Mogan o re tla opelan


Le bontsintsi yoa godimo,
Tudueco e e tla nnan,
Ke Kwana re e tlhabecwen. R.M.

116.

Duduetsan, lona lotlhe,


Lona tsala tsa tsion;
Modimo o re lekotse
Ka loraton loa ona;
Bakan Yesu,
Eo o ntshan tatlhegon.

Gonne poloko e tletse


Batho ba ba mo sigon;
Ba lekocwe ka lesedi
Ye le cwan kwa godimon;
Bakan Yesu,
Eo ntshan timelon.

Tiho tse di gakgamatsan


Di dihilwe mo hatshin:
Tiho e e tshegohatsan
Ba ba humanegilen:
Bakan Yesu,
Moreshwedi Golgoten.

Ka ke ena ea o dihan
Go rona, le dichaben,
Yana re tla mo ikanyan;
Re tla mmaka dihelen;
Bakan Yesu,
Lotlhe ba lo mo itsen. R.M.

118

Bale, boman, ba phuthegela ten


Hale, ba tsena mo legodimon?
Retsan se ba se buan,
Bakan Kwana ea Modimo.
Kgoro e budilwe kwa legodimon,
Bakan Kwana ea Modimo.

Ba banwe ba dule mo ditekon


Le dichwenyo tsa mono lehatshin;
Yana ba mo boikhucon;
Bakan Kwana ea Modimo
Kgoro, etc.

Hetan lo tsene mo legodimon,


Lo lebelecwe ke mun oa lona;
Lo nne le nna kwa ke ten;
Bakan Kwana ea Modimo..
Kgoro, etc.

Bale, ke bone ba ba re gogan,


Ba, re gatan mo naun tsa bona;
Re tla hitlha kwa ba ten;
Bakan Kwana ea Modimo.
Kgoro e budilwe kwa legodimon,
Bakan Kwana ea Modimo. J.McK.

119.

Utlwa wena, moea oa me,


Ke Morena eo buan;
A gu bitsa, a gu botsa,
A ke wena eo nthatan?

Ke nna eo ke gu batlilen,
Ka u lu le timelon;
Ka gu bontsha ka lesedi
Ye le cwan legodimon.

Ka u lu le mogolegwi,
Le motlhanka oa satan;
Ke nna eo ke gu rekilen;
Ke nna eo ke gu ratan.

Rato loa me ga lo hele,


Ga se se se nnyelelan;
Utlwa, gore ke gu botse,
A ke wena eo nthatan?

Moikepi, a ua nthata,
Nna eo ke gu shwetsen?
Ka u bonye kea gu rata;
Nna eo sa hetogen.

Yesu, ua nkitse sentle,


Ke tla ren? Ke tla buan?
Ke tlhaela tihon cotlhe,
Leha ke nna eo ratan.

A ko u ntshegohatse,
Nna eo ke ikanyan;
Mogolodi, Monchwedi,
Kgosi eo ke gu ratan. R.M.

120.

Morena eo, ke mo ratan,


Ke eo ntihilen;
Ke ena eo ntshedisan,
Sigon le motshegarin.

Morena eo ke mo ratan,
Ke eo nkaetsen
Tselana, e e nkisan
Botshelon godimon.

Morena eo ke mo ratan,
O Nkutlwa thapelon;
Ke ena eo nkabelan
Kgomoco mo poihon.
Morena eo ke mo ratan,
O tla tla bohulon,
Mogan o, o tla ncosan
Go Nkisa godimon. R.M.

121.

Go ea man le Yesu, Kgosi ea rona?


Go tla e thusa man, ntwen ea eona?
Go cwa man go lona, eo mo emelan?
Go ea man le Yesu, eo o mo thusan?
Go ea man le Yesu eo mo emelan?
E boman bathusi ba ba tla ean nae?
Ka eona poloko, thaten ea eona;
Re ba gago Yesu; go tla ea rona.

Ga go na tuelo e e re gogan
Re tsena ntwa e, e e tla henyan;
Ke go bo re rata ba o ba shwetsen;
Yesu oa ba bitsa, re ba isa ten.
Go ea man le Yesu, etc.

Yesu o rekile meoea ea rona


Ka losho loa gagwe, theko e tona.
Masego o naea ba tlan go ena,
Yana re dumela eo re golotsen.
Go ea man le Yesu, etc.

Kgan e ka nna thata, baba ba nna ten,


Me ntwa ea Kgosi, e tla henwa len?
Kwa ena o gona, go tla boiha man?
Mahoko a gagwe, ke a tla henyan.
Go ea man le Yesu eo mo emelan?
E boman bathusi ba ba tla ean nae?
Ka eona poloko, thaten ea eona;
Re ba gago Yesu; go tla ea rona. - J.G.

122.

Eman, emelan Yesu, ba lo mo ineetsen!


Banera e goletsen, a e se senyegen;
O tla lo naea phenyo, ena eo lo gogan,
Baba a ba leleka, a sala Borenen.

Eman, emelan Yesu! Utlwan terompeta;


Lo thologelen ntwa, e sale gompiyen;
Lona ba lo len banna, iponen mo baben,
Kganan bopelokgale, ineelen bothaten.

Eman! Emelan Yesu! lo mo ikagen;


Losi lo tla tlhaela, lo se iikanyen.
Tlhomelan, ipaakanyen, ineelen thapelon,
Nnan ha go lo chwanetsen, se tlhokahalen ten.

Eman! emelan Yesu! ke ntwa e hetan;


Ka yeno ke mekgosi, moshon re tla komen.
Ena eo bonyen phenyo, ke eo o rwesiwan;
Ena o nna le Kgosi motlhen o sa khutlen. R.P.

123.

Godisan Yesu mo pakon,


Baengele, welan;
Leren keron ea bogosi,
Mo rwesen, rwesan, rwesan,
Rwesan eo tshelan.

Lona losika loa Adam,


Ba lo rekolocwen
Ka tshegohaco ea Kgosi;
Mo rwesen, rwesan, rwesan,
Rwesan, lo mmaken.

Baleohi, lo gopolen
Tlalelo mokgoron;
Lo mmelen phenyo ha dinaun,
Mo rwesen, rwesan, rwesan,
Rwesan mo thaton.

A chaba cotlhe tse di eon


Ha tlhatshe ga godim,
Di galaletse eo tshelan,
Di rwese, rwese, rwese,
Di rwese eo busan.

Rona a re nnen go yona


Bontsintsi godimon,
Re kopane mo pakon go
Mo rwesa, rwesa, rwesa,
Mo rwesa, bo sa shwen. R.M.

124.

Leban lotlhe, bonan Yesu,


O rwesicwe mo phenyon;
Bantsi ba ba senan palo
Ba mo wela ha dinaun.
Rwesa Yesu, Baengele!
Mo rwesen kgalalelon;
Rwesan Yesu, Baitshepi;
Lo mo tlotle mo bontlen,

Baengele! Rwesan Yesu,


Kgosi e e chwanetsen.
Thata cotlhe ke tsa gagwe;
Chaba cotlhe mo tlotlen.
Rwesan Yesu, etc.

Baleohi bam o rwesa


Ba mo shotla mo hatshin,
Ba mo tlhaba mo mokgoron,
Madi ba a cholola.
Rwesan Yesu, etc.

Re mo tlotlen gompiyeno;
Mo godisen mo bontlen;
Ena Kgosi ea dikgosi,
Morena oa Barena.
Rwesan Yesu, baengele,
Mo rwesen kgalalelon;
Rwesan Yesu, baitshepi;
Lo mo tlotle mo bontlen. A.J.W.

125.

U bue kaga Yesu,


Eo o sa hetogen;
Cwe, u re bolelele
Se u se dihecwen.

U bue kaga Yesu


Go thusa mo tselen;
Bua lehokonyana,
Thapelon, lepinen.

U bue kaga Yesu,


Eo u ichwarecwen,
Ka u nntse u lekela
Legaen kwa sedin.
U bue kaga Yesu, etc.
U bue kaga Yesu,
Goheho mo go ren,
Ke rata Mompoloki,
Ena eo nchwetsen.
U bue kaga Yesu, etc.

U bue kaga Yesu,


U sale sekaken;
Ha u itshemeletsa,
U ea bohutsanen.
U bue kaga Yesu, etc.

U bue kaga Yesu,


Le go sa bonalen,
Nanoga ka bokoa,
Ineele Kresete.
U bue kaga Yesu. etc. R.P.

126.

A re tla tlhaywa ke ditlhon


Ka Yesu eo o re shwetsen?
E ka nna se se boitshegan!
Go cotlhe tse di mo hatshin.

A re tla tlhaywa ke ditlhon


Go ipolela mo bathun?
Ena Moshwedi oa rona,
Eore golotsen mo loshun!

A re tla tla tlhaywa ke ditlhon


Ke Tsala e e rategan?
E e re thusan mo tshelon;
Mmoloki eo re bolokan!
Go se nne yalo go rona
Ke Yesu eo re rekilen;
O tlosa dibe mo pedun,
O re tshepisa mo moeen.

O tlosa poiho mo pedun,


O re henyetsa tlhabanon;
Mogan re cogan mo loshun
O tla re isa godimon. R.M.

127.

Dinku tsa me dia utlwa


Lencwe ya me mo kwalon;
Dinku tse, kea di itse;
Di ntatela godimon.

Ga di kitla di timela
Metlhen eotlhe kwa khutlon;
Ga di kitla di phamolwa,
Di agile polokon.

Rare eo o di nneilen
O mogolo go botlhe;
Ka di mo atlen sa gagwe,
Ga go eo o di gapan,

Yesu eo buan yalo,


Modisa eo molemo,
Eo o tla disetsan rure,
Dinku tse di mo saken. R.M.

128.
O tlhatlogile, E,
Mmoloki oa rona;
Ke ena eo re emelan
Kwa godimodimon

O itopela teng,
Go laola mo bathun
Ba chaba cotlhe mo hatshin,
Go ba ntsha bonchun.

Se o tla se lopan;
Se o se chwanetsen;
O tla se bona, ha a tla
Go busa magosin.

Ba batla ganan,
A ba itse yona,
Bogale yo, yo botla tlan
Go Laila go bona.

Dikgosi mo hatshin
A di nne mo poihon;
Go boiha ena eo e len
Kgosi magodimon.

Mogan o galehan
Le ba ba dibin;
Go segohala botlhe ba,
Ba ba mo itsilen. R.M.

129

Kgosi ea rona godimon,


E e laotsen mo kwalon,
Go rera mo baheitanen
Ena Yesu eo ba shwetsen.

Rona, re hano mo sedin,


Ka bona ba, ba mo hihin;
Re tletse di kgorisan;
Ga bana se ba se yan.

Ka bauonke ban ka rona,


A re ba lesa tatlhegon?
A re masedi mo hatshin,
Go bontsha ba bam o hihin?

Ha Yesu a tla mo marun,


Go cosa botlhe mo loshun;
Re tla ren ga ban ka rona,
Ha re ba lesa tshenyegon?

Chwanelo e re chwanetsen,
Ke go ba ntsha mo dibin;
Go tlhoahala kaga bona,
Go cwelele mo go rona. R.M.

130

Bona, Ke eme moyakon,


Ke ntse ke bitsa thapelon;
Ke ntse ke re, wena pelo,
A nka tsena? A nka tsena?

Bona, ke eme moyakon,


Utlwa, ke bitsa thapelon;
Bolela, pelo ea boleo,
A nka tsena? a nka tsena?

Ke gu tlhabetswe ke mitlwa,
Ka nna hela tebelelon;
Bolela, pelo ea boleo,
A nka tsena? a nka tsena?
Bona, ke eme moyakon,

A ke se lope lehela,
Mpona selelon le loshun,
Ka shwa, ka gu ntsha boleun,
A nka tsena? a nka tsena?
Bona, ke eme moyakon, etc.

Ke gu tletse boitumelo,
Boichwarelo, le lorato,
Bolela, pelo ea boleo,
A nka tsena? a nka tsena?
Bona, ke eme moyakon,
Utlwa, ke bitsa thapelo;
Bolela, pelo ya boleo,
A nka tsena? a nka tsena? R.P.

131

Mo tsatsin ya bohelo
Go tla tla Kereste,
Go ba bitsa, go ba tlosa
Baratwi ba gagwe.

Yaka sedi ya tsatsi


Ba tla mo kgabisa,
Serwalo sa gagwe
Mo kgalalelon.

O tla phutha, o tla phutha


Mahumo a gagwe,
Baitshepi, bone botlhe,
Baratwi ba gagwe
Yaka sedi ya tsatsi, etc.

Le banyana, E! le bona,
Ba ba ratan Yesu,
Ba tla phuthwa ke ena,
Baratwi gagwe.
Yaka sedi ya tsatsi, etc. J.G.

132

A Moea o o tshedilen,
O o cwan Modimon,
O re gotetse mo pedun,
Ka rato loa ona.

Re budulele meoea,
Sedi ya godimo;
Bua le botlhe mopedun,
Ka hoko ye lentle.

A phehoe cwe godimon,


E hoke mo meoeen,
Ke gona re tla kgatlhegan
Dilon tsa Modimo.

U re tlhagise mo tihon,
Le raton loa godim,
Go nna masedi a tukan,
Go bontsha mo hatshin. R.M.

133

Moea Montle, u re thuse


Go utlwa lehoko,
Go retsa lencwe ya go, ye
U buan ka yeona.

Rona re na thata epe,


Ka re le mo hihin;
U ka re ntsha go yeona,
Go re isa sedin.

U yale peo ea gago


Mo pedun tsa rona,
Go re tshedisa mo moeen
Ka thata ea eona.

Bula pelo tsa ba utlwan,


U tsene go cona,
Ke gona di tla bontshiwan
Go rata Modimo.

Tumelo ke neo ea gago,


E bonwa mo kutlwon;
Ke gona re gu rapelan,
Re thus emo tihon. R.M.

134.

Moea o o Boitshepo,
Hologela go rona;
U re noke ka lorato;
Cosa botlhe thobalon;
Kopolola
Pelo cotlhe tsa rona.

U re rute ka dikwalo;
Re bonese mo pedun;
U re thuse go lemoga

Tse di cwan mo lehokun;


Re rudise,
Re se re ee kwa loshun.

U re nee ditlhaloganyo,
Le nonoho meoeen,
Gore re iketleletse
Tshelo yo bo sa khutlen;
Ka go leba
Yesu eo o re shwetsen.

Ina meoea ea rona


Madin a a elelan;
Re tlhapise mo go aona,
Madi a ntlahatsan,
Gore re nne
Batho ba u ba ratan. R.M.

135

Moea, u re tlhotlheletse,
Iponatsa go rona;
A bosigo bo anoge,
Re tlhabele mo pedun.

Cotlhe tse di shokamisan,


Tse di bonwan go rona,
U di tlose, u di senye;
Re golole chokamon.

Rona re banyokologi,
Re tlhaela mo tihon;
U re cose mo goeona,
Re nonotshe tihelon.
Tlhapolosa pelo cotlhe
Loraton loa Modimo;
Rudisa meoea eotlhe,
E tlhapise mo madin R. M.

136

Moea o o bonesan,
Moea o o kaelan;
U re noke mo raton,
Ka re hano phuthegon.

U phatsime mo hihing,
U golole mo dibin;
Re kaele mo pedun,
Ka re sa le mo hokun.

Moea o o re rutan,
Moea o o tshephan;
Re tlhapise mo madin,
A a elan mo kwanen.

U kaelen mo tselen
E len ea legodimo;
U hemele mo baben
Ba ba cogan mo namen. R.M
137

Moea o o tshedilen,
Moea o o sa khutlen,
Hologela go rona,
Re rudise mo pedun.

E tsalecwe mo dibin,
Re cwalecwe mo hihin:
Re golole go yeona,
U re cose mo loshun. R. M.

138

Yehofa, Mmusi, Mogolo,


O re dihetse segolo,
O a roma Moea oa ona,
Go re kaela mo pedun.

O re bonesa mo hihin,
O re tshepisa mo dibin,
O re tlhaletsha mo silon,
O re gomotsa mo loshun.

Re tla o baka mo tshelon,


Re tla o tlotla mo loshun:
Re baka Moea oa ona,
O re gogelan godimon. R.M
139

Mmoloki a re a tloga,
A cwa mo lehatshin;
A re dihela kgomoco,
Go re thusa.

Ko ona Moea ao gagwe


O o re gomotsan;
O itshenkela go aga,
Mo go rona.

Kgomoco e monate yan!


Ea moea oa Yesu;
O re agisa mo pedun,
Le mo bathun.

Me o re thusa bokoen,
Phenyo ke ea ona;
Le dilo cotlhe tse di nan
Le molemo.

Moea o montle re thuse,


Ka re le mo tselen;
Agela rure go rona,
Mogomotsi. A. J. W
140

Re rakanen ko moseya,
re hitile dintelo.
Re ikhutseng kwa moseya,
Hatshin ya boitumelo.

Rakanan! Rakanan!
Re rakanen kwa moseya,
Re raken kwa moseya,
Re hetile dintelo.

Re rakanenkwa moseya,
Motsin o o phatsiman;
Mo dikagon tse, Morena
O re diagetsen ten.
Rakanan! Etc

Kwa dipinadisa khutle,


Dipako tsa morena
Gobaka lobopo lotlhe;
Lencwe lame le tsene.
Rakanan! Etc

Re rakanen le baratwi.
Ba ba tlogilen mouo;
Ba re siile ka lebaka,
Hon retla ba hitlhela.
Rakanan! Etc
Re rakanen le Morena,
Re nne nae kwa o gona;
Re mo lebe, re mo hake,
Paken tse disa khutlen.
Rakanan! Etc. J.McK

141

Moshon a re tla kopana kwa gae,


Kwa moseya ga noka e chweu,
Kwa ditsala di nnetsen tebelelelon?
A kopano e gakgamatsan!
Mo gaen! Mo gaen!
Kwa moseya ga noka e chweu,
Mo gaen! Mo gaen!
Mo ditsalen ka bosakhutlen.

Moshon a re tla kopana kwa gae,


Re sa tlhole re le selelon,
Re opelale b aba golocwen?
A kopano e gakgamatsan!
Mo gaen! Mo gaen! Etc

Moshon a re tlakopana kwa gae,


Go mmona Mmoloki oa rona?
A re tla itsanye le ditsala?
A kopano e gakgamatsan!
Mogaen! Mo gaen! Etc. R.P
142

Re tla hihla kwa moseya


Kganteye, kganteye;
Le lehihi le tla heta
Kganteye, kganteye;
Ba re lapan motselen,
Ba re eman tlhabanon,
Re tla gorogela ten,
Kganteye, kganteye.

Re tla mmona ena Yesu,


Kganteye, kganteye;
A re chola, a re rwesa,
Kganteye, kganteye,
Baengele ba ba ten
Ba tla bo ba re bona
Ka lorato teronen,
Kganteye, kganteye

Go lela man kwa moseya?


Kganteye, kganteye;
Go lwala mankwa moseya?
Kganteye, kganteye,
Ga ba lape mo tihon,
Ga ba khutle mo pakon
Tsa ga Yesu godimon,
Kganteye, kganteye. J.McK
143

Cwalo se ten se agilwen,


Maran a cwa ka shona;
Mokgoro ke o bona ten,
Le Yesu kea mmona.

Lorato lo lo kana kan!


Kgoroke e e mpitsan;
Ke nna! Ke nna!
Ke nna ke bidiwan.

E bitsa ba ba eletsan
Poloka ea Morena;
Ga go na ope eo ganwan,
Botlhe bat la ba tsena.
Lorato, etc.

Shwailang go ba ba dilolan,
Ka kgora ea poloko;
Chola mokgoroo o gogan
Serwalo sa godimo
Lorato, etc.

144
Kgoro ke e pitlaganyen,
E e ean kwa godimon;
Ba ba tsenan mo go eona,
Ba botlana mo palon.

Tsela ke e e atlhamen
E e ean kwa tshwenyegon;
Bontsi boa itshenkela
Go tsameaka eona.

Re palecwe re le rosi
Re go tsena ka eona,
Kgoro e, ea pitlagano,
E e ean kwa botshelon.

Yesu Montshi, u re thuse


Go siana mo tselen;
O ganela ka bonatla,
Go gololwa mo dibin. R.M

145

Dilo tse di galalen,


Di builwe ga tsion;
Ona motse o o newan
Ba ba ean kwa godimon.
O theilwe mo go yeona,
Hika ye le sa khutlen;
E le bonno yoa ona,
Modimo o tshidilen.

Ga o kake wa tshikinwa,
Man eo o ka o senyan?
Poloko o e agecwe
Thako tse di hemelan
Banni botlhe ba tsiona
Ke ba tlhapisitswe ka
Madi a a la a ela
Mo mochwedin mokgoron.
Mmoloki ha ke le monwe
Oa motse oa tsiona;
Ke ka lorato loa gago
Lo u nchwetsen ka lona.
A ke nyatse letlhapelo
Yeotlhe ye le mohatshin;
A ke battle maitumelo
A a bonwan Tsionen. R. M.

146

Ke badilega motse o montle


O o mo pushon ea Modimo.
Ke badile ha mota di dintle
Tse di agilwen ha go ona.
Me mo ten ga motse o, go noka
E metse a eona a mantle
Me kgalalelo ea motse ouo
Ga e ese e bolelwe.

Ga ese e bolelwe
Ga ese e bolelwe
Me kgalalelo ea motse o
Ga ese e bolelwe

Ke badile ga matlo a mantle,


A a baakancwen ke Morena.
Me baitshepi ba ba tumelo
Ba tla nna ka gale go aona.
Ga go tsene gona bohutsana,
Me batho ba ga ba cohale,
Me maitumelo a ba letan
Ga a ese a bolewe.
Ga a ese, etc.

Ke badile ga aparo dichweu


Le dirwalo tse phatsiman,
Tse basiami ba tla di rwalan
Mogan Rara o ba raean Tlan.
Baitshepi ba segoka gale
Ka ba gata mebila eaten;
Me polelo eotlhe ea motse
Ga e ese e bolelwe.
Ga e ese,etc.

Ke badile ga Yesu Mmoloki,


Ena eo ichwarelan dibe
Tsa batho botlhe ba ba mo lopan,
Ba bona kagisho ka ena.
Oa re goga, me oa re hemela
Ha re tsena mo saken ya gwe;
Me molemo mogolo oa gagwe
Ga o ese o bolelwe.

Ga ese o bolelwe.
Ga ese o bolelwe.
Me kgalalelo ea motse o
Ga ese e bolelwe. J.T.B

147

Utlwan mancwe a baitshepi


Ba opela kwa bontlen;
Ba opela Haleluya,
Sehela sa Morena.
Ke bontsintsi yo bogolo
Ba ba eman teronen;
Bantsi yaka dinaledi;
Kala dintle diatlen.
Ba chwa kae bantsintsi bale?
Ke ba dulen pogishon;
Ba ba tlhapileng ka madi
A ga Yesu mokgoron;

Me ba lekwa, ba tlhomama
Mo poitshegon le leshun;
Me keba, ba itumetse,
Ba nnetse kwa legodimon.

Me ba busa le Modimo,
Ba sepela lesedin;
Ba nwa nokaea botshelo
E ntle, e sa kgalen.
Me lorato le kagisho
Ba ya hela mo bontlen;
E le bontle yo bogolo,
E, bontle yoa Modimo. A.J.W

148

Re na le hara kwa legodimon.


Oa re bitsa,
Re ee kwa go ena kwa legodimon.
A re een, a reen kwa legodimon,
O a re bitsa,
Re ee kwa go ena kwa egodimon.

Re na Mmoloki kwa legodimon,


Oa re bitsa,
Re ee kwa go ena kwa legodimon.
A re een a re een kwa legodimong,
Oa re bitsa,
Re ee kwa go ene kwa legodimon.
Re na le tsala kwa legodimo,
Oa re bitsa,
Re ee kwa go bone kwa legodimon,
A re een,a re een kwa legodimon
Oa re bitsa,
Re ee kwa go ena kwa legodimon.

Re na le kerone kwa legodimon,


Rea bidiwa,
Re ea rwesiwa kwa legodimon,
A re een, a re een kwa legodimong,
Rea bediwa,
Re ea gorwesiwa kwa legodimon. - J.S.M

149

Re tla bona len molapo,


Le ditsala mo bontlen?
Noka e metse mantle,
A elan ha teronen.

E re tla ea gone rure,


Kwa molapon, molapo o montle;
Re tla bonana le ditsala,
Ba gone ha teronen.

Mme re tla nwa metse nabo,


Metse a tshedilen,
Re tlabaka Kgosi nabo,
Kgsi e e rategan.
E, etc
Monore na le letsatsi,
Re nyoriloe mo moen,
Mono re ntse re a lapa,
Mme re tla ea molapon.
E, etc.

Bona ba letetse Kgosi,


Ba e bonye molapon,
Yesu mogolodi oabo,
Ba na nae ha teronen.
E, etc.

Rona re latela yalo,


Yesu eo re moratan,
Re tla ba hitlhela botlhe,
Kwa molapong, kwa kgosin.
E, etc - J. S.M

150

Lehatshe lenwe le gona,


Ye le itshekilen,
Kwa baitshepi ba busan,
Le ka bosakhutlen,

Go letlhahula hatshin ye,


Ye le kwa legodimon:
Ke losho lo lo kgaoganyan
Hatshe ye le rona.

Losho lo ntse yaka ona


Molapo wa Yordan,
O loa kgaoganya Bayuda,
Le hatshe ya kanana.
Masimo mantle, magolo
A eme kwa sedin;
Me re tshaba go tshelela
Go hitlha moseya.

Ha re tlosa poiho tse,


Tse di re boitshan.
Ke gona re tla tshelelan
Kwa hatshin ya kanana.

Ha re ka ema mo tlhoren
Le Moshe mo thaben;
Gona re tla itumelan
Goya kwa moseya. R.M

151

Lehatshe lenwe le gona


Ga gona maru ten;
Bosigo bo sa bonalen,
Lesedi ke Yesu.

Ha re kaba mokgoro,
Serwalo se tla cholwa
Mogan o re le gatan,
Hatshe ye le phatsiman.

Lehatshe le lentle ye leten,


Moseya ga Yoredan;
Kwa seheho se sa hoken,
Ke ye re le senkan.
Ha re kaba mokgoro, etc
Legae ye lentle le ten,
Re ea kwa go eona;
Le bona ba ba hitlhilen
Re tla ba hitlhela.
Ha re kaba mokgoro, etc

Morena, re eletsa yan,


Go tsena go yeona,
Go nna le bona ba ba nnan
Kwa bas a lelen ten.
Ha re kaba mokgoron, etc. J.G.

152

Man eo o ka balan bona


Ba ba phatsiman godimon?
Ba ba dulen mo dichaben
Cotlhe, tse di mo lehatshin.

Leshomo ye le mo sedin
Ke baitshepi ba Modimo,
Ba le ba nna yaka rona
Mo molatun, le mo poihon.

Ba ichoketse bokhutlon
Pogishon dintsi, le loshun;
Ke bona ba ba tlhacwitsen
Aparo tsabo mo madin.

Ga go tlala kwa go bona


Le lenyora ga le gona;
Pobolo tse di mo hatshin,
Ga dieo ten kwa bosashwen. R.M.
153

Go hatshe lenwe ten


Ye le tletsen
Boitumelo, kwa
Bokgakalen;
Baitshepi ba gona
Ba nntse mo kgalalelon,
Ba baka mo pakon
E sa khutlen.

Bo ba opela yan!
Mo bontlentlen
Yesu, eo o bakwan
Mo lesedin!
Tlan, lona lotlhe, tlan!
Kwa go ena eo bitsan;
Lo belaelan
Mo tiegon?

Re tla nna mo tshegon


Ye le sitan,
Le mo bophatsimon
Yo bo hean.
Ba duduetsa ten
Ka ba nyetsa mo matlhon;
Gonne bam o segon
Ye le tlan nnan.

Ba nntse mo loraton
Lo lo sa shwen;
Ba nntse mo polokon
E sa heten;
Cogan, sianelan
Keronen e e belwan
Bona, ba tshelelan
Bosakhutlen. R.M.

154

Ao! go nna le tumelo e,


E e ka nthusan
Go itse boitumelo yoa
Ba ba kwa godimon.

Ba kile ba nna mo hatshin


Ba nna mo poihon;
Selelo ba se tlwaela,
Hela yaka rona.

Phenyo ea bona e cwa kae?


Ba hetogile yan?
Ba bonye phenyo ka Yesu,
Botshelo mo loshun.

Ke Yesu eo ba mmakan ten,


Yesu eo rategan.
O ba golotse mo hatshin,
Ba itumela nae.

Le nna nkabo ke le ten


Kwa ba itumelan,
Go tlotla Yesu mo pakon,
Hela yaka bona. J.B.

155

Go ea gae kwa boikhucon,


Kwa bahenyi ba gona;
Go goroga mo hatshin,
Kwa baengele ba ten.

Chorus
Go nna boitumelo yan
Go phatsima mo maran!
Mo hatshin ya sedi, kwa
Re tla bonan Morena.

Pheho e ka leka yan


Go re nwetsa mo Yordan,
Rona re tla opela,
Kwa go bona moseya.

Go nna boitumelo, etc

Tsatsi re le mo hatshin,
Re ka itumela ten;
Le ka rato diphuken
Re hohela go ena.

Go nna boitumelo, etc

Pako tse, rea opela,


Tiho, teko dia hela,
Re tla ea kwa go ena
Go nna nae kwa o nntsen ten.
Go nna boitumelo yan,
Go phatsima mo maran!
Mo hatshin ya sedi, kwa
Re tla bonan Morena. J.G.

156

Mo hatshin ye ya selelo,
Ke leba go yeona,
Lehatshe ya boitumelo,
Kwa khumo e gona.
Re tla nnela rure hatshin yeo,
Kwa moseya kwa bophatsimon,
Re opela pina tsa bona, kgantele,
Re nna le Yesu kwa o ten.

Ha tachwanen mo tidimen
Go nna kgalalelo;
Ke kwa Yesu o agilen,
Go sen lehihi ten.

Re tla nnela rure, etc.

Ao! ke tla hitlha gona len?


Ke tsena bontlen yo,
Go nna le wena Rara ten,
Ha huben sa gago.

Re tla nnela rure, etc.

Ke boitumelo yoa gona,


Bo nkgogan tsamaon;
Dintelo tsa kwa Yordan
Ga nka ke di boiha.

Re tla nnela rure hatshin yeo,


Kwa moseya kwa bophatsimon,
Re opela pina tsa bona, kgantele,
Re nna le Yesu kwa o ten. J.G.

157

A re leben kwa Edene, kwa


Legaen, kwa Morena o ten;
Kwa diteko di sa tsene, kwa
Mannon a mantsintsi a rona.
Re ea Edene, kwa,
Re ea Edene, kwa;
Kwa diteko di sa tsene, kwa
Maanon a mantsintsi a rona.

Bantsintsi ba kwa Edene, kwa;


Re tla ea re aga le bona;
Badumedi b aba hitlhala gona.

Re ea Edene, kwa. etc.

Banyana ba kwaEdene, kwa;


Ba opela pakotsa gona;
ba re tlogetse dikeledin,
re tla ba bona boitumelon.
Re ae Edene, kwa,etc J.McK.

158

Leha re lela gantsi


Boikhuco bo gona;
Boikhuco yoa botshelo
Yoa kwa legodimon.
A re cwelelen pele
Go henya selelo;
Re tla re re sa tsena,
Tiho e tla hela.

Boikhuco bo gona, boikhuco bo gona.


Go boikhuco, go boikhuco,
Go boikhuco, godimon.

Ditsala tse tsa rona,


Tse di hitlhilen ten,
Di itumela thata;
Di tlhogonolo ten,
Me re tla tlhola mono,
Me o tla re bitsa
Gore re ee go dula,
Ha pele ga Yesu.
Boikhuco bo gona, etc.

A re raten Modimo
O o re thusitsen;
Re galaletsen Yesu,
Eo, o re rekilen;
Re galaletsen Moea,
O o re bolokan;
A re tlotlen Yehofa
Modimo oa rona.
Boikhuco bo gona,etc. Moa.

159

Re bua ga legodimo;
Le bontle yo bo len gona;
Lehatshe ye le kwa sedin,
Go tla nna yan go gona?
Gona! gona! gona! me go tla nna yan
Go nna gona?

Ke yeona re le opelan
Ka gale Helen tsa rona;
Kwa botlhe ba galalelan,
Go tla nna yan go nna gona? etc.

Re bua ga se se bonwan
Ke ba ba ha pele ga teron;
Le kaha ba duduetsan,
Go tla nna yan go nna gona? etc.

Le eona kgololo dibin;


Boshula ga boeo gona;
Ke ba ba itekanetsen,
Go tla nna yan go nna gona? etc.

Morena oa rona, thusa,


Re cwele kwa legodimon;
Ke gona re tla ikutlwan
Kaha re tla nnan ka gona! etc. R.M.

160

Go hatshe lentle ten,


Kgalalelon!
Batho ba Modimo
Ba nntse gona!
Tlan kwa lehatshin ye,
Tlan, a re een!
Tlan, le baengele,
Lo nne mo bontle!
Tlan le banyana, tlan!
Utlwan, ba re ren!
Tlan kwa kgakgamalon!
Tlan, a re een!

Kwa, mo hatshin yeuo,


Ba bua kon;
Yesu ke kgosi ten
Bophatsimon.
Tlan kwa lehatshin ye! etc.

Kwa, mo hatshin yeuo,


Mo bontlentlen!
Ke mo ba binelan
Yesu eo ten.
Tlan kwa lehatshin ye! etc. J.G.

161

Yerusalem oa gouda,
Motse o montle yan!
O kgabisicwe bontle
Yo bo gakgamatsan;
Ga go na kico epe
E e ka bo itsen;
Ke bontle yo bo hean,
Ka bo cwa mo kgosin.

Manno a mantis gona,


Teronen ea Kgosi,
Baengele ba bantsi,
Le ba ba cwan hatshin.
Kgosana ea kagisho
E nntse mo go bona,
E ba gogela gale
Metsin a tshedilen.

Go nntse medudueco,
Go nntse dipina ten;
Go tlhare sa botshelo,
Go noka e elan;
Hoo, ga go na lenyora,
Ga go na tlala ten;
Go boroko monate,
Go nncwe kagishon ten.

Ke tla goroga gona,


Ke tla go bona len?
Ke tla cwa mo pogishon
Ke nna le Yesu len?
Yesu, re tshegohatse,
U re hitlhise kon,
Re thus emo lehatshin,
Re chole godimon. A.J.W.

162

Pusho ea legodimo,
Motse oa lesedi,
Ke legae ya Modimo;
Hatshe ya batshedi.

Re sholohela thata
Chwaron ea ga Yesu,
Go bona kgalalelo,
Hatshin ya Modimo.

Go nna baitshepi gona,


Ba ba ratan Yesu;
La baengele botlhe,
Banyana ba pusho,

Me Kwana ea Modimo,
Mmoloki oa batho,
O tla ba goga botlhe,
Tselen tsa kagisho.

Morena u re ise
Hatshin ya letshego,
Re tle re itumele
Mo polokon ea go.
Mo motlhenoa thaelo,
Mo tsatsin ya losho,
Re nee letlhogonolo,
Morena oa chwaro. Moa.

163

Lobaka lo hetile,
Bosigo boa sa,
Letsatsi lea tlhomama,
Yeona ya Morena;
Lehihi lea notlega,
Naledi e dule;
Me go nntse kgalalelo
Hatshin ya Morena.

Me Yesu ke mocwedi
O tletsen lorato;
E! mono ke lo nole,
Ke tla ikana ten;
Kwa lo tla oketsega
Go etsa lewatle;
E! go nntse kgalalelo
Hatshin ya Modimo.

Nna ke oa Morena,
Morena ke oa me;
Oa nkisa ke molato
Modihon oa gagwe.
Ke ntse ke kgantsha ena,
O sele E nna man?
Ga a nka bonwa gope,
Hatshin ya Morena.

Ke ena, ka botlhale
O ntika botshelo;
Keledi tsa botlhoko
Di shupa lorato;
Lecogo ye le gogan,
Le pelo e nkaean;
Ke tla di baka gona
Hatshin ya Morena. J.G.

164

Mephato e mentsintsi,
Dintwa tsa Modimo,
Ba tlhatlogela godimon,
Ke ba ba kgabilen;
Ba hentse, E! ba hentse
Maleo mo lehatshin;
Bulan dikgoro godimon,
A ba ikhutse ten.

Haleluya! Haleluya! Tlotlan eo o re


Shwetsen;
Haleluya! Haleluya! Go eo o cogilen!

Utlwan megolokwane,
E tlala godimon!
Dikoma di kgolo thata
Tsa ba ba mo phenyon!
Letsatsi ye legolo,
Ke ye le tla gaisan;
Ba tla lebala ke yeona
Se se hutsahatsan.
Haleluya!Haleluya! etc.

A bo ditumedisho
Di tla utlwala ten!
Ditsala di tla kopana
Kwa go sa kgaoganwen.
Matlho a tla phatshima,
A a ntsen a lela;
Kwa go senan dikhutsana,
Le ba ba hegelwan.
Haleluya! etc. J.G.

165

Kea lo opelela ga lehatshe yele,


Gae ya meoea ea rona,
Go senan selelo, lehatshe sebele,
Ka dinyaga tsa bosakhutlen.

Legae ye ya moea! E, lo ditoron,


Ke bona thako tsa yeona,
Tsa bo di le gauhi, me hela ha gare,
Setshiro sa mouanese ten.

Legae ya tlhomamo, legae ye ya rona,


Kwa Yesu Morena o ten,
Kgosi ea magosi, me rure ke eona,
E re naean rwalo tsa rona.

Go tla nna monate gona mo hatshin kon,


Kwa matlhoko a seon ten;
Me le mo dipinen le mo kgakgamalon
Re nna kwa go sa kgaoganwen. J.G.

166

Re hano, re baen;
Gae ya rona
Ke yeona kwa sedin,
Kwa godimon.
Re tshela mo teton,
Ka re le mo tshelon;
Godimo ke gona,
Gae ya rona.

Kana re boihelan
Mo khudugon?
Gona re cwelelan
Gaen ya rona.
Yana re mo tekon,
Le mo diphegelon,
Ka re ea go yeona
Gae ya rona.

Gona re sa lapen;
Gae ya rona,
Leha re mo hatshin,
Le godimon;
Me re tla ema ten
Ha pele ga teron,
Le mo kgalalelon,
Gaen ya rona. R.M.

167

Gopolan legae godimon,


Ha noken e e galalelan;
Badumedi ba gona bontlen,
Ba apere boshweu godimon.
Godimon, godimon;
Gopolan legae godimon.

Ditsala di ten godimon,


Tse di re eteletsen pele;
Go tletse dipako tsa bona,
Ba baka Morena ka cona,
Godimon, godimon;
Ditsala di ten godimon.

Mmoloki o ten godimon,


O baakanyetsa b aba setsen;
O ntebile, Morena, gona,
O nkgwetlha goea go ena,
Godimon, godimon;
Mmoloki o ten godimon.

Ke mo tselen ea godimo,
Ba ga echo, ke patwa eman?
Kwa pele ba re lebeletse;
Rotlhe a re een godimon
Godimon, godimon;
Ke mo tselen ea godimo. J.McK.

168

Ga re na motse mo hatshin;
Re batla monwe godimo,
Kwa Yesu o nntsen ten;
Ko ona o re o batlan,
Ke motse o o tlotlegan,
Ke motse oa rona.

Lehatshe ye re go yeona,
Helo ga boen yoa rona,
Ka re mo loeton;
Re etela kwa godimon,
Legae ya rona, kwa sedin,
Kwa re cwelelan ten.
Boago yo, bo bontle yan!
Ke yona yo gakgamatsan;
Bo mo kgalalelon.
Yerusalem oa godimo,
Le ona Tsion mo sedin,
Ke maina a ona.

Re rata thata go ea ten,


Kwa ba agilen phatsimon,
Bonnon yoa Modimo;
Go bona tsala tsa rona,
Bogolo Yesu, mo tlotlon,
Mo tlotlon godimon. R.M.

169

Ke utlwetse legae godimon,


Le bontle yo ba sa itsegen;
Go kago tse dintle bogolo,
Me le Yesu, ke ea go nna ten!

Go nna ten! go nna ten! go nna ten!


Go Yesu, me ke ea go nna ten! etc.

Re na le mohago oa rona,
Re ya senkgwe se se tshedilen;
E! me hale ba mo modihon;
Re tla yela go bona bontlen
Go nna ten! etc.

Mo bogosin kwa kgalalelon,


Kwa noka ea botshelo e ten,
Ba ga Yesu ba nna mo mannon;
Bahenyi ba ikhutsa gona.
Go nna ten! etc.
Kwa ditsala tsa Yesu di ten
Mo phemelon ea saka legolo;
Kwa Modisa o sa robalen,
Ba nna boitumelon bogolo.
Go nna ten! go nna ten! go nna ten!
Go Yesu, me ke ea go nna ten! etc. J.G.

170

Ao! go nna kwa moseya!


Mo lehatshin ya gole,
Kwa mancwe a baengele, le dipina
Di len ten;
Go gololwa mo matlhokun,
Le dipoihon tse tsa rona,
Go aramela tsatsi mo bontlentlen
Kwa Kgosin.

Ao, go nna kwa moseya!


Ke go eletsa yana!
Ke leta naledi e, e e gogan letsatsi;
Bophepa boa tlhomama,
Le letsatsi lea tlhaba;
Moea o rata go tla ga kgosi e e tla tlan.

Ao, go nna kwa moseya!


Ke re ke choga ke re,
Pelo e ganelelan dilo tse di mo hatshin?
Ditsala dia kgaogana;
Lehatshe ye, lea heta;
Me ga go na kgaogano kwa legaen
Kwa Kgosin.

Kana, ke tla tsena len


Kwa ba emen mo pinen?
Kwa go len medudueco e e tlalan godimon,
Kwa dicwalo di gadima,
Le dikago di phatsima,
Ke tla goroga len ne kgalalelon kwa Kgosin?

Ke tla ea len moseya?


Ke hela, ke go rata
Go pata baengele mo dipakon tsa bona;
Mo mannon kwa godimo,
Kwa go len kgalalelo,
Me ba nna kgakgamalon le loraton ha
Kgosin. J.G.

171

Yehofa, Kgosi e laolan


Mo dintwen cotlhe godimon,
Go gontle go ratega yan!
Manno a gago mo hatshin.

U iponatshe go bona
Ba bag u kwakwanyeditsen,
Go gu dihela mo raton,
Le go gu baka mo moeen.

Ba segonyan b aba holan


Teron ea gago godimon!
Ke bona b aba bontshiwan
Bontlentlen, le mo boitshepon.

Le mo go b aba mo hatshin
U itshenole go bona;
Bogolo mo ditempelen
Kwa b aka gu kgatlhantsan ten.

Ba gago ba ea mo thaten,
Ka ba etela ka Tsion;
Ba nametsega mo tselen,
Ba ikaega Modimon. R.M.

172

Ntlo ea ona ntle yan!


Oua Modimo oa rona;
Rea eletsa ka bogolo,
Go ba re tsena go eona.

Ke boitumelo bogolo
Go ea le bona ba ba ean
Go obamela ha tulon,
Kwa batho ba o rapelan.

Rea eletsa go nna mmogo


Kwa batho beno ba gona,
Go gu dihela moeen,
Go gu godisa mo pakon.

Thaga e bonye kwa nagen


Setlhaga, kwa e ka latsan
Mamphorwana a eona ten,
Kwa e ka a ikhutsisan.

Re batla yalo ka yeno


Altar tsa ona, go nna ten,
Go bona bontle yoa Kgosi,
Go rapela ha go cona. R.M

174
Ke itumetse yan!
Ka batho b aba ren,
A re een tlun ea Modimo;
E, a re een gona
Kwa lencwen ya Tsion,
Ka merapelo kwa Kgosin.

A re nnen mo pinen;
A re duduetsen;
Re opelen mo tempelen;
Mancwe a tlhatlogen
A botlhe mo hatshin,
A ee go hitlha teronen.

A go nne kagisho;
Le aona masego
A tlele b aba tsenan ten;
Chupelo tsa pelo,
Pako le thapelo,
A di isiwe kwa Kgosin.

Tsion o montle yan!


Motse oa Morena,
Le botlhe b aba dumetsen;
Le lona, dumelan,
Re een kwa ditsalen
Tsa rona kwa legodimon. A.J.W.

175

Yehofa, eo re golotsen
Mo timelon le mo hihin,
Re phuthegetse go wena
Mo tlun e u e agecwen.
Leina ya gago legolo,
A le nne thata go eona,
Gore u bakwe mo bathun
Mo phuthegelon ea bona.

U lebe ntlo ea rona,


U e hemele boshulen;
U e okame mo raton
Yana, le mo tshikatshiken.

Ba ba tsalwan go eona,
Ka go dumela go Yesu;
A ban ne palo ea monyo
Ha o le montsi mo moshon. R.M.

176

Bibela, ke lona kwalo


Lo kwadilwen ke ona
Moea o o len boitshepo,
O o cwan mo Modimon.
Humo lotlhe lo go eona,
Kico tse di molemo;
Cotlhe tse di etleletsan
Tshelo yo bo sa khutlen.

Bibela, ke yeona sedi


Ye le cwan kwa godimon,
Go re bontsha mo lehihin,
Gore re cwe mo sigon.
E le poncho le kgomoco,
E le more mo moeen,
Ke phodiso mo pobolon,
E le tsala mo tselen.
Bibela, ke botshabelo
Yoa baba e dumelan;
Me ba bona mo go eona
Cotlhe tse ba di tlhokan.
E le thebe, e le chaka,
E le thusho tlhabanon,
E le thata, le bonatla
Go gogela kwa phenyon.

Bibela, eona, tlhomamo


Mo go cotlhe tse di eon;
Dilo cotlhe dia hetoga,
Me ha e le eona, Nya!
Yalo ke tla tlhoahala,
Go bala mo go eona,
Ka ke itse e le eona
E gogelan godimon. R.M.

177

Ha re bontshicwe mo pedun
Ke moea oa Modimo;
Sedi le bonwa mo hokun
Ye re isan sedin.

Ke yeona ye re shupetsan
Popego ea rona,
Le kaha re ka gololwan
Dibin le tatlhegon.

Re bona Modimo ka yeona,


O o re ratilen;
Oa roma Yesu Morwa ona,
Ena eo o re shwetsen.
Re bona tsela e ean
Go Yesu godimon,
Le kaha re ka tsamaean
Go hitlha kwa o gona.

Letshego ye legolo yan!


Le bonwa mo hokun;
Ke yeona ye le gomotsan
Tshelon, le mo loshun.

Modimo, Rara oa rona,


Re bontshe mo pedun;
Ke gona re tla gu bonan
Ka gale mo hokun. R.M.

178

Magodimo a godimo,
Ke aona a a bolelan
Kgalalelo tsa Modimo,
Le dilo tse di bonalan.

Ke cona tse di bonatshan


Modihi, eo o bopilen
Lobopo, lo re lo bonan
Magodimon, le mo hatshin.

Me thuto e e re rutan
Go itse kaga Modimo,
Ke eona e re e bonan
Kwalon lo re lo kwalecwen.

Ke lona lo lo kaelan
Dichaba tse di mo hihin:
Ke lona lo di tlhokan
Go di gogela lesedin.

Yesu Morena, godimon,


Namisa sedi mo hatshin;
A le cwele kwa go bona
Ba ba helan mo lehihin. R.M.

179

Go botshe yan, go bontle,


Go dula mo thuton,
Go retsa dilo cotlhe
Tse di cwan dikwalon.
Re utlwa lencwe ya gwe,
O buan ka yeona,
Gore a re golole
Tatlhegon ea rona.

Re utlwa ga lesedi
Ye le cwan godimon;
Ke yeona Yesu Kreste,
Eo o cwan Modimon.
E le le ena Nwana:
A tsalwa mo bathun;
Gona o rattan bana,
Me o rata rona.

Re utlwa le ga bona
Ba ba mmolailen,
Ka losho loa mokgoro,
Kwa o re shwetsen ten;
Re itse ha a hitlhwa;
O la le mo phupun.
Me a ba a e henya,
A coga mo loshun.

A tlhatlogela rona
Kwa godimodimon,
Go rapelela gona
Ba re len mo thuton.
Ke ena, ena esi,
Ke eo o rategan;
Ke ena Moreshwedi
Eo o re bolokan. R.M.

180

Go tlhogonolo ba ba tlan
Go batla kgoro tsa Tsion;
Le bona ba ba cwelelan
Go batla Yesu ka cona.

Ba tla cwelela mo tselen,


Ke ena thata ea bona;
Ba ea go hitlha kwa sedin,
Kwa o nntsen ten kgalalelon.

Ba itumela mo eton,
Leha lo thata mo mmedin;
Yesu, Mogogi oa bona,
O ba nametsa mo moeen.

A re batlen yaka bona


Go nna le Yesu mo eton;
Le go cwelela Tsionen,
Tsion o o len godimon. R.M.

181
Ke baka loa thapelo re tsile ka lona;
Re phuthegetse Yesu, Tsala ea rona;
Ha re tla ka tumelo e e mo ikanetse,
Ke tloco ea balapi; go sego go nna ten.
Baka loa thapelo, baka loa thapelo!
Go gomotsa balapi; go sego go nna ten.

Re baka loa thapelo, Mmoloki o gona,


Me ka pelo o reetsa hoko a rona;
O itseela merwalo ea rona go ena,
Ke tloco ea balapi; go sego go nna ten.
Baka loa thapelo, etc.

Ke baka loa thapelo, me le ba ba lekwan,


Ba ka isa maitoko go eo o utlwan,
Me ka pelo e nolo, o ba thusa moeen,
Ke tloco ea balapi; go sego go nna ten.
Baka loa thapelo, etc.

Ke baka loa thapelo, me b aba dumelan,


Ba ka bona ka nete, se ba se lopan;
Ba ka nna boitumelon ba ka bina moeen,
Ke tloco ea balapi; go sego go nna ten.
Baka loa thapelo, baka loa thapelo!
Go gomotsa balapi; go sego go nna ten. J.G.

182

Thapelo ke eona,
Keleco mo moeen;
Ke selo se se sa bonwen,
Se se nnan mo huben.

Thapelo ke eona,
Phegelo mo pedun,
Ke keledi e e welan
Kwa Modimo o ten.

Thapelo ke eona,
Telalo godimon,
Go leba se se sa bonwen,
Kwa sedin kwa bontlen.

Thapelo ke eona,
Puo ea eo utlwan
Dibe tsa gagwe mo pedun;
Ena oa rapela.

Thapelo ke eona,
Tshedisho mo tshelon;
Re tshedile mo go eona,
Re shwela thapelon.

Thapelo ke eona,
E dihwan godimon;
Moea oa re rapelela,
Le Yesu kwa o ten. R.M.

183

Monate yan! monate yan!


Ke bilediwa thapelon;
Ke bilediwa go Rara,
Ke ea go ikopela ten;
Motlhan ke len mo selelon,
Ke ee ke boee kgomocon,
Ke bone thusho thaelon,
Motlhan ke ean morapelon.

Monate yan! monate yan!


Ha ke tla mo merapelon,
Ke bone monwe eo nkutlwan,
Me pelo e nne natehon;
Ke utlwe monwe eo nthaean
Dumela, u nne polokon;
Ke itatlhele sehuben,
Sa eo mpiletsan thapelon.

Monate yan! monate yan!


A ken ne hela kgomocon;
Ke etse Moshe mo ncwen,
Ke bone gae legodimon;
Ke latlhe nama mo hatshin,
Ke ee go tsena botshelon;
Ke duduetsa loapin,
Ke cwetse rure thapelon. R.P.

184

Modimo, Rra echo kwa legodimon,


Leina ya gago le itshepisiwe;
Pusho go diren ea gago, le thato,
Mo legodimon le yeona lehatshe.

Re nele ka yeno seyo sa metlha,


Re ichwarele tsa rona ditlolo,
Yaka le rona re ba ichwarela,
Ba rona ba re dihelan molato.

Thaelo, se re gogele mo go eona,


Mme mo boshulen re gologolole;
Gonne gag ago ke pusho le thata,
Me le kgalalelo ka gale, Amen.- R.P.

185
Kwa batho banwe ba mmogo
Mo leinen ya me mo hatshin;
Ke tla ba leba mo raton,
Ke tla nna nabo mo moeen.

Go bua Yesu oa rona,


Go re rudisa phuthegon;
U re kgatlhantse ka yeona,
Hoko ya gago mo kwalon.

Gona re tla nnan thapelon


Ka Moeaa o o re thusan;
Le eona pako ea rona,
E tla nna kaha u rattan. R.M.

186

Gape re tsile thapelon


Pele ga Modimo;
Re tsile go ipolela
Ha re le dibin.

Modimo o o agilen
Kwa godimodimon,
Hologela mo go rona
Ba re mo phuthegon.

Cosa meoea ea rona


Go ba rapelela,
Ba rona ba re ba ratan;
A ba nne le rona.

Ka re na nabo mo hatshin,
Thapelo ea rona,
Ke go ba bona mo tselen
E e ean godimon. R.M.

187

U re rute go rapela,
Moea o o tshedilen;
Re lerole le molora,
Rona ba re sa itsen.

Re tlhaela ha re khutla
Go cwelela thapelon;
Yalo re gu kokotlela
Go thusa mo go eona.

Re imelwa dilon cotlhe;


Re tlhaela tebanong
Ka dikgang tsi di kwa ntle
Le dipoiho mo pedung

Re tla ea kae go thusiwa


Botlhokong le bokoeng
Ha re sae e ka go wena
Moea oo tshedisang

188

Opelela Yesu
Ha u lapile;
Bolelela Yesu
Le boitumelo.
Tihon e botlhoko,
Tselen mo thaten;
U le mo selelon
Mo opelele.
U re u tlaletswe,
Mo tebelelon,
Ikgomotsa pelo
Mo dikopelon.

Yesu, re banynye,
Wena u Kgosi;
Rona re ba mashwe,
Wena u montle.
Rona rea heta,
Re mo bokoen;
Wena u nntse hela
Ka bosakhutlen.
Opelela Yesu
Ha u lapile;
Bolelela Yesu
Le boitumelo.

Mahoko a gagwe
Dipina hela,
Ke a pelonomi;
Ke a monate.
Re palecwe thata
Ke go bolela
Pelo namagadi
E mo go ena.
Opelela Yesu
Ha u lapile,
Bolelela Yesu
Le boitumelo.

U me keg u rate
U morategi;
Ke tlise dipako
Ha naon tsa gago.
E, kea gu rata,
Ntsena mo pedun;
U tle, me u nchole,
Ke ee go nna kon.
Yalo keopela
Ke na le Yesu;
Me ke mmolelela
Se se mo pedun. A.J.W.

189

Modisa eo o rategan,
Iponatsha mo go rona,
Ka Moea o re o batlan
Go re kaela thapelon.

Kagisho e, o e sitan,
Le lorato loa Modimo,
A lo nne thata go rona,
Ka Moea o itshepilen.

A kabalano e nne ha,


Ka re le hano thapelon;
Tsenya kagisho mo pedun
Tsa bona ba ba mo poihon.

Hodisa botlhe ba ba nan


Pobolo e e cwan dibin;
Le ba ba hutsahalelan
Ditshenyo tse ba di sentsen.

U re shupetse chupo e
E re gomotsan mo pedun,
Go bona bontsi mo tlun e,
Bo phuthegetse lehokun. R.M.
190

Morena, Mogolo,
U nntse kwa godimon,
Le mo go ba ba gu batlan
Phuthegon ea bona.

Lehoko ya gago,
Ke ye le bolelan,
U nna rure mo go bona,
Ba bag u rapelan.

Re tlile mo inen
Ya Yesu oa rona;
U nne le rona mo moeen,
Re thuse thapelon. R.M.

192

Yesu, u nkutlwe,
Ke nne gauhi nau,
Wena u Mmoloki
Eo o nchwetsen;
Ke bona ka tumelo
Boichwarelo go wena;
Wena, Botshabelo,
Ke hohela kon.

Yesu, u nchware
Ke le thapelon;
Ka moea u nthuse
Ke cwe mo poihon.
Morena ke dumela
Se se len mo lokwalon;
Nteba Mmoloki,
Ke le thapelon.

Yesu, u nthate,
Ke nne oa gago;
A ke se ikgare
Nosi mo hatshin.
A go phatshime wena
Kwa ke ka eman gona;
Hika, Botshabelo,
Ke nne kwa u ten.

Yesu, u mphemele,
Se ntlogele,
U nne u nkgoge,
Ke le mo nagen.
Ke tla re ka tebogo
Ke opela godimon,
Ke nne nau Morena,
Mo kgalalelon. J.G.

193

Rra rona rea gu rapela,


Re thuse phuthegon;
Me kgakololo ea gago
E nne mo go rona.

U re kaele mo pedun,
Le tse di gopolwan;
U re kaele mo hokun
Ye re tla le buan.

Me cotlhe tse re di buan,


A di nne mo raton;
Le cotlhe tse re di dihan,
A di nne tshiamon. R.M.

194

Re rudise Morena!
U tle mo baitshepin!
Bua ka thata le botlhe,
Ba gago ba utlwe!
Re rudise Morena
Ka re le thapelon;
Hologa, Kgosi, hologa!
U re tshegohatse.

Re rudise Morena!
Ikgodisa leina!
Me a lorato loa gago
Lo tuke mo pedun;
Re rudise Morena, etc.

Re rudise Morena!
Re ineele hokun!
Me a bonete yoa yeona
Bo cholwe tumelon!
Re rudise Morena, etc.

Re rudise Morena!
Gorometsa Moea!
A go galalele wena!
Re bone letshego!
Re rudise Morena
Ka re le thapelon;
Hologa, kgosi, hologa!
U re tshegohatse. R.P.
195

Pula ea na ntlhen cotlhe,


Ea matshego a Modimo;
U re u nesetsa botlhe,
Le rona re nesetse;
Le rona, le rona.
Le rona re nesetse.

Rra echo eo pelonomi,


Se re hete bogadin;
Re baleohi le baikepi,
Re labile go wena;
Go wena, go wena,
Re labile go wena.

Mmoloki, u se re hete,
U bolotse mo patlon;
U re batle, u re thibe;
Wena, re gu ikantse;
Go wena, go wena,
Wena re gu ikantse.

Moea o o tiho dintle,


Tse di dihwan mo bathun
Re tlhapise, re baakanye;
Tla, u dihe go rona;
Go rona, go rona,
Tla, u dihe go rona.

Lorato loa legodimo,


Lo lo elan mokgoron;
Pelonomi ea Modimo:
A di hakwe ke rona;
Ke rona, ke rona,
A di hakwe ke rona. J.McK.

196
Ntshepisa Yesu,
Nthiba boleu;
Boichoko pobolon
Ke kopa Kgosi;
Ke dumele Yesu
Le chwaro ea go,
Ka boitumelelo
Thata bogolo.

U nnee go leboga
Le go ikanya;
Ke tlhoahalele
Lehoko ya go.
Ke ikwatlhaele
Go tlhokohatsa;
Nolohaco tekon
Pako mo pholon.

A ko u nnee Yesu:
Thata ea phenyo;
Kgololo boshulen;
Keleco ea gae.
Mpaakanyetsa Kgosi
Bogosi yoa go;
Go sego bogolo
Ke hitlhe kwa gae. A.J.G.

197

Rara ke tiro e kgatlhan


Go tla go baea thapelo
Hano ha pele gag ago.
Me ha re coga mo moshon,
Re e se re tsene mo tiron,
Go lopa thusho Mmolokin.

Le gona ka maitisho
Re be re bee malebogo
A thusho tse re di bonyen.

Yesu hemedi oa rona


Re atamele mo ntwen,
U re tlhabantshe le boleo.

E re tsatsi le phirima
Re ichwarele melato,
Re ntlahatshe mo pedun.

Aga le rona Mmoloki,


Oa rona u nne Mogogi,
E tle tsamaee re goroge. A.J.W.

198

Rra oa rona kwa godimon,


Re rapelela ba rona;
Ke bona ba ba inetsen,
Go gu dihela mo hatshin.

U ba tshegetse mo hihin,
U ba golole mo dibin;
Ba cwedisetse mo tihon
E e gololan tatlhegon.

U ba golole mo baben
Ba ba raelelan dibin;
U ba tshegetse mo raton
Gore ba tshele ka lona.

Ba thuse, Rara oa rona;


U ba lebele mo tihon;
Ba tshegohatse mo thuton,
Go ba nametsha tihelon. R.M.

199

Modisa oa rona,
Le Montshi oa bona,
Ba ba itsen
Rato loa Modimo,
O o nntsen mo sedin,
O o re itsisen
Tsa godimo.

Kgosi,re rapela,
Gore tlamele
Ba ba ean,
Go itsise bona
Ba ba mo bosigon,
Ba ba mo timelon;
E boitshegan.

Ba nne mo go bona
Ba mo tumelon go
Ba godisa
Mo thuton, le kicon
Tsa tse mo kwalon,
Lo lo cwan Modimon,
Go ba cosa. R.M.

200
Mahoko a mantle,
A a nne mo hatshin
Go bonesa;
A ee kwa go bona,
Banni ba mo sigon,
Ba ba len mo loshun
Go tshedisa.

A Moea le ona,
A o ee le yeona
Hoko ya go,
Go bontsha mo moeen
Ba ba mo lehihin,
Go ntsha mo dibin,
Tsa poitshego.

Ba ba gu rapelan;
Ba ba rapelelan
Badichaba;
Ba utlwe mo helon;
Ga gago godimon;
U laole mo thaton
Mo lehatshin. R.M.

201

Moea oa Modimo!
Tsena mo go rona,
Go re nonotsha mo moeen,
Ka re mo thapelon.

Rea ba rapelela,
Ba ba sa mo itsen,
Yehofa Mmopi oa rona,
Eo o ba bopilen.

Le baba agilen
Kwa medimo e ten;
Dichwancho tse di dihilwen
Ka tshipi le logon.

Le ba ba tshelelan
Tse di mo lehatshin;
Ke bona ba ba lebalan
Lohumo loa godim.

Batenegi, bona,
Ba re ba utlwetsen
Botlhoko yo bogolo yan!
Ba ba itatlhilen.

Moea oa Modimo!
Re thuse thapelon,
Go rapelela botlhe ba,
Ba ba ean tshenyegon.- R.M.

203

Itumelen lotlhe, itumelelen


Moea o boilen mo nagen.
Rragwe o la a mmona a le kwa tselen,
A mo chola eo o lapilen.

Utlwan! Utlwan! ba opela yan!


Utlwan! Utlwan! ba ba tumisan!
E le bona bale, ba ba opelan
Pina tse, tsa ba ba gololwan.

Itumelen lona kwa legodimon


Kaga moea monwe o tsilen;
Yana oa bolokwa, o cwa boleun,
Nwana eo o tsecwen mo boshen.
Utlwa! Etc.

A re binen rotlhe, re nne modihon;


Banna lo re pate dipinen;
A go bolelelwe ba ba lobopon
Moea mosha o o dumetsen.
Utlwan! etc. J.G.

204

Go itse man boitumelo,


Yo bo len godimon
Ka tlhabologo ea bona
Ba ba dulen dibin?

E, boitumelo bogolo
Bo mo baengelen,
Go bona ba ba dumelan
Yesu mo lehatshin.

E, Rara oa natehelwa
Tiho ea mokgoro;
Morwawe o lebogela
Louno loa ona.

Le Moea oa itumela
Ka tsalo yoa bona,
Ba o ba tsaletsen boshen,
Ka thata ea ona. R.M.

205
Morena, ke ea go wena,
Ke mo dibin, le mo poihon;
U nkgolole mo thaten
Ea boleo yo bo mo pedun.

U mphimole mo dibin,
U nkgolole molatun,
U ntlhapise mo mashwen,
U ntshekise mo pedun.

Ke cona tse di nyeletsan,


Kgomoco eotlhe mo moeen;
Ke cona tse di lelekan
Se Moea o se dihilen.

Ncoseletsa mo moeen
Boikhutlwo yo bo eletsan,
Go tlhapisiwa mo madin
A gago a a tlhokegan.

Ke pelo e e thubilwen,
Le pelo e e lelelan
Ditshenyo tse e di sentsen,
Ke eona e u e batlan. R.M.

206

Morena, kea atamela,


Gonne ke mo poihon,
Ka tshenyo tse ke di sentsen;
Ke wela mo mbun.

Kea ikwatlhaea mo pedun,


Ke lelela cona,
Ditlolo tse ke tlodilen
Pedun, le mo tihon.
Dibe dintsi di ncogela,
Di nchwenya mo pedun:
Di ntapisa mo moeen,
Me ke nntse mo poihon.

Ha u mpetsa kaha cona


Tse ke di dihilen;
Ke tla nyelela mop econ
Tse ke di chwanetsen.

Ao Yesu, ka u Mmoloki
Eo o ka nthusa:
U ka phimola molato
O o kgatisan.

Le tshegohaco ea gago,
E e mpolokan;
A e nthuse mo pedun,
Me hon ke tla henya. R.M.

207

Mmoloki, ke mo selelon,
Ga ken a khuco mo moeen;
Ke itigela ha dinaun
Tsa gago, tse di tlhabilwen.

Kgomoco eotlhe e ntlogetse,


Ga ke ope, ke seo hela;
Mpona mo boutlwelon,
Yalo u ka nchwarela.

Morena oa me, ua bona


Ke rata go nna oa gago;
U tsene go nna mo pedun,
Yalo ke tla lapologa.

Ao Yesu eo u tlhabilwen
Ke dibe tsa me mokgoro!
U nkgolole mo dibin,
Me u nkise godimo. R.M.

208

Yesu, kea gu atamela!


Gonne ke mo dibin;
Ke tsile go ipolela
Tse ke di dihilen.

Ke gu latotse mo pedun,
Ka tlhaya ke ditlhon,
Go ipobola mo bathun,
Ba ba ean tatlhegon.

Ke dihile yaka bona


Ba sa gu ren sepe,
Ke gona ke mo theregon;
Ke na thusho epe.

Ke tla ea kae, Yesu oa me?


Se ntese mo poihon;
Gona kea gu atamela;
Nteba loraton.

U ntshekise mo pedun;
U dihe go eona,
Ka thuto e e mo hokun
Ya gago, mo kwalon.
Ke gona ke tla tlhabelan
Tlhabelo aletaren;
Ke gona ke tla se lehan
Se ke se ikannen. R.M.

209

Ke mo dibin, ke tla ea kae


Ha e se go Yesu?
Ke ena Montshi eo ntshan
Dibin le molatun.

Dibe tsa me di dintsi yan


Tse ke di dihilen!
Ke cona tse di nyeletsan
Kagisho mo moeen.

Ke cona tse di ntheran


Tshegare le sigon;
Di ntlhabaka mo pedun,
Di ntsenya tlalelon.

Ga ke na gope kwa ke ean,


Le ope eo thusan,
Ha e se Yesu, eo o ren,
Tlan go nna, lotlhe, Tlan.

Madi a gagwe a buan


Kagisho mo pedun,
A bue le nna eo batlan
Kgololo molatun. R.M.

210

Ba ba ipolelan
Leina ya Modimo,
A ba itise mo tihon,
A di nne molemo.

Chwanelo ea bona
Ka bam o lehatshin,
Ba tshabe moea oa yeona,
Le tse di shokamen.

Le boamarure
Bo nne mo go bona,
Yaka mocwedi mo pedun,
Le tlotlo mo tlhogon.

A ban ne poihon ea
Modimo oa bona,
Go tlhoahala, go gola
Kico le mo raton. R.M.

211

Go lesedi ya Modimo
Ye le tukan mo kwalon;
O le re laetse, rona,
Go le gasa mo bathun.
A masedi a, a tuke:
A phatsime mo bonchun;
Ba ba dutsen mo lehihi
Ba a bone mo pedun.

Go lehihi ye le kwennen;
Bantsi bam o go yeona;
Matlho mantis a lebela
Sedin ye, mo go lona.
A masedi a, a tuke, etc.
Ha dipone tse di tuka,
Banwe ba bam o nagen,
Ba tla bona sedi yana
Ba boela Morenen.
A masedi a, a tuke, etc. J.G.

212

Botshelo yo bo sa khutlen,
Ke boshwa yoa bo, ba ba nan
Le thata e e dumetsen
Ena eo o ka bolokan.

Matshego a a sa khutlen,
Ba a bona, ba ba lelan,
Ka tshenyo tse ba di sentsen;
Ke gona ba itumelan.

Kgomoco e e sa khutlen,
Ke ea bona ba ba leban
Morena, eo o ba shwetsen,
Ka losho lo lo boitshegan.

Kagisho e e sa khutlen,
E newa ba ba ikanyan,
Ha ba ichwarecwe dibe
Ka madi a a tshepisan. R.M.

213

Tuelo e e dumelan
Mahoko molemo;
Ke thata e gakgamatsan,
Ke neo ea Modimo.
Ke eona e e gololan
Ba ba mo molatun;
Ke eona e e totisan
Kagisho mo pedun

E tlhotlheletsa mo pedun
Rato loa Modimo,
E itshepisa boleun,
E ntsha mo dimpin.

Ke ponesho mo lehihi,
Botlhale mo silon;
Le thatahaco bokoen,
Le phenyo mo loshun. R.M.

214

Leha re sa bone tsela


Re ka ea hela Modimon;
Yesu ke ena eo gogan
Botlhe ba bam o ikanyan.

Leha re mo pitlaganon;
O golola mo go eona;
Ke gona re tla cwelelan
Ka Yesu, eo re kaelan.

Ha bosigo bo re wela
Re hela re tla cwelela;
Yesu Morena re na nae,
Go re bonesa mo sigon.

Ga go lehihi go ona,
Modimo, le Rara oa rona;
Re tla o bona mo tselen,
Mo lesedin, le mo hihin.

Kwa o re gogelan gona


Re tla nna hela kagishon;
Ke gona re tla cwelelan
Ka Yesu, eo re henyetsan. R.M.

215

Ga ke itse dipaka tse Rre o di di loban,


Me mosho o tla bolela masego a ona;
O rata go re chosetsa ka se se ka kgatlhan.
Kwa o nkisan ke tla ea, ke nntse ke kgantsha ena,
Me ka kagisho mo pedun, ke re, go itse wena
Me ka kagisho mo pedun, ke re, go itse wena.

Motlhala kea o bona, ke se ntekanan.


Sedi, ke bona ya Modimo, bogolo mo hihin,
Kwa go len tidimalo ten, ke utlwa a re, Tlan.
Kwa o nkisan, etc.

Yalo kea ea, oa nkgoga ke nntse k emo hihin,


Ke rata sigo le Modimo, go sedi boyosin;
Go eta ka eona tumelo, bogolo go ponatshegon.
Kwa o nkisan, etc. J.G.

216

Mothusi eo re thusitsen
Mo pogishon, le tlalelon;
Motho eo o gu ikanyan,
O agisiwa ka cona.

Baikanyi ba gu ikanyan
Ba tla nna hela boikhucon;
Le botlhe ba ba gu batlan
Palelon eotlhe ea bona.

Ke Yesu eo o phimolan
Keledi cotlhe, mo matlhon
A bona, ba ba lelelan
Tse di ba tlhabisan ditlhon.

Ke Yesu eo re gomotsan
Mo khumanegon ea rona;
Ke ena eo re nonotshan
Go ichokela bokhutlon. R.M.

217

Re mo kgantsha ka metlha,
Leha re le mo hihin,
Ka tumelo ea rona
Kgantshan Yesu kwa re ten.

Kgantshan hela ka ena;


Kgantshan Yesu Morena;
Kgantshan Kgosi ea rona
Kgantshan Yesu kwa re ten.

Moea o re kaela
Tsela e re ka e tsaean;
Go latlhega, ga goeo;
Re mo kgantsha kwa re ten.
Kgantsha hela, etc.

Kwa go phepa, re baken;


Mo poitshegon, rapelan;
Kwa re bonan bothata,
Kgantshan Yesu, E! le ten.
Kgantshan hela, etc.

Re mo kgantsha mo tshelon,
Kgantsha re le mo eton,
Re tle re ee godimon,
Kgantshan Yesu kwa re ten.
Kgantshan hela, etc. J.G.

218

Ha banwe ba ea tenegon,
(Bantsi ba ea gona!)
Ke boiha thata mo pedun
Go nna yaka bona.

Ekote lencwe ya Yesu


Ye le mo dikwalon,
Le botsa le re, Le wena
U ea yaka bona?

Ao Yesu! ha u sa nthuse
Go nna mo thapelon,
Ke tla tenegela rure,
Ke nna yaka bona.

Ga kena thata mo pedun:


Botlhale ga boeo.
Ha keg u lesa, marure
Ke tla ea tatlhegon.

Go go na op emo hatshin,
Le kwa legodimon,
Eo o ka nkeman noken,
Go nthiba timelon.
Ha u mphemela mo tselen
E ke e sepelan,
Go nkokotletsa mo moeen,
Gona ke tla henyan. R.M.

219

Ao, lona ba lo tenegan


Go ena eo o lo shwetsen!
Gopolan se lo se dihan,
Lo e se lo ee moletin.

Ke lona ba lo hapogan
Tsela e ean kwa polokon;
Ao, retsan eo o lo bitsan,
Lo e se lo ee tatlhegon!

Ke lona ba lo boelan
Dilon tse lo di latlhilen;
E man eo o tla gomotsan
Mogan lo digelwan hihin?

Ke lonaba lo bapotsen
Yesu gape ponatshegon,
Ka lo cwelela mo dibin
Tse di mmapotsen mokgoron. R.M.

220

Yana ke boea tenegon


Ka pelo e e thubilwen;
Ga go sepe mo go eona,
Ha e se se se shokamen;
Ke leba hela mokgoron,
Ke lelalela godimon.

Kea itatlha ha dinaun


Tsa gago tse di tlhabilwen;
Ao Yesu! ke tla diha yan,
Ha u ntlhoboga mo hihin?
Ke ipobola selelon,
Gonne ke wetse tenegon.

U itse go mpotsa ten,


Kwa boichwarelo bo bonwan;
Le go nkgogela ha dulon
Sa gago, se se rapelwan;
Ao! u mphodise mo moeen,
U nchwarele mo dibin.

Ke batla pelo e boihan


Go latlhegelwa ke Modimo,
Le moea o o roroman
Go ba go wela mo dibin;
U dihe bonno mo pedun,
Mphelegela kwa loshun. R.M.

221

Re batla khuco e e len


Boikhuco yo bo sa khutlen,
Yo bo kwa godimon.
Loeto lo re lo etan,
Ke lona lo logolo yan!
Ka lo cwa tshenyegon.

Re le ra aga mo dibin,
Ra lala hela mo hihin,
Ka re le bosilon;
Re cosicwe mo go yeona
Ka tshegohaco ea ona,
Modimo oa rona.

Re cwelela kwa godimon;


Re itumisa mo kicon
Ea Yesu oa rona;
Ke ena Montshi eo ntshan;
Mohenyi
Eo re henyetsan,
Ka re le tlhabanon. R.M.

222

Ke dumela amarure
Khuco yoa godimo,
Ke khuco yoa boitumelo,
Pele ga Modimo.

Morena, ntlhoahatsa
Go tsena mo khucon;
Go utlwa thata ea yona,
E e cwan tumelon.

Ntlosa dibe mo pedun,


Mpontsha mo moeen;
Ke gona ke tla ikhutsan
Raton loa Modimo. R.M.

223

Lona meoea e batlan,


Go ikhutsa mo hatshin;
Lo reetse Yesu mo kwalon;
Lebelan godimon.
Leha lo lela mo dibin,
Eo bitsan ke ena;
O tla lo ntsha mo hihin,
Ka e le Morena.

Boichwarelo kwa go ena


Ke yona yo tletsen;
Yaka metse a magolo
A tletse lewatlen.

Ga go kgaolo mo go lona
Rato loa Modimo;
Lo heta tse di gopolwan
Hatshin le godimon.

A rato lo tlose cona


Dipoiho mo pedun;
A lo re thuse moeen
Tshelon le mo loshun. R.M.

224

Go tlhogonolo yan
Ba ba mo kagishon!
Ba itse ba ichwarecwe
Ditlolo tsa bona.

Ba basa balelwen
Ditshenyego tsa bona;
Ke bona ba ba abelwan
Tsalano Modimon.

Ba nntse bam o tishon;


Ba leta mo tselen,
Ka ba cwelela mo poihon,
Raton loa Modimo.

Ba hela ba gola,
Tihon tsa molemo;
Ke bona ba bat la unwan
Louno loa godimo. R.M.

225

Leha kagisho ke e bona tselen,


Ha go ka nna kgan go eona;
Leha go nna yan, ke itse ka wena,

Go sego, go sego mo moeen.


Go sego, go sego mo moeen.
Go sego, go sego mo moeen.

Ha Satan a chwenya, ke wela tekon,


Go kico e e gomotsan,
Morena oa itse ke mo bokoen,
Ke ena eo mpolokan.

Go sego, go sego mo moeen.

Boleo le yon abo nchosetsan?


O bo sentse ka boyotlhe,
O bo kokothetse ha mokgoron;
Me o bo o nkgolotse moeen!

Go sego, go sego mo moeen.

Yana ke tla nna, ke tshelela Morena;


Leha tsela e thata yan,
Go bo mo loshun, leha mo botshelon,
O tla bua kagisho moeen.

Go sego, go sego etc.

Morena, re leta go tla ga gago,


Go re isa kwa godimon,
Ka tumo ea trompet ka pico ea gago,
Kwa boikhuco yoa nete bo ten.

Go sego, go sego mo moeen.


Go sego, go sego mo moeen.
Go sego, go sego mo moeen.

226

Boichubelo yoa rona,


Bo bonwa Modimo;
Ke yona yo bo ikanwan,
Ha re mo pogishon.

Ke yona yo bo tlhomamen
Go cotlhe tse di eon;
Ka cotlhe tse di mo hatshin
Di wela tshenyegon.

Go molapo o o elan,
O o cwan godimon,
Ko ona o o tla nosan
Batho ba Modimo.

Ke lehoko ya Modimo
Ye le mo dikwalon;
Ke yeona ye le gomotsan
Ba ba mo tlalelon. R.M.
227

Ea, hitlha selelo


Sa gago hihin;
Se latlhele kgakala,
Se nne sephirin;
U se akanyetse
Mo maitishon;
Bolelela Yesu,
O gauhi yanon.

Bolelela Yesu,
Ke eo o retsan;
Bolelela Yesu
Eo o ka thusan;
Gopola lesedi
Ye le mo tselen;
A ko u le chole,
Ke ya Morena.

Ba banwe ba gona
Ba ba re gaisan;
Matlhoko a bona
Ke a boitshegan;
Ea, hitlha a gago
A a nyadiwan;
Ba kaele Rrabo,
Eo o gomotsan. J.G.

228
Nwana oa dikhutsahalo,
A u rata kgomoco?
Bitsa leina ya ga Yesu,
Ke mohenyi oa losho.
Yesu we! Yesu we!
Leba kwano, Yesu we!

Ha diteko di gu hola,
Ha ba epa mamena,
Se cwelele u le wesi,
Mun oa tsela o gona.
Yesu we! etc.

U nnelan u sena tiho,


Motshegare mogolo?
Tiho ke e; u e dihe;
Tuelo ke e kgolo.
Yesu we! etc.

Banwe ba hetela pele,


Ka re setse mo hatshin;
Ba re raea Tlhoahalan,
Lo nne tlhaga mo tselen.
Yesu we! etc.

Chwaran thata badumedi!


Inelen go rapela;
Bitsan leina ya ga Yesu,
Le bitsen ka tumelo
Yesu we! etc. J.McK.

229

Lapologan, baratwi,
Ana lo boihelan?
Atla sa me se thata,
Se se lo hemelan.
Re hemecwe ke wena;
Baba ba retelecwe
Ke atla sa Morena.

Lapologan, baratwi,
Ana lo boihelan?
Atla sa me se thata,
Se se lo hemelan.

Lapologan, baratwi,
Ba ke lo ratilen;
Atamelan kwa go nna,
Ba lo ntihelan.
E, re gu atamela,
U le ha mokgoron;
Dibe re di tlogela
Mo boichwarelon.
Lapologan, etc.

Yesu ke botshabelo,
Yesu ke moshwedi,
Yesu ke cholohelo,
Yana le ka gale.
Go mo ke boikanyo
Yo bo sa tlosiwen
Ka nyaga tsa botshelo,
Bo ea le mo loshun.
Lapologan, etc. J.McK.

230

Ke rona ba re tsamaean
Ka boikanyo mo lehihin;
Tumelo e re henyetsan,
E re gomotsa sekaken.
E, re tla hitlha kwa gaen,
Bonno yoa rona godimon;
Leha re eta mo sedin,
Leha re tlhola mo hihin.

Eo o dutsen mo teronen
Ea gagwe, kwa legodimon;
Morenonotshi bokoen,
O tla re isa kwa phenyon.

Moshupatsela oa rona
Ke lehoko ya Modimo,
Le bontsha kwa re ean gona,
Ka re batlhodi mo hatshin.

Ke gona re itumelan
Go ichokela bokhutlon,
Ka sedi ye le phatsiman,
Ye re isan kwa Modimon. R.M.

231

Dipogisho tsa lehatshe


Matshego go rona;
Di re thusa go rua legae
Ye le kwa godimon

Di tla nyelela,
Di tla nyelela,
Pogisho le bohutsana,
Di tla nyelela.

Leha re lapisiwa yan


Ke bothata mono,
Go tla phatshima kerona
E re tla e rwalan.
Di tla nyelela, etc.

Le wena, eo u lapilen,
Baea mo go Yesu
Pogisho cotlhe tsa gago;
Me di tla nyelela.
Di tla nyelela, etc.

U tlhatlose merapelo
E e mo ikanyan,
Me u mo ree, Thato ea go
E dihwe mo hatshin.
Di tla nyelela, etc.

Mogan u khutlan mo tihon,


Le mo kganen cotlhe,
U tla cholwa mo mabogon,
U lapologa ten.
Di tla nyelela, etc. J.T.B.

232

1. Dikagisho mo hatshin ya dikgan?


Yesu ke ena eo re agisan.

2. Dikagisho tsapen a botlhoko?


Go direla Yesu, tapologo.

3. Dikagisho mo dikhutsahalon?
Ke na le Yesu, ke mo kgomocon.

4. Dikagisho, ditsala mo tselen?


Yesu oa di disa, kwa di len ten.
5. Dikagisho mo go sa itsewen?
Rea itse Yesu, o mo teronen.

6. Dikagisho, losho lo le gauhi?


Me Yesu o hentse loso gale.

7. Go lekanye; bokutlo bo gona,


Yesu o etla, me re tla mmona. - E L.

233

Esen yana, nwanaka, u tla bona,


Pele go harwa mo looton loa sekgwa,
Me u tla rua boshwa godimon.

Esen yana, batimedi ba gona,


Ba biletsa ka rato legaen;
Esen yana, di ile tsa me dinku,
Me u tla di thibela lesaken.

Esen yana, baratwi ba sa lela,


A ba kaelwe eo o gomotsan;
Balwetsi bag u batla mo botlhokun,
U nne mothusi eo ba lekolan.

Esen yana, ba ten ba ba hegelwan,


A ba rutwe go bina mo moeen;
Esen yana, khutsana di le gona,
Ea u di mphuthele diphuken.

Yana hela! ka mosho go serwalo,


Harep ea gouda, sekgele mo atlen,
Go tla opelwa pina e e gaisan;
Pina ea legae, e e sa khutlen. J.G.
234
Go lehihi, me go thata,
Tsela ke e e lapisan;
Gomola, u lelale,
Mosho o tla kagishon.
U tla itumela, u tla itumela,
Lelalela legodimon;
U tla itumela.

Go thologa dikeledi,
Go lebelecwe bosigon;
Modimo oa gomotsa,
Me u tla nna lesedin.
U tla itumela, etc.

Leha u nntse ka logaba,


Lobaka lo lolele yan,
Namela, u tla kgora,
U tla coga modihon.
U tla itumela, etc. R.P.

235

Ao! go nna le kagisho e memyesan


Lehatshe ka bontlentle yoa eona;
Ao! go nna le tumelo e e henyan
Matsapa mantsi a mo go yeona.

Go setse go disa, go le gonnye yan,


Go heta pheho, le pula e nan;
Ka lobaka re tla yala selelon,
Ke gona dinata di tla bohwan.

Ka lobakanyana re tla gelela


Ha dinokanen tse di mo hatshin;
Lenyora le tla hela rure ten
Kwa metsin a magolo, kwa noken.

Ka lobakanyana re nne re tshele


Lookwane lo lo tukan, diponen;
Ke gona nao tsa Monyadi digwasan,
Me re tla mo kgatlhantsha dipinen. J.G.

236

Banyana ba Modimo
Ka lo eta mo tselen,
Binan ba boitumelo;
Cwelelan cholohelon.

Lo etela kwa sedin,


Lo bana ba Modimo;
Loa eta yaka bona,
Ba ba kwa legodimon.

Ba le ba etsa lona,
Mo ditekon, le poihon;
Yesu eo ba golotsen,
Ke eo o sa hetogen.

Lo se boihe, cwelelan;
Se diegen, rapela;
Lo tla hitlha godimon,
Lo bana ba Modimo. R.M.

237

1. Ke gopola legae ya me kwa;


Ke gopola monate oa yeona;
Me Morena kete hkea mmona,
O re baakanyetsa bonno ten.

Kganteye ! Kganteye;
Re lebe kwa borakanelo;
Kganteye ! kganteye !
Re lebe kwa borakanelo.

2. Re tla bina dipina tsa kwa,


Ke dipina tsa Yesu Morena ;
Re tla diha ditiho tsa kwa:
Re ithuta go ronwa ke ena.
Kganteye ! ect.

3. Go lela ke ga rona yanon,


Me go ka lela man a na nae?
Go ditshenyo le losho kwano;
Cotlhe tse, ga di tsene mo gae.
Kganteye ! ect

4. Ba ga K'resete mo lebelelen,
Ka a gaufi Morena oa rona.
Kganteye ! O tla re yamogela,
Go nna nae ka gale kwa o ten.
Kganteye.

238

Re nntse re le mo loeton,
Re labile ga rona;
Re ntse re le mo loeton,
Kwa moseya kwa bontlen;
Go tla hela loeto lo,
Re tla hitlha rure gona;
Re sa nntse re le mo loeton,
Kwa legaen ya rona, etc

Go hitlhile batho bantsi,


Kwa moseya, godimon;
Go sae a mashomo mantsi,
Manno a sa le gona.
Go tla hela loeto lo, etc.

A re liken go ithusa
Ka thusho tsa Morena;
Rotlhe re nntse re opela;
Ga poloko ka ene.
Go tla hela loeto lo, etc.

Me re tla re re goroga
Re tla itumela yan!
Re opela, re sepela
Mo go ba ba hela loeto lo, etc. J.G.

239

Ha lehihi le ka hela
Ye le mono lehatshin,
Le letsatsi le phatsima
Mo bathun le merahin.
Re tla utlwa ka bogolo,
Se Yesu o se buan;
Re tla itse go ratana
Mogan o le tla tlhaban.
Go itse, re tla itse, Yesu o tla re goga;
Mo phepahalon ea mosho oa letsatsi ye le
Tlan;
Re tla tshela re itsanye, mogan o le tla
Tlhaban.
Gonwe tsela re e gata
Ka pelo e lapilen,
Le go shwaila mo merutin
Tselen tse di bapilen;
Pico ea gwe Tlan ditsala
E tla re kopanya ten;
Motlhen re phuthegan gona,
Mogan o le tlhabilen.
Go itse, etc.

Re tla nna mo boitumelon,


Re nna gona teronen,
Re na le ba re ba ratan,
Go itsanye mo bontlen.
Pina tse tsa malebogo,
E le tse di sa khutlen;
Kwa meruti e tlogilen,
Mogan o le tlhabilen.
Go itse, etc. J.G.

240

Cholohelo e bonwa Morenen,


E gomotsa re le dichwenyon;
Re ea kwa go Yesu godimon,
Kwa re tla hitlhelan ba rona!

Go sego, go sego, ka re tla ba bona godimon.

Cholohelo e bonwa lehokun,


Kagisho e cwa mo go yeona;
Ga go kwa re ka belaelan.
Re tla ba re bona ba rona!
Go sego, etc.
Cholohelo leha re bothaten,
Ke naledi ea Bethelehem;
E ruta ka sedi ya eona;
Re tla ba re bona ba rona!
Go sego, etc.

Cholohelo ke naledi moshof


E e bitsan tsatsi ya gagwe;
E tla re bosigo bo sele,
Re be re kgatlhantshe ba rona!
Go sego, etc. J.G.

241
Boikhuco bogolo
Ke yo bo godimon,
Boitumelon yo bogolo
Yo bo len kwa sedin.

Le yona ikhuco yo,


Bo tletse godimon;
Ke gona re itumelan
Go tsena go yona.

Re baen hano ha,


Re sa le mo tekon;
Me re cwelela go yona
Yo bo len godimon.

Boikhuco yoa rona


Bo tlhonwa kwa sedin;
Ga go tlhapeo kwa go ona;
Motse oa Morena.

Modimo oa rona,
U bakwe mo helon;
U cholohelo ea rona,
Go re isa sedin. R.M.

242

Lo rapelen tlhen, bakaulenwe,


Rapelan, Modimo oa bitsa,
Letsatsi le phirimile,
Me re eme ha lomoten.

Bosakhutlen boa atamela.


Bosakhutlen boa atamela.

He! lo baken, marun goa duma.


He! lo baken, tlhaban ea khutla.
Kgalalelo ea atamela,
Me kgosi e tla bonala.
Bosakhutlen, boa atamela.

He! lo leten, nwaga oa heta;


He! lo leten, motlha oa hoha.
Letan yaka ba ba okan
Balwetsi ba ba tlhobogwan.
Bosakhutlon, boa atamela.

Bonan! Bonan! Bosigo boa sa,


Retsan! Retsan! Bashwi baa coga,
Ba eme ba itlamile;
Monyadi o atametse.
Bosakhutlen boa atamela,
Bosakhutlen boa atamela. J.T.B.

243
Ao! go nna le ditsebe
Tse di ka mo utlwan,
Go retsa melao eotlhe
Ea ga Yesu eo nthoman;
Go ea, ha a ka mpitsa,
Ka moea o itumelan,
Ke be ke leke go bitsa
Le batho ba ba timelan.
Ao! go nna, etc.

Ao! go nna go inotla


Ke laolwe ke ena,
Moronwi eo nnan ha kgoron
Ka a laolwa Morena;
A ke nne molomo hela
O bitsan ba ba mo nagen;
Ha a sa rate go nthoma,
A supe ha ke tla nnan ten.

Me ha a ka nthoma,
Leha ke botlhanken,
Ke ka nna eo nyadiwan,
Gore batho bat le kgosin.
Ke tla choletsa mokgoro,
Ona o o ka bolokan.
Nna ke tla inotla hela
Go bo ena eo tlotlwan. J.G.

244

Lorato lo lo gaisan
Lotlhe loa batho botlhe;
Rato lo lo naparelan
Botlhe ba chaba cotlhe.
Lorato lo lo gaisan
Ke lona lo lo sa rekwen;
Ga go theko,
Rure ga go theko.

Ke lona lo lo lerilen
Mo hatshin Yesu Kreste
Dibe o di re lehetse,
Ka go cholola madi.
Lorato lo lo gaisan, etc.

Ke lona lo lo dihilen
Tsela kwa go Jehofa,
Ke gona, yana, ke bonan
Ke na le katamelo.
Lorato lo lo gaisan, etc.

Ke lona lo lo tlositsen
Poitshego ea go shwa;
Losho ke lo atamela,
Ke bona hela boshwa.
Lorato lo lo gaisan, etc.

Ke lona lo lo chwanetsen
Go cholwa ka tebogo;
Baleohi tlan, a re baken
Morena oa tlotlego,
Lorato lo lo gaisan, etc. J.D.H.

245

Go sego pelo e utlwan


Tumelo Modimon:
Kwa lorato lo nntsen gona,
Lo lo cwan godimon.
Kico ga e thusho epe,
Le poiho mo pedun,
Le botlhale mo go eona
Ha rato lo se eo.

Ke rato lo lo cwedisan
Tselen e molemo;
Ke lona lo re henyetsan
Baba mo lehatshin

Rato ke lona lo nntsen


Rure kwa godimon;
Cholohelo le tumelo
Di khutla go yona.

E tla re re bo tlogela
Boago mo hatshin;
Re tla cwelela ka pako
Raton loa Modimo. R.M.

246

Modimo, se u se lopan
Mo hokun le tihon,
U mpeleege mo pedun
Go diha ka shona.

Le shona se u se ganan
Ke se itihela,
A se nne se se ilegan
Pedun le mo matlhon.

A Yesu a nne go cotlhe


Tse ke di eletsan;
A a nkgogele mo moeen
O o tla ntemotshan

Ke gona ke tla golelan


Yesu mo ditihon;
Ke gona ke tla mo etsan,
Ka ke le tshepelon

247

Baka seno se molemo


Go tshabela go Yesu;
Tshegohalo e ka bonwa
Re se re ee kwa loshun,
Ka go leba
Yesu Kresete mokgoron.

Baka, seno se nateho


Go gololwa mo dibin,
Go diega mo tihon e,
Ke tiego mo hihin,
Le tatlhego
E ean bosakhutlen.

Baka seno, se monate


Go leba mo godimo;
Gonne Yesu oa re bitsa
Go re isa kwa sedin,
Go bontshiwa
Mopedun le mo moeen.

Yesu Montshi, le Moruti,


Re hologele yanon;
Tlhapolosa pelo cotlhe;
Iponatse mo thatong,
Mo go rona
Ba re hano phuthegon.-R.M.

248

Ke chwanetse go opela
Hela sesha sa godomo;
Le go ntsha malebogo,
Ka ke sale mo hatshin
Ya batshedi,
Ba tshelelan Modimo.

Ke le ke le pitlganon;
O nkgolotse mo poihon;
Yanon ke tla o gopola,
Ka ke sa le khudugon,
Mo hatshin ye
Ke len moeen mo go yeona.

Ka a utlwa ke rapela,
Yakake le timelon,
Yalo ke tla leboga
Thekololo tatlhegon,
Ka losho lo,
Yesu o lo nchwetsen.- R.M.

249

A re cogen, re lebogen
Mmoloki oa rona;
Moresepetsi mo tselen
E re tlan ka eona.

O re kaetse tshepelon,
Ka re le mo eton;
O re hemetse boshulen
Bontsi bo go yona.

O re disitse mo dilon
Tse di re bolaean;
Yalo re sa le polokon,
Ke gona re bakan.

Ao, Yesu eo u rategan!


Tlhola mo go rona,
Lo kwa le kwa re tlhaolelan,
Tshegare, le sigon. R.M.

250

Go Yesu, lo itumelen,
Lo bo lo siame pedun;
Ha lo amogetse ena,
Se lelen, se chogen yanon.
Mmaken! Mmaken!
Go Yesu, lo itumelen.

Namelan, ke ena morena,


Ha hatshe le kwa godimon;
Re gogwa, re rutwa ke ena,
Go thata Mmoloki oa rona.
Mmaken! Etc.

Gonwe mo kganen e molemo


Baba ba thata e kgolo;
Bathusi ba rona ba teng,
Ba gaisa segolo bogolo.
Mmaken! Etc.
Leha boncho bo re wela,
Me re anapa mo hihin,
A re se chogen mo moeen;
Re nne re mo kgantshe bobin.
Mmaken! etc.

Itumelen mo Morenen,
Dipako lo di opelen,
Ka harep ka mancwe mo moeen
Leshowa le mo tshelelen.
Mmaken! etc. J.G.

251
Go botshabelo Modimon
Kwa ke ka nnan sentle gona;
Ga go mo go ka bo hetan,
Ke tla nna ka gale gona.

Moea oa opela,
Go tla nna kagisho,
Ka go sena diphatsa
Phuken tsa ona.

Ga ken a poiho bosigo,


Kgotsa go le motshegare,
Ke mo morutin oa ona,
Poiho o e lelekile.
Moea oa opela, etc.

Bolwetse yo bo tsamaean,
Lehihi le sena go tla,
Ga bo ke bo mpelaetsa
Thata eotlhe ea Modimo.
Moea oa opela, etc.
Tshenyo ea motshegare
Ga e kake ea mpoitsha.
Moea o bua le Yesu,
Ke bina poloko ea gwe.
Moea oa opela, etc.

Bantsi b aka wa ha go nna


Ha ntlhen e e siamen;
Phuka tsa ona di godimo;
Ke eme tlhatshe ga cona.
Moea oa opela, etc. J.T.B.

252

Sa coga yale bosigon


Hela se sentle yan!
Sa ba ba cwan legodimon,
Ba letsa harepen,
Kagisho e nne mo hatshin,
E e cwan godimon;
Hatshe ya nna tidimalon,
Ya ineela mo kutlwon.

Baengele ba nntse ba tla,


Ba hoha loapin;
Pako e nntse e cwelela
Hatshin ye le lelan.
Ba le okame selelon
Ba hoha loapin;
Me godimo ga medumo
Ba utlwala pinen.

Hatshe le nntse patikegon,


Ea boleo le dikgan;
Pina e nntse e opelwa,
Dikgan di sa khutlen.
Batlhabani ga ba utlwe
Pina e opelwan,
Didimalan baganedi,
Retsan ba opelan.

Le lona ba lo imecwen,
Ka lo le bothaten,
Ba lo palaman mokolen
Ka bonya, ka thata;
Bonan metlha e molemo,
Le e e hetogan;
Lapologan, ikhutsen,
Retsan ba opelan.

Go tla metlha e bolecwen


Gale baprofetin;
Ka go hitlha ona nwaga
O o sa kaiwen;
Ka kagisho e tla tlala,
E e galalelan:
Hatshe yeotlhe le opela
Pina ea baengele. R.P.

253

Ao! ke tla dihan


Go baka Kgosi?
Eo o ikanwan;
Ke ena, Amen
Ke ena molemo,
Eo tshegohatsan;
Mothati ke ena,
Eo o gololan.
Tshego ya bona
Ba ba golocwen,
Ke go na naeo
Kgololo dibin.
Keleco ea bona
Ba ba Morenen,
Ke go mo latela
Ka bam o hatshin.

Ba duduetsa
Ka ba tshepelon;
Ba itumela,
Le mo pogishon.
Ba bua ga Yesu
Ka bam o tselen;
Me ba mo godisa
Eo o ba shwetsen.

Go rata ga bone,
Ke go nna le Yesu,
Ka ba mo tshelon;
Ka ba mo loshun.
Ba ikapesitse
Ka Yesu moeen;
Ba itlhapisitse
Ka Yesu dibin.

Ba tla bonala
Ha pele ga teron;
Ba tla phatsima
Kwa kgalalelon.
Phemelo ea bona
Yesu Morena;
Kgosi ea Dikgosi,
Ka bosakhutlen. R.M.

254
Ke tsenye hatshin ya godim,
Ke ruile khumo ea yeona,
Kwa tsatsi le sa phirimen,
Le bosigo bo hetilen.

Wena Beula! hatshe lentle!


Ha ke eme mo go wena,
Ke lebela kwa moseya,
Kwa ke agecwen matlo ten,
Me ke bona kgalalelo,
Kwa gaen ya bosakhutlen.

Ke spela le Morena,
Ke tsaea kgan e ntle nae,
Oa nkgoga ka setla,
Ka ke le hatshin ya godim,
Wena Beula, etc.

Go tla monkgo oa monate,


O cwa tlharin tse dinana,
Kwa dithunya di sa shwaben,
Kwa dinoka di elan ten.
Wena Beula, etc.

Pheho e nteretse tumo


Ea dipina tsa godimo,
Tse baengel ba di binan,
Ba leboga thekololo.
Wena Beula, etc. R.P.

255
A ga lo utlwele noka e ntle,
E ela hatshin yeotlhe?
E cwa teronen, e cwa Morenen,
Metse a thusa botlhe.

Batlan noka e ntle,


Batlan metse a mantle;
Yesu a re, Nwa, leha e le man,
Batlan noka e ntle.

Thuto ea ga Yesu, ke eona metse


A cwan mocwedi pedun;
A cwa Modimon, kwa legodimon
Tlan, lo new metse yanon.

Batlan, etc.

Ke eona noka ea botshelo, rure,


Yesu o ntsha metse;
Ba lo nyorilwen, tlan lona noken
Yeno, lo nwe monate.

Batlan, etc.

Metse a botshelo a lapolosa


Botlhe ba lo lapilen;
Le khuco bo ten, leha lo diben,
Ditsala, tlan mo Morenen

Batlan noka e ntle,


Batlan metse a mantle;
Yesu a re, Nwan, leha e le man,
Batlan noka e ntle. E.L.
256
Dinao di dintle yan
Tse di emen thaben!
Thaba ea Sion e e bon
Bogosi yoa Modimo.

Taeco ea bona
Ke hoko ye lentle;
Tsiona, bona Kgosi ea go
E laolan go wena.

A tshego thata yan!


Matlho a a bonan
Lesedi ye le cwan godim,
Ye le re bonesan.

Baprofete le dikgosi,
Ba batla dilo tse;
Me ba shule ba sa bone,
Pono e kgolo e.

Badisa ba opela;
Yerusalem ona,
O ponyega ka dihela
Ka ntlha ea eona.

Yehofa oa itlotla
Ka thata mo bathun;
A chaba cotlhe mo hatshin
Di lebe Modimon. R.M.

257

Retsan, retsan dikopelo


Tse di cwan legodimon!
Boitumelo bo dihecwe
Banni ba agilen gona.

Retsan tumo e, ea dintwa


E e cwan baengelen;
Di bolela boitumelo
Banning ba ba mo hatshin.

Yesu Kgosi oa hologa


Go nna Kgosi mo bathun:
Gore a ba tshegohatse,
Go ba ntsha molatun.

Kuan, kuan ntlhen cotlhe,


Mahoko a molemo;
Bolelelan batho botlhe
Tshelo yo bo sa khutlen. R.M.

258

Poloko e le eona e,
E re ipatlelan;
Ga go sepe yaka eona,
Se se itshenkelwan.

Ke tumo e e dumisan
Kagisho mo pedun;
Ke more o o hodisan
Go lwala ga eona.

Re kabo re le mo loshun,
Le mo ditlalelon;
Me re phedile ka eona,
Re eme polokon.
Poloko e dikologe
Merahe mo hatshin:
Diteme cotlhe, lo kuen
Kgololo mo dibin. R.M.

259

Banwe ba itumelela
Lohumo loa bona,
Me rona re obamela
Modimo oa rona.

Badichaba ba itihela
Ka tse di mo hatshin;
Me rona re itshenkela
Tse di len godimon.

Ke bona ba ba inelan
Tlhamanin tsa bona,
Ka re ikanya mo hokun
Ye le cwan Modimon.

Medimo e ba e ratan
Ke eona e shulen,
Ka re dihela o o nntsen
Le kwa bosakhutlen.

Boitumelo yoa bona


Bo khutla mo hihin;
Ka yoa rona bo ea gona
Go Yesu, kwa sedin.

Re tla cwelela mo pakon


Ka re le khudugon;
Me tudueco ea rona
Ke Yesu mokgoron. R.M.

260
Barekwi ba Modimo,
Ba lo ean kwa lesedin;
Lo baen mo lehatshin,
Hatshe ye le mo dibin.

Opelan mo loeton;
Opelelan poloko;
Kgosi ea lona ke eona,
Kgosi kwa magodimon.

Lo cwelele mo kgaton
Tsa Mohenyi oa lona;
Lo se lap emo tselen.
Lo cwelele mo thaten.

Itumelen, lo bona
Yesu, Montshi oa lona;
Lo mo etse mo tihon,
Eo lo shwetsen mokgoron. R.M.

261

Ke tshela ke nntse kopelon,


Mo hatshin ya matlhoko,
Ke utlwa pina e gogan
Poloko ea lobopo.
Leha ke setse le dikgan,
Ke e, ke ka e utlwa
Kgwasho ea eona mo moeen;
Le nna tla opela.

Leha kgomoco ea hela,


Morena o tshedile;
Lehihi le ka mphuthela,
Dipina o di nneile.
Go pheho kae e ka chosen
Ke sa nntse k emo chwere?
Yesu oa me o nthata yan!
A ke ka didimala?

Maru aona a nyelela,


Ke bona go le phepa;
Me tsela ea ntlahala
Ke sa nntse ke gata.
Kagisho e cwan Modimon,
Ke noka ea nkelela,
Ke rua gotlhe ka ena,
Ke tla nna ke dumela. J.G.

262

Ha u tlalecwe ke dipitlagano,
Ha u shule pelo, ua tlhoboga,
U bale matshego, umaka aona,
Me u tla gakgamalela dineo.

U bale matshego a gago


A u a neilwen ke Modimo;
U a bale, umaka aona,
Me u tla gakgamalela dineo.

A u imecwe ke tlalelo kgolo


A mokgoro o u beecwen morwalo,
Bala matshego, go tla heta poiho,
Me u tla opela ka boitumelo.
U bale matshego, &c.
Ha u leba batho ba ba humilen,
Gopola se kreste o se gu neilen,
Bala matshego a a senan theko,
Tuelo ea gago kwa legodimon.
U bale matshego, &c.

Leha u chwerwe ke tlhaban le bobe,


Modimo o gona, u se tlhoboge,
Bala matshego, Baengele ba etla
Ba gu choletse thusho le kgomoco.
U bale matshego, &c. J.T.R.

263
Utlwan, utlwan! pina tsa baengele,
Mo dithoten, le gona lewatlen;
Monate yan se ba se re itsisen,
Sa tshelo yo bo sa itsen boleo!

Binan, binan, lo nntse lo le mo tishon;


Re opelelen pina tsa godim;
Selelo se helele boitumelon,
Meruti e helele loraton.

Gole, gole, ka tshipi di tsidiman,


Lencwe ya Yesu le utlwala ten,
Le batho baba lapilen ba etla,
Modisa, ba lebise go wena.
Binan, binan, etc.

Re een, re een, ka ba nntse ba opela,


Tlan balapi, ka Yesu a re, tlan,
Mo lehihin kodu rea e utlwa,
Kodu e re biletsan legaen.
Binan, binan, etc. R.P.
264
Dihela tsa pako di tsa dihelwa,
Tiho tsa Modimo mo tlholegon;
Bona baengele ba le ba binela
Popo ka pako mo tshimologon.

Hela tsa pako, tsa cosa bosigo,


Yesu Kreste o tsecwen ka yona!
Ba le ba bua ga aona matshego,
A magolo a a newan rona.

Hela tsa pako, E, di tla cwelela,


Barekolodwin kwa legodimon,
Re tla opela Sehela sa Kwana,
Bosakhutlenen kwa kgalalelon.

Re tla opela dihela tsa pako,


Re godisa Modimo oa rona;
Ena Yehofa, o tla re golola,
O tla re isa kwa legodimon.

Rona Bakreste, ream o godisa


Ka re siana tselen tsa rona;
Ena Mohenyi o tla re henytesa,
Ka re sepela mo cholohelon. R.M.

265
Yehofa, leina legolo,
Modimo; ko ona
O re bopilen ka mbu;
Re tshela ka ona.

Yehofa Kgosi ea rona,


Molaodi godimon;
O diha se o se rattan
Lobopon loa ona.

Yehofa Yesu, Mmoloki


O la tla mo hatshin,
Go shwela rona mokgoron,
Go re ntsha dibin.

Yehofa Moea, Mogolo,


Mmonesi oa rona,
O re tshedisa mo moeen,
Ka thata ea ona.

A re baken ka tiho tse


Di gakgamatsan, tsa
Modimo, le Morwa ona,
Le Moea o tshepan. R.M.

266

A re baken, re tumisen
Modimo Mmopi oa rona;
O loa re rata mo thaton,
Tshego aotlhe ke a ona.

A re baken, re tumisen,
Le Yesu eo o re shwetsen,
Le Moea o itshepilen
O re gogelan godimon.

267

Merahe eotlhe, opelan,


Ka boitumelo bogolo;
Bakan Yehofa, tumisan;
Ke Modimo o mogolo.
O re bopile, sen rona,
Re le ba ona mo popon;
Re dinku tse di hulan ten,
Hulon yoa ona mo tshelon.

Tsenan ka kgoro tsa ona,


Ka hela tsa boitumelo;
Eman malwapen a ona,
Mmaken ka boitumelelo.

O molemo o mogolo,
Mo bathun botlhe mo hatshin;
Chwaro ea ona e rure;
Moikanwi mo tshika-tshiken. R.M.

269

A re binelen Yesu,
Gonne ke ena Mmoloki;
A re binelen Yesu,
Ka mancwe, le ka dipelo.
Ka re sa latlhegile,
Re dinku tse di haletsen;
Ka re sa latlhegile,
Yesu o re batlile.

Mo lemcwen ya Gologota
Ka madi a mantl-ntle,
Mo lencwen ya Gologota,
A re reka ka thata.
Utlwan ka a lo bitsa!
Lona lotlhe ba lo lapan;
Utlwan ka a lo bitsa!
A re, oa lo boloka!
Naun tsa gagwe tse dintle,
Ka pako, le ka tumelo;
Naun tsa gagwe tse dintle,
Re itigele rotlhe!
Ana go ka bonwa kae,
Monate o, oa ga Yesu?
Ana go ka bonwa kae,
Lorato lo, loa gagwe?

270
Tlan thaka, ba re sepelan,
Tlan, bakan Morena;
O la a nntse a re goga,
Tlan, bakan Morena.
Mo pesalmen, mo dipinen,
Lo bakan Morena;
O boletse, ga tlhomama,
He! Bakan Morena;
Lebalan chwenyo mo tselen,
Lekelan kwa phenyon;
Lo tlotle Kreste mokgoron,
Me bakan Morena.

Leha re le mo dipoihon,
Re baka Morena;
Lehatshin le mo lewatlen,
Re baka Morena;
Mo sigon le motshegarin,
Re baka Morena;
Ke nna le lona ka gale;
Re baka Morena.
Lebalan, etc.

Lo tlhabanele mokgoro,
Re baka Morena;
Latlhan lehatshe ka Yesu,
Me bakan Morena;
Botshelon, botlhokun, loshun,
Re baka Morena.
Re tshela, ree shwa ka Kresete,
Re baka Morena.
Lebalan, etc. R.P.

271

Morena Yesu o tla tla


Gape mo lehatshin,
A tla go tsea bogosi
Go laola merahin.

O tla tla go nna mo tshekon,


E e senolan
Ditiho tse di dihilwen
Ke botlhe mo mmedin.

Ba tumelo bat la bona


Botshelo kwa bontlen;
Me botlhe ba ba mo gannen
Ba tla ea selelon.

Morena rea gu rapela


Re bee mo tumelon,
Ke gona re tla bolokwan,
Re nna boitumelon. A.J.W.

272

Go bakwe kwa magodimon,


Go bakwe mo hatshin;
Modimo o o tlhomamen
Mo puon le mekgwen.

Botlhale yan lorato lo,


Ka re le bothaten,
Modimo oa cwa godimon
Oa tsena mo ntwen.

Lorato lo, lo golo yan,


Go tsena mo ntwen,
Go ganela, le go henya,
Eo re paletsen.

Go gakgamatsa tiro e,
Go tsalwa yaka rona,
Modimo tota mo chwanon
Ea motho oa boleo.

A pelo-chweu e kgolo yan,


Go ichokela rona
Mokgoro, losho, le ditlhon,
Modimo mo mothun.

A tiro tse di kgolo tse


Di tsene baratwen,
Go ganela, go dihela
Ba ba sa mo itsen. H.W.

274

Go segohala yan!
Ba ba hutsahalan;
Ka bat la bona tshego ye
Le ka ba gomotsan.
Ba ba humanegan
Meoeen ea bona;
Ba tla na le bogosi yo
Bo cwan legodimon.
Le ba ba itigan,
Gonne ba tla bona
Boshwa, bas a le mo hatshin,
Bogolo godimon.

Le b aba mo tlalen,
Le b aba nyorilwen,
Gore ba bone tshimo,
E e ba kgorisan.

Go tlhogonolo ba,
Ba ba ichwarelan;
Gonne go twe, ke bona ba,
Ba ba ichwarelwan.

Le ba itshekilen
Pedun, le mo moeen;
Ka bat la bona Modimo,
Ba sa le mo hatshin.

Go tshegohala ba,
Ba ba agisanyan;
Ba ke bana ba Modimo,
Ke ba ba rategan.

Le b aba patikwan
Tshiamon ea bona:
Le bona ba, ba ba kgalwan,
Ka bam o tumelon.

Ke bona ba ba nan
Letshego mo tshelon;
Ba tla duelwa mo hatshin,
Bogolo godimon.

275

Go sego ba ba dumelan
Tse di mo dikwalon;
Ha ba shwa mo popegon e
Ba tla ea godimon.

Ba tla nna gona sehuben


Sa Aberam, kwa sedin,
Ka botlhe ba ba mo dibin
Ba tla ea kwa hihin.

Ba ba sa itsen Modimo
O o ba bopilen,
Le Kresete, Morwa ona,
Ena eo ba shwetsen;

Ga ban a sepe mo hatshin


Se se ka kaiwan;
Gape ba tlhoka mo loshun
Se se ka gomotsan.

Go tshela hela mo dibin


Go boitshega yan!
Bogolo go shwa gocona,
Ke se se boitshegan. R.M.

276
Go baledi, ba gomotsen,
Motlha ono oa heta;
Go balapi ba ba helan,
Motlha ono oa heta;
Monwe, a re mo thusen,
Ka re eta mo tselen;
A re tsenen mo tihon,
Motlha ono oa heta!
Oa heta! Oa heta!
A re tsenen mo tihon,
Motlha ono oa heta.

Se ineelen ditshameko,
Motlha ono oa heta;
Lo nne hela yaka mosho,
Motlha ono oa heta;
Utlwa ba ba hegelwan;
Bonan ba ba selelon!
Ba thusen, ba nanolen,
Motlha ono oa heta.
A re tsenen, etc.

Ga go sepe sa tlhomamo,
Motlha ono oa heta;
Cotlhe re tla di tlogela,
Motlha ono oa heta;
Molemo o tla mela kwa o ten,
Ka ke se se sa heten;
Motlha ono oa heta.
A re tsene, etc. R.P.

277

Ba lora, ba ba gopolan
Go ikaea ba Modimo;
Ka e le ba tshelelan
Kgatlhego tse di mo hatshin.
Kagisho e ba e utlwan,
Le boitumelo yoa bona,
Ke cona tse di timetsan,
Ka ba cwelela boleun.

Ha re le rure Modimon,
Re hetogile mo pedun,
Ka Moea o re cositsen
Le Yesu Kresete, mo loshun.

Tumelo e, e e dihan
Lorato lo itshepilen;
Ke eona e e nonotshan
Go henya cotlhe mo hatshin.

Re rata tse o di rattan


Mo mekgwen eotlhe ea rona;
Re ila tse o di ilan,
Le kwa le kwa re nnan gona. R.M.

278

Ean go diha tshimon, tiho e gona;


Thobo e kgolo, tlan lona barobi;
Lo leme, lo yale, lo nne mo tihon;
Tlhagolan lo lete, lo robe thobon.
Lo nne lo e dise, go se se senyan;
Lo ka ea lotlhe, lo sa diegelan?
Dinku ken a naco, kwanyana di ten,
Lo een lo di phuthe, tse di lapilen.
Ean go diha tshimon, ean go diha tshimon,
Tiho e gona; ean go diha tshimon;
Thobo e kgolo, ean lona barobi.

Ea go diha tshimon, motlhanka oa me,


Ke gu rekolotse; E! mo go gotlhe;
Botshelo, le moea, pelo le eona,
Maikutlwo, le kico, malatsi aona.
Ke tlogetse pusho e, kwa godimon,
Le pina tsa gona, ka shwa mokgoron;
Ke cwa ditekon, matlhokun, ditihon,
Ke gu dueletse; u oa me, yanon.
Ean go diha tshimon, etc.

Ean go diha tshimon, lobaka lo ten,


Letsatsi lea heta, le hela yanon;
Bosigo bo etla, hihi ya yona;
Lobaka go diha, lo khutla yanon;
Dihan go le mosho, a ko lo dihen;
Ke tla lo nonotsha, tuelo e ten:
Go sego le sego b aba ntihelan,
Ba shwetsa ditiho tse ba di nelwan.
Ean go diha tshimon, etc. J.G.

279
Diha, bosigo bo tla,
Diha maphakelen;
Diha monyo o gona,
Diha o se ten;
Diha le sa tlhatloga;
Diha motshegarin;
Diha, bosigo bo tla,
Mo go sa dihwen.

Diha bosigo bot la;


Diha sethobolokon;
Tiho a e bonale,
Go tla boikhucon,
Nela dipaka cotlhe
Diha, bosigo bo tla,
Mogan e helan.

Diha, bosigo bot la;


Diha mo sephirin;
Tsatsi le sa hubila;
Diha, le se eo;
Diha ka maitseboea,
Le ka lotlatlana;
Diha ka lehichwana;
A ko lo dihen. J.G.

280
A re een kwa tihon, re len ba Morena,
A re gaten motlhala kwa o gatilen;
Ka dikao tsa gagwe tse di re kaelan,
A go dihwe ka pelo se re se dihan.

Re shwailen, re shwailen, re shwailen,


Re shwailen, re kgantshen, re disen.
Re leten kgosi e e tlan.

A re een kwa tihon, batlala ba yesen,


Banyoriwi le bona, ba ise noken;
Boitumelo yoa rona bon ne mo mokgoron,
Re sa nntse re kaela, poloka bathun.
Re shwailen, etc.

A re een kwa tihon, re e ikokwanyetsen;


Bogosi yoa lehihi re bo tlhaselen;
Leina ya Yehofa, re le tlotle pedun;
Re dume ka mancwe Poloka bathun.
Re shwailen, etc.

A re een kwa tihon, thaten ea Morena!


Dikolo, dirwalo di tla bonala ten,
Kwa gaen ya baikanwi, re nna go yeona
Re tla goa le bona, Poloka bathun.
Re shwailen, etc J.G.

281
Go botshe go dihela
Morena oa rona;
Eo o la a re shwela
Ka losho mokgoron;
Le go itsise botlhe
Ba ba sa mo itsen,
Gore le bona batle
Go eo ba ratilen.

Go botshe go dihela
Eo re ineletsen,
Go belega melato
Ea ba ba mo dibin;
O la ikgobalatsa
A aga mo bathun;
Gore a ba golole
Dibin, le molatun.

Go botshe go dihela
Ena eo dihelwan
Ke bona baengele,
Ba ba mo opelan;
Le rona re chwanetse
Go bontsha le rona,
Malebogo a rona,
Mo hokun le tihon. R.M.

282
Banna ke ba marure,
Ke ba tumelo;
Re tlotlen leshomo ye,
Ke ya ga Daniele.

Dintwa di re tlhasela;
Nwe e mo ten;
Re se ka ra inela,
A re tlhabanen.
A re etsen, etc.

Re shupan e le rona
Ba re inetsen?
Re ithiba mo go en
Go kgatlha Morena?
A re etsen, etc.

Molomo o bolela
Se se mo pedun;
Maoto a sianela
Kwa rato lo gona.
A re etsen Daniele
Re le mo tekon;
Pelokgale le tumelo
Di nne go rona.

Re nnen yalo, ka rure,


Banna tumelon;
E nne rona shomo ye
Ke ya ga Daniele.
A re etsen, etc. J.McK.

283
Bakreste cogan, ntwa e ha kgoron,
Thebe e tseen, le lerumo atlen,
Mmaba mo kgatlhantshen, tlogan, tsamaean,
Me lo tlhomamen, leban mmaba matlhon;
Lo tlhomamen, lo tlhomamen,
Lo tlhomamen, leban mmaba matlhon.

Ha lo le mashwen, tlhagahalan, disan,


Me lo se boihen, me lo se hularen;
Mmaba oa lehihi, lo ka mo henya;
Me lo tlhomamen, leban mmaba matlhon;
Lo tlhomamen, etc.

Bogosi yoa Yesu lo bo hemelen,


Disan, tlhoahalan, tlhabanelan loshun;
Kwa o lo isan, se boihen, tsamaean,
Me lo tlhomamen, leban mmaba matlhon;
Lotlhomamen, etc.

Cwelelan, se boihen, ka Morena o ten,


O tsile thushon, o tsile kgomocon,
Rato loa gagwe lo el aka noka,
Me lo tlhomamen, leban mmaba matlhon;
Lo tlhomamen, etc. R.P.

284
Helan Baeti! ba tshegohadicwe,
Ba dikilen mono dipogishon;
Yana ba hentse, me yana ba dutse
Le Yesu mo sedin, kgalalelon.

Ga go na poiho, le dikgwereano,
Le ditapisho kwa legodimon;
Cholohologo, eona e hetile,
Esen go tlhola go bonwa ke bona.

Thebe tsa bona, ba di sikorotse,


Ga go na poiho kwa Yesu o ten;
Chaka tsa bona, ba di huporotse;
Ga go na tlhabano kwa godimon.

Cotlhe tsa chwenyo tsa lona loeto,


Tse di tsar era mo dipoitshegon,
Ba di tlogetse mo moseyen ono;
Ba di apotse hon mo molapon.

Yana ba gona kwa bagalaledin;


Ba yelanala go Yesu sedin;
Me ba opela Sehela se sesha,
Ba duduetsa kwa baengelen. R.M.

285
Re itumela mo hokun
Ye le re bolokan;
Ga go lepe yaka yeona,
Ye le re nametsan.

Leha ba bantsi ba le ten,


Ba ba kgan le rona,
Ke Yesu eo re nametsan
Ka re mo tlhabanon.

Leha rona re bokoa,


Re boihisiwa man?
Re tshela mo go Kresete,
Le Kreste Modimon.

Ke ena tsatsi ya rona,


Le thebe e thiban
Baba ba rona, ebon ba,
Baba ba boitshegan. R.M.

286
Ga go bokhutlo mo kganyen
Re emen go eona;
Ka re sa tshela mo hatshin
Re tla nna tlhabanon.

Baba ba rona bantsi yan!


Kwa ntle le kwa ten;
Ke gona ba re tlhaselan
Sigon, le tshegarin.

Kgatlhego tse di rekisan


Di coga mo pedun;
Ke cona tse di huduan,
Di tsenya molatun.

Satan, mmaba eo mogolo


O re dikologa
Ka herehere, bogolo
Ke ena eo senyan.

Gona batho ba Modimo


Ba emen polaon;
Ke bona ba ba tlhometsen
Ka gale tlhabanon.

Batlhabani ba Morena
Ba ba mo ikanyan,
Ba itse sentle ke ena
Eo o ba nonotshan. R.M.

287
Man eo mo Morenen!
Man eo mo Kgosin!
Man eo len mothusi
Mo go boloken!
Eo o cwan lehatshe,
Eo o tlhabanan,
Man eo nan le Yesu,
Eo ka ronwan!

Ka eona pico e
Re le mo tshegon,
Re ntlhen ea Morena,
Yesu re nan au.

Ga se ka go tlotlwa,
Mo kgalalelon,
Ha re tsena ntwa,
Ha re tla komen.
Me ke ka go rata
Ba ba golocwen,
Yesu oa re bitsa,
Re ka dula yan!
Ka eona pico e, etc.

Yesu, re rekilwe,
Re tsenye botshelon,
U re itheketse,
Re nna mo tlotlo;
Ua mo tshegahatsa,
Eo gu latelan,
U re neile thato,
Eo u golotsen,
Ka kgololo euo, etc.

Leha re tlhasela
Mmaba mo thaten,
Ke ntwa ea Kgosi,
Ke e sa henwen.
Ha a na le rona,
Rona re phenyon;
Ka a sa hegoge,
Re nna tlhomamon.
Re ikwala hela, etc.

Ka re itshenkeewe
Re le kgakalen,
Ra bar a ikanwa
Go nna mophaton,
Re nnen boikanyo,
Re se lebalen,
Re nnen pelokgale
E e chwanetsen.
U tla re boloka, etc. R.M.

288

Cwelan tlhabanelon!
Chaka le thebe, cwa?
Cwa! Kgosi Kresete
O tla phenyon.
Cwan! Lona baikanwi,
Cwan! Utlwan mokgosi,
Cwan! Me se diegen;
Kuan! Kuan!

E, ke eona phenyo, E, ke eona phenyo,


E, ke eona phenyo, re bina tselen;
E, ke eona phenyo, E, eona phenyo,
E, ke eona phenyo, phenyo tumelon

Ganela le mmaba,
U eme tlhabanon;
Kgosi e itse tsa
Rona dikgan,
A re, U se boihe,
Se boihe, nna thata!
Se boihe, inkanye!
Mmaba oa shwa.
E, ke eona phenyo, E, ke eona, etc.

Lwa, leha go thata;


Lwa, go tle kagisho;
Lwa, ntwa e khutle;
Hon u kue.
U kue ka phenyo;
Kua tlotlo ea
Kgosi Morena.
E, ke eona phenyo, E, ke eona, etc R.M.

289
Tlhabanelan phenyo
Ba ga Kresete,
Sholohelan thata
Lo na le ena;
Choletsan bandera
Gotlhe dichaben;
A re tsenen rotlhe
Hela mo ntwen.
Tlhaban ka lerumo
Ya Modimo,
Tlhabanelan phenyo
Mo baben;
Reman ka chaka;
Se khutlen;
Me lo tla ikhutsa
Godimon.

Tau di shena meno


Di le mo tselen;
Baba ba le bantsi
Ba re hodilen.
Re cwelelen pele;
A re ichoken;
Re tla hitlha gona
Hela kwa gaen.
Tlhaban, etc.

A re tlhabanelen
Phenyo Modimon,
Baba ba kwa ntle,
Banwe bam o ten;
A re rwalen helmeta;
A re itlamen;
Re nne ka tumelo;
A re tlhomamen
Tlhaban, etc.

Leha re bokoa,
Thata, Modimo
O tla re abela:
A re tlhabanen.
Bonan baengele
Mo kgalalelon;
Me ba re biletsa
Gona, serwalon.
Tlhaban, etc. A.J.W.

290
Helan banna! Utlwa pico!
E cwa mo kgosin;
Lo se lape mo tlhabanon,
Phenyo e le ten.

Nnan tlhomamo gonne keetla,


Eo ke lo thusan;
Kuan thata mo go eona,
Kgosi! Re tshaban?

Bona shomo a ga Satan


A le mantsi yan!
A tla henwa, lo se boihe,
Ke eo o henyan.
Nnan tlhomamo, etc.

Retsan banna ba re bitsa,


Utlwan terompeta;
Re tla henya ka morena,
Baba botlhe ba.
Nnan tlhomamo, etc.

Leha ntwa e gaketse,


Thusho e gona;
Kresete oa atamela;
Banna a re een!

Nnan tlhomamo gonne keetla,


Eo ke lo thusan;
Kuan thata mo go eona,
Kgosi! Re tshaban? J.G.

291

Nna ke Mocholathebe eo ke emen,


Ke lebeleletse thomo mo kgosin;
Go ea ha taolo e re, tsamaean!
Go emela Kgosi gona mo ntwen.

Utlwan! E lo bitsa, ean le lona,


Banwe ba boi ba ba seon;
Nna ke tla nna eo ka ikanwan,
Leha e ka nna thebe ke e cholan.

Nna ke Mocholathebe mo ntwen;


Ke chotse chaka e phatsiman;
Ke lebeletse pico e cosan:
Mme nna ke monwe eo ke tsamaean.
Utlwan! etc

Nna ke mochola thebe eo ke rattan


Serwalo senwe se se phatsiman;
Ha ke lepelokgale tlhabanon
Tlotlo e tla bonwa rure mo phenyon.
Utlwan! J.G

292

Tsatsi ya kgosi lea tlhaba;


Mahube ke a yeona!
Banna! Cogang mo thobalon;
Naledi e dulekon.
Oa bitsa! akohan! Tlhomelan!
Ean le chaka tsa lona:
Rwalan tlhoro ea poloko,
Shwailan tlhabanon ea Morena.

Lo mo kgantshe, ena Yesu;


Kana go ka choga man?
Ena eo o isan utwa,
Ke eoore henyetsan.
Oa bitsa, etc.

Cwelan pele, lo se boihe


Satan eo o dilolan,
Ka Yesu o tla lo naea
Rwalo se se phatsiman.
Oa bitsa, etc.

Ntwa e tla oketsega;


E tla leba kwa phenyon,
E sa eme, go tla kuwa
Yesu ke eo o hentsen!
Oa bitsa,etc. J.G.

293

Tlan ban ka rona mo eton,


Ba re etelan godimon;
Mo kganyen e re gamelan
Le dibe cotlhe, le Satan,
Ka re le mo hatshin.

Ga go na khutlo go yona,
Boshula yo bo ko tshelon
Yoa rona, mo hatshin:
Ke gona re tla ikanyan
Morena, eore henyetsan
Ka chaka ea gagwe.

Re lelalela go yeona,
Legae la rona godimon,
Go Yesu, kwa sedin.
Re tlhatlogela go yeona,
Bonno yoa rona godimon;
Bonno yoa Modimo.

Ke choloheloearona,
Ba re ichokan pogishon
Ka Yesu mo hatshin;
Go dula nae kwa godimon,
Lebaitshepi ba gona,
Lekabosakhutlen. R.M.

294

Go nna le Morena,
Ke go eletsa yan!
Gonne ke cogelo bontlen
Go ba ba dumelan.
Hano ke mo mmedin,
Ke nntse ke mo eton,
Ka metlha ke atamela,
Ke ea gae ya rona.

Ntlo ea Rra echo


E e kwa godimon,
Nka bona ka tumelo
Kgoro tsa gouta ten.
Hano, etc.

Ke nntse ke rata yan!


Go hitlha rure ten,
Lehatshin ye le phatsiman
Kwa Yesu o nnetsen ten.
Hano, etc.

Ao! go nna le wena,


Rara, ke rata yan!
Go nna hela le Morena
Ke se se rategan.
Hano ke mo mmedin,
Ke nntse ke mo eton,
Ka metlha ke atamela,
Ke ea gae ya rona. J.G.

295

Re ea kwa gae, re ea kwa gae,


Go bona tapolosho:
Re sale hano ka yeno,
Re ea kwa gae ka mosho.
Re ea kwa gae,
Re ea kwa gae ka mosho;
Re ea kwa gae,
Re ea kwa gae ka mosho.

Re shwaila mo mitlwen mono,


Ka nao tse di botlhoko;
Me re tla gata gouta ten,
Mo motsin oa poloko.
Re ea kwa gae, etc.

Ba lo senkan, ba lo lelan,
Leban, me lo tla bona
Meyako ea dikago tse
Morena o go cona.
Re ea kwa gae, etc.

Bonan bontsi! Retsan pina!


Boleo ten ga bo tsene;
Yesu o ten; bonno bo ten,
A re een kwa go ena.
Re ea kwa gae, etc. J.McK.
296

Go heta dinyaga
Tsa botshelo yoa me,
Me ke tla akoha ke ea
Go bona Mmoloki;
Mpaakanya Yesu,
Tsatsin ye legolo,
Ntlhapisa madin a go,
U ntlosetse boleo.

Go heta dipaka
Tsa botshelo yotlhe,
Me ke tla lapologa kwa,
Mo letsapen yeotlhe.
Mpaakanya Yesu,
Letsatsin ye le shweu,
Ntlhapisa madin a go,
U ntlosetse boleo.

Go heta Sabata
Tsa Lehatshe yeno,
Ke tla bona Sabata se
Se senan bokhutlo.
Mpaakanya Yesu,
Tsatsin ya molemo,
Ntlhapisa madin a go,
U ntlosetse boleo.

Go tla tla Kreste,


Go mpitsa kgantele,
Ke rekolochwe ke ena,
Me ke tla busa nae.
Mpaakanya Yesu,
Letsatsin ya phenyo,
Ntlhapisa madin ago,
U ntlosetse boleo. E.L

297
A re itumelen ka re tsamaea,
Re ea kwa hatshin ye le phatsiman,
Kwa Yesu o re lebeletsen gona;
Re tlhoahale go hitlha mo gae.
Tsela tsa rona di kopana gona,
He pele ga Mmoloki oa rona;
Khumo le boshwa yoa rona bo gona,
Re akohelen boikhuco mo gae.

Lesho lo tla tla ka phenyo ea lona,


Ka lo sa thiywe ke ope oa rona;
Losho lo henchwe ke Yesu Morena,
Yana ke kgoro ea yeona legae.
Go anogile lehihi ya rona;
Sigo bo sele yoa kgan tsa kwano;
Modimo ke lesedi ya gona;
Re itumelen go bona legae.

Ba ba re tlogetsen mono hatshin,


Ga ba lebale go re lebelela;
Pina tsa bona di re nametsa,
Akohelan kwa go rona mo gae.
Me lenchwe lenwe, monate oa yeona,
O tla go tsenamo pedun tsa rona,
Ka pico ea ga Yesu Morena
Lo akohen kwa go nna mo gae.
J.McK

298
Bayaki le bacumi, Tla!
Ba lo yakan mono hatshin;
Gopolang legae ya lona.
Le Kgosi, le batho ba eona.
Kwa kgotlen, Kwa kgotlen,
Kwa kgotlen ea ga Yesu Kgosi;
Kwa kgotlen, Kwa kgotlen,
Legodimon.

Bayaki ga ba na ntlo,
Ba hela mo metlaganen;
Le motes, ga go na ope;
Le sepe, ha ese kwa gae.
Kwa kgotlen, etc.

Lo bapetse en, bayaki,


Ka nyaga tse di hetilen?
A ke se lo se belegen,
Lo goroga ka shone mo gae?
Kwa kgotlen, etc.

Papadi ea rona e ten,


Ke khumo e e rategan;
Ke e e batlwan ke Kgosi,
Mo go ba ba tsenan mo gae.
Kwa kgotlen, etc.

Ke tumelo le loraton,
Boinotlo le tlhoahalo,
Go rata go etsa Kgosi;
Ke tse re di isan mo gae.
Kwa Kgotlen, etc. J.McK

299
Re dule mo hihin,
Re cwa Egepeton;
Re batla hatshe godimon,
Kwa re etelan ten.
Haleluya!
Re etela Modimo.

Re cwela kwa Kanan,


Re opela mo tselen;
Me re tla hitlha go yeona
Go tshela mo bontlen.
Haleluya! Etc.

Ga go na poiho ten,
Kanan ya godimo;
Ga go tlala mo go yeona,
Le se se nyorisan.
Haleluya! Etc.

Re tla bona gona


Ka harpe tse dintle,
Kwa boitumelon bogolo,
Ha pele ga Kgosi.
Haleluya! Etc. R.M

300
Lehatshe ye ke go yeona,
Ke hatshe ya boen;
Ga ke na gope kwa ke ean
Kwa tlhatshe ga godim.

Ga go na se ke se ratan
Mo bathun mo hatshin;
Ke gona ke tla se batlan
Kwa hatshin ya godim.

Ke mo poihon e e ntheran,
Ka ke le mo hatshin;
Ke gona ke tla gopolan
Boikhuco godimon.

Ga go na sepe mo hatshin,
Se se ka chwantshiwan
Le cona, dilo tsa godim,
Tse ke di latelan.

Ke tla re ke di bona ten,


Ke itumele yan!
Ke tla bo ke le kwa Kgosin
E ke e etelan. R.M.

301
Lona ba le ratan Yesu,
Balatedi ba Kgosi.
Utlwan taolo ea Morena,
Taolo ke e, cwelelan!
Lo se ka loa diega;
Se hapoge mo tselen;
Lo se shebe kwa morago;
Taolo ke e, cwelelan!

Le ha tsela e thibetse,
Leha metse a magolo
A lewatle a kwa pele,
Ga se sepe, cwelelan!
Lo tla bona mo lewatlen,
Tsela e e baakancwen;
Metse a tsetsereganwa,
Go dimota, cwelelan!

Leha baba ba le bantsi


Ba bonala mo tselen;
Mohenyetsi oa lona
O gauchwani, cwelelan;
Yesu eo o lo golotsen,
Mohemedi mo telen,
Ena o tla lo gorotsha;
Se boihen, me cwelelan! J.B

302

Ke nna, ke sepelan
Le Modimo.
Ke newe ka Metlha
Botsalano.
Ke rutwe ke tsela
Go chwara ka thata
Kgosi kgolo.

Ke nna ke sepelan
Yaka nwana,
A chwerwe ke rraagwe
Ba le nagen.
Yesu u mpoloke,
Mogolo, Morena,
Ka tumelo.

Hihin le bosigon
Goa anoga.
Ga ke na go boiha
Ka ke na nau.
Ke tsamaea hela,
Go lesedi go nna,
Ke le tselen.

Ha re tsalanye ha
Mo lehatshin,
Re tla nna mmogo ten
Kwa godimon;
Le ditsala cotlhe
Tse di tsamailen,
Di godimon.

A re tlhatlogelen
Kwa lesedin;
Yaka dinaledi
Mo letsatsin.
A re een letsatsin
Ye le sa nyelelen,
Kwa Modimon. A.J.W

303
A re cwelelen, ba echo
Ka tshiano ea godimo;
Ga re na khuco mo tshelon
Ha re diega mo tselen.

Re dule hihin legolo


Ya sigo yo bo boitshegan:
Me yana re sianela
Kwa hatshin ye le phatshiman.

Ga go selelo gona, kwa


Hatshin ya rona godimon;
Le diphegelo ga di eo,
Ke gona re cwelelelan.

Dirwalo tse di phatsiman


Re di beecwe godimon;
Le botlhe ba ba eletsan
Go tla ga Yesu bohulon. R.M.
304
Ke nwana oa Modimo;
Ke tlhapile, ke moshweu;
Kea leta, ke leta mo tlhoahalon;
Ke tloga ke huduga,
Ke hudugela kwa gae,
Ke tla bakwa ha ke tsena mo kgoron.
Madin a kwana ele,
Ke tlhapile molatun,
Ke le bontlen le mo boshweun,
Ke a go tsena mo kgoron.

Morena oa lesedi,
Ke mo ratile bobe;
Ke leta kgomochon, ke le mabogon;
Ke mo nntse mo sehuben,
Boikhucon le monatin.
Ke akanya ke ka tsena mo kgoron.
Madin a kwana ele, etc.

E, ke tsena mo kgoron,
Kwa ke lebelecwen ten;
Kwa balapi ba nnan mo tapologon;
Kwa dikgan di khutlilen,
Kwa korona e nnetsen,
Ke Gopola motse kwa ke etelan.
Madin a kwana ele, etc.

Dikgole di ntlogile;
Ke heta dinaledi;
Kea tlun ea Rre, kwa go nnwan kgalalelon
Bonan bosa yo bo san!
Utlwan pina di cogan!
Ke le bontlen, kea go tsena mo kgoron.
Madin a Kwana ele, etc. R.P
305
A re cwelen pele,
Re le mo eton;
Re tlogelen dilo
Tse di mo hatshin;
Go tuka lesedi
Ye le kwa pele;
Ana re tla boiha man
Yesu re na nae?
Leha go dikgan,
Re ea kwa Yerusalem,
Motsin, kea Kgosin.

A re cwelen pele,
Banna le makau;
Le banyana botlhe,
A re nanogen!
Ba ba tlhogo tse di cweu,
Borra le bomma;
Basimane, basetsana,
Re cholen le batlhanka,
Re een le baen;
Le ka motes otlhe,
A re nanogen.

A re cwelen pele,
Ba ga Keresete!
Go itsise batho,
Efangelio;
Bantsi mo lehihin,
Bantsi mo loshun;
Re lopele merahe,
Moea Modimon.
Ba tlosen mo bohohun,
Le mo timelon,
Ba tle mo go Yesu,
Ba tle lesedin.

Motse oa Modimo
O montlentle yan!
Legae ya ga Yesu,
Legae ya rona.
Ana o phatsiman yan!
O monate yan!
Re tla hitlha gona len,
Go nna mmogo ten?
A re liken thata,
A re tlhabanen.
Re een ka leshomo,
Go nna mo bontlen.
A.J.W

306
1. Re tla ema kwa Kgosing
Re opela baengelen
Kgantele,kgantele
Re sepela moshawen,
Pakong , ka bosakhutlen.
Chorus:
Kgantele, kgantele!
Re tla ema kwa kgosing
Re opela baengelen,
Kgalalelo go kgosi!
Haleluya ! haleluya!
Re tla ema kwa kgosing.

2. Mo tumiseng godimon,
Re tla ema kwa kgosing,
Kgantele! kgantele !
Mahutsa ga a nna ten;
Re mo kgantsha mo sedin
Chorus:
Re tla ema kwa kgosing
Re opela baengelen,
Kgalalelo go kgosi!
Haleluya ! Haleluya!
Re tla ema kwa Kgosing

3. Cogan, neo di leren,


Re tla ema kwa Kgosing
Kgantele, Kgantele
Di thololen ha naon,
Lo godise mo pakon.

Chorus:
Re tla ema kwa kgosing
Re opela baengelen,
Kgalalelo go kgosi!
Haleluya ! haleluya!
Re tla ema kwa kgosing

307
Helan tlhen bautlwi! Kuan le lona,
Bolelelan batho se lo se bonyen;
Ba tla utlwa len pico e ba raean?
leha e le man, le man

Leha e le man, Leha e le;


Bolelelan botlhe ba ba mo hatshin;
Rrabo oa ba bitsa, a re, ba tle gae,
Le ha e le man, le man.

Ba ba ren ba etla, ba diegelan?


Kgoro e atlhame; badiegi, Tlan!
Tsela ke Morena, eo o lo raean,
Leha e le man, le man
Leha e le man, etc.

Leha e le man, ke e le tlhomamen;


Leha e le man, je ye le tshedilen;
Leha ele man,: ke ye le sa khutlen;
Leha e le man, le man.
Leha e le man, etc. J.Mck.

308
Ba bitsen, baleohi botlhe,
Le ba ba itlhobogilen;
Boicwharelo le kagisho,
Ba itsisen kwa di ten;
Ba bitsen, le ba bokoa,
Le balapi mo pedun;
Le re, ba tle mo go Yesu,
Ba ikhutse mokgoron.

Ba bitseng, bona Bayuda,


Le dichaba tsa baen;
Bahumi, bahumanegi;
Botlhe hela, ba bitsen;
Rrabo o tla ba kgatlhantsha
Mo tselen ea boikwatlao,
Oa ba chola, oa ba rwesa;
Yana bana, ba mo gae.

Le banyana, lo ba bitse,
Ba ba sa itsen Yesu;
Lo ba rute, le bagolo,
Ba tle go ena yanon.
Ba bitsen, baikepi botlhe,
Ba ba tlhaywan ke ditlhon,
Ba dihelen ka loraton;
Yesu o etla, ba bitsen. J.Mck.

309
Ke chotse lehoko ye,
Haleluya!
Ke tla ba ke le lo nela,
Go bolecwe mo buken,
Haleluya!
Go twe, leban me lo tla tshela
Lo leben, lo leben lo tla tshela;
Lo tshelen, leban Yesu, lo tshelen.
Go bolecwe mo buken
Haleluya!
Leban, me lo tla bo lo tshela.

Ke hoko ya lorato,
Haleluya!
Ye le builwen ke Modimo
Me le na le tlhomamo.
Me le na le tlhomamo.
Haleluya!
A le ikanwe ba ga echo.
Lo leben, etc.

Botshelon, E, botshelo,
Haleluya!
Botshelo yo bo sa khutlen;
E, yanon ke yoa lona,
Haleluya!
Ha lo tla leba kwa go Yesu.
Lo leben. etc H.W.

310
Tla gae! Tla gae!
U lapile pedun;
Tsela e lehihi,
E boitshegan yan.
E, motimedi,
Tla gae! E, tla gae!
Tla gae! Tla, E, tla gae!

Tla gae! Tla gae!


Re gu lelela yan!
Re ema, re leba,
U sa diegelan?
E, motimedi, etc.
Tla gae! Tla gae!
Se nne mo molatun;
Tshaba dibe tsa go,
Tla mo Modimon.
E, motimedi, etc.

Tla gae! tla gae!


Gonne diyo di ten;
Le tsala tsa gago,
Le ba ba gu raean.
E, motimedi, etc. J.G

311
U nnelan ka tlala sekaken?
Go diyo tse di lekanyen,
Mo tlun ea ga Rrago di gona,
Me ke ena eo gu bitsan.
Tla! Tla! Motimedi, go le diyo mo ntlun
Ea ga Rrago;
Tla! Tla! Motimedi Tla etc.

Tla, bua le Rrago, thapelon,


Bolela boleo yoa gago,
ga ke chwanele go nna nwana,
Ke nne mo go ba ba ronwan
Tla! Tla! Motimedi Tla!etc

Ke Rrago, o ema, a lela,


A re, u boele kwa gae;
Pelo ea gagwe e loraton;
Se dihe wena eo mo ganan.
Tla! Tla! Motimedi, Tla! Etc
J.G

312
Baleohi, lo utlwen,
Lencwe ya Modimo
Ke yeona ye le lo bitsan,
Go boea mo dibin;
Boean, boean,
Ke lo sa le sebaken.

Rato loa Modimo,


Lo nntse lo lo bitsa;
Le lona ba lo timetsen,
Ao, lo ko lo shwelan!
Boean! Boean
Yaka morwa mmotlana

A lo ichokela
Go nna mo go cona
Dikgabo, tse di sa tinwen,
Kwa lo etelan ten?
Boean, boean,
Ao, boelan Modimon! R.M

313
Re ea ga rona godimon,
A re een, a re een,
Go baka Yesu loraton,
A re een, a re een.
Bontsintsi bo nntse bo le ten,
Dikgosin, preste, bogosin;
Bo bonwe bontsi bo tselen,
A re een, a re een.

Re ea go bona Kwana ten,


A re, etc.
Le go e baka mo pinen.
A re, etc.
Kerone a re e rwalen,
Sekgele re se phamolen,
Modudueco, re o yen.
A re, etc.

Re ea go ba ba opelan;
A re, etc.
Go bina le ba ba binan;
A re, etc.
Kwa baitshepi ba ba ren
Hosanna e nne go Kgosi,
E e nnan ka bo-sa-khutlen.
A re, etc.

Balapi ba lo imelwan,
A re, etc.
Bonno bo sale gona, tlan;
A re, etc.
Morena a re, inelan,
O tla lo chola, dumelan,
A lo tshedisa ba lo shwan.
A re, etc.

Baleohi, yana lo boeen,


A re, etc.
Akohan, tsenan mo tselen,
A re, etc.
Utlwan Yesu eo o buan,
Kaban mokgoro, ntatelan,
Ke gona lo tla bolokwan,
A re, etc.

314
Tla, diyo di beilwe,
Utlwa u tle.
Tla diyon tsa nete,
Ke tsa bohle;
Tla ntlun ea mofine,
Ikaege ena;
Tsa gagwe ke tseno,
Moleohi tla.

Tla hela mocwedin


O o elan;
Go pholo botlhokun:
Poiho le kgan.
Bontsintsi bo bonye,
Go tlhoke ga goeo;
Tla kwa bohibidun,
Moleohi tla.

Tla bonnon yoa chwaro,


Tla ka pelo;
Eo ratan go henya,
A a nne ha.
Leha u tlhoke en,
Thusho e gona ha.
Kgantsha ena Yesu,
Mokreste tla.

Tla hatshin ye lentle,


Moeti tla.
U sekaken.
Tla harpen tsa gouda,
Tla mo boitumelon,
Tla kronen tsa botlho,
Moeti tla.

Yesu re tla yanon,


Mma re tsene;
Cwe, u re golole,
Re cwe dibin;
Hon mo sedin yele,
Re apere boshweu,
Ga re nka re khutla
Mo dipakon. R.P

315
Bonno bo ten moletlon oa Kwana,
Kwa godimon, kwa bophatsimon.
Tsena, tsena, bonno bo sale ten.

Letsatsi ya gago le hitile;


Sigo bo tsenye, yo bo lehihi.
Tsena, tsena, etc.

Ba ba tsenan ba heta ka bontsi;


Heta le wena, u diegetsen?
Tsena, tsena, etc.

Ba sa phuthega, ba ba tlhapilen
Madin a Kwana e e ba shwetsen.
Tsena, tsena, etc.

Go sa bidiwa ba ba diegan,
Mun oa moletlo o eme ha kgoron.
Tsena, tsena, etc

Go tla cwala Morena,


A sa gu gane, go gana wena.
Tsena, tsena, etc. J.McK.

316
Batlan matimela,
Gopolan bashwi,
Lo se ba lese go ea tshenyegon;
Lelelan baikepi,
Le batenegi,
Ba shupetsen Mmoloki oa bona.
Batlan matimela,
Gopolan bashwi;
Yesu o bolokan balatlhegi.

Leha ba mo nyatsa,
Ga a tlhoboge;
O letile go boea ga bona;
Ba liken ka thata,
Le ka bonolo,
Ha ba dumela, poloko e ten.
Batlan, etc.

Mo dipedun tsabone,
Le ha ba sentse,
Baonno bo ten yoa Moea Modimo;
O ka di tlhapisa,
O a di baakanya,
Ba cwa batlhanka ba Kgosi Yesu.
Batlan, etc.
Batlan matimela,
Dihelan Yesu,
A ke ena Mmatli eo mogolo;
Tsela e tshesane
Re tla e bona,
Ba tshela ka losho loa Morena.
Batlan, etc. J.Mck.

317
Go na le pico e e ren, tlan re thuse;
Tlan le sedi ya Modimo, Tlan!
Le re utlwisen taeco ea poloko,
Ke e re e eletsan.
Cogan ba Modimo, lo ba bolelelen,
Se lebalen taolo, Tsamaean!
Tsamaean, bolelan hoko ya Modimo,
Le kuen mo mahatshing.

Ba tla cwa botlhaba-tsatsi,


Ba tla cwa bophirimon,
Ba tla le ba ba yale.
Go tla tla ba Modimo
Go nna mo hatshin ya bo,
Ba tla rua boshwa ten.

Ao! go gontle mo mayen ke bona bale,


Ba isa hoko ya kagisho
Mo merahin e e nntsen mo lehihin
Go e ruta ka yeona.
Helan tlhen ba Modimo, Eman! lo dihe,
Dihan mo tshiamon ea Morena!
Letsan trompeta e kgolo ea poloko,
Thata ea nna Morena.

Gomotsang bona bale,


Ba itsise Morena,
Le rato loa gagwe.
Kico e, a e tsamae
Yaka metse magolo,
A e bipe Lehatshe.

Lo inetse mo ntwen ea Morena,


Me yana tlhabanan! Tsamaean!
Ba tla lo ganetsa ba cwa ntlen cotlhe,
Ean le bolao tsa lona;
Shwailan, kico ea Morena lo e ise,
Chaka e nne hoko ya gagwe;
Lo tla henya ka Morena oa rona,
Thebe, thusho ea lona.

Lo etela kwa hatshin,


Kwa bahenyi ba nntsen ten,
Kwa ba tla ikhutsan ten;
Lo tla ea ka tumelo;
Me lo tla gorogaten,
Go itumela gona. J.G

318
Baronwa Modimo,
Ba o ba romilen,
Go bolelela botlhe ba
Ba mo baheitenen,
Ga Morena
Yesu eo o ba shwetsen.

Polelo ea bona,
Ke lona loraton;
Go tsile Morwa Modimo
Go ntsha mo dibin,
Ka losho lo,
Loa gagwe Gologoten.

Yana re cwelela
Go rapelela ba
Ba romilwen go bolela
Kgololo tatlhegon:
Yesu Montshi,
U nne thusho ea bona. R.M

319
Kakanya polelo gape
Ea chwaro e tletsen;
U mme ke e utlwe gantsi;
U mme ke e utlwe gantsi,
E e mpolokilen.
Ga ese e bolelwe gope,
Chwaro e e gakgamatsan,
Ga ese e bolelwe gope.

Kagisho ke e itsile,
Moea o sa itse,
Ga tsamaea moengele
A tla go nkgomotsa.
Ga ese e bolelwe gope, etc.

Bogodimo yoa me ke ha,


Ha naun tsa ga Yesu
Boitumelo hela yoa me
Ke go mo dihela.
Ga ese e bolelwe gope, etc.

Ana go tla nna sego yan,


Go nna le ba godim,
Go opela metlhen eotlhe
Loraton loa gagwe.
Ga ese e bolelwe gope, etc.
J.T.B

320
A ko lo nkitsise
Mahoko a yale,
Ga Yesu le poloko,
Le rato loa gagwe;
Mpolelelan sentle,
Ke le mo bonyanen;
Bokoa, ke lapile,
Ke mo bohutsanen.
A ko lo nkitsise,
A ko lo nkitsise,
A ko lo nkitsise,
Ga Yesu morati.

Lo bue tlhe ka bonya,


Ke nne eo o retsan,
Ga eona thekololo
E e gakgamatsan;
Mpolelelan gantsi,
Gore lehoko ye,
Le sa nne yaka monyo
O akoha o heta.
A ko lo nkitsise, etc.

Mpolelelan sentle,
Ka pelo e nthatan,
Itseng ke moleohi eo,
Kreste o mmatlan.
Mpolelela yana,
Wena eo o eletsan
Go nna u nkgomotsa,
Ke len bohutsanen.
A ko lo nkitsese, etc.- J.G.

321
Ditsebe cotlhe lo retsen
Hoko a molemo
Gonne go bitsa trompeta
Kwalon loa Modimo.

Le lona ba lo tshelelan
Tse di sa kgorisen;
Tlan lekan diyo tse di nnan
Le ka bosakhutlen.

Botlhale yo bo sa khutlen,
Yona yoa Modimo,
Bo etleditse moletlo,
Ka diyo tsa godim.

Bo bitsa botlhe go ea ten


Kwa botlhe ba ka ean,
Go inatetsa segolo
Ka tse di rategan.

Le lona ba lo nyorilwen
Ka tse di mo hatshin;
Lo amogele tse di cwan
Mocwedin, godimon.

Bonan molapo o tletsen


Rato loa Modimo!
Ko ona o o ka bonwan
Mo Efangelion. R.M

322
Hatshe yeotlhe, u opele
Sedi ye le gu tlelan;
Batho botlhe ba tla bitsa
Kgosi eabo, Yehofa;
Ba tla utlwa
Hoko mantle a eona

Yesu o la shwela batho,


Go ba ntsha mo hihin
Yesu o tla ikgodisa,
Go ba ntsha mo dimpin;
Ba tla bona
Kwana ba e tlhabecwen.

Gonne Yesu o la laola


Kala tsagwe go eana kwa
Chaben cotlhe, go bolela
Rato loa gwe go cona;
Go di ruta,
Go di ntsha tatlhegon.

Batho botlhe ba tla mmitsa


Mogolodi oa bona;
Me bechwana ba tla etla,
Ba tla Kgosin ea bona;
Le go tlotla
Eo ba ntshan tatlhegon. R.M

323
Efangele ea tuma,
Mo hatshin le lewatlen;
Phoko e ntle ea poloko,
Ke eona re e newan.
Re ratwa ke Modimo ,
Ra newa Morwa ona;
Motho eo o mo dumelan
Ke ena eo tshelon.
Tumo e, e utlwen!
Mo hatshin le lewatlen;
Tumo e, e e tlan
Le botshelo go rona.

Efangele ea bitsa.
Modimo o baakancwe;
Pico e lo se e nyatsen,
Utlwan! A ipolela;
Ke senkgwe Botshelon;
U ye wena moea:
Leha dibe di di kgolo,
Ke nna ke di shweuhatsan.
Tumo e, e utlwen, etc.

Efangele ea cosa,
Ka e bua mo metlhen,
Kaga losho loa bona
Ba ba nnan mo tiegon.
U tshabele rure,
Se diege motlhaben;
U se shebe kwa morago,
U ka wela botlhokun.
Tumo e, e utlwen, etc.
Efangele, hoko ye,
Ya tshedisho ea botlhe;
Ka le bua boichwarelo
Ka Yesu eo bapochwen.
Phoko e molemo;
E e tselen mo bathun;
Go bonetse Kereste Yesu,
Morena eo o busan.
Tumo e e utlwen, etc. R.P

324

Lo een mo lehatshin yeotlhe,


Ke taolo ea Morena;
Bolelelan batho botlhe
Hoko ye le molemo.

Lo ba rute taolo tsa me,


Ba rerelen tsa godim,
Bapetisan badumedi,
Ba ba dulen mo dibin.

Badumedi ba tla bona


Tshelo yo bo sa khutlen;
Ba ba ganan go dumela,
Ba tla tsenwa mo dibin.

Thata cotlhe e le tsa me,


Mo hatshin le godimon;
Amarure ke nna nalo,
Metlha eotlhe mo hatshin.
R.M

325
Utlwan cona, dilelelo
Tse di tlan mo diphehon;
Ke cona di nonorego
Tsa ba ba ean kwa leshun.
Retsan dipico tsa bona,
Ba ba ean kwa poitshegon;
Tlan re thuse, re ea mo leshung;
Ba re yalo tlalelon.

Chaba cotlhe tsa baheiten


Di timela mo hihin,
Di re bitsa go di thusa;
A re cogen, re retsen.

Lona ba ga Kreste Yesu,


Lona ba lo mo sedin,
Tlan re thuse re ea mo loshun,
Lo re ntshe mo hihin.

Lo gopole rato loagwe


eo lo shwetsen mokgoron;
Lo re utlwelen botlhoko,
Rese re ee mo loshun

Yesu retsa kwa godimon,


Isa sedi mo hatshin;
Ntsha batho mo bosigon,
Ba bosetse Golgoten. R.M

326
A re selen tlhen matshego,
A a tletsen mo tselen;
A re boloken Mabele,
Mitlwa, moko, re latlhen;
A re nnen le boitumelo,
Mo matshegon a yanon;
A re tlosen ka boichoko
Mitlwa eotlhe mo tselen.
Re yalen pelonomi
Ga go roywa mo go tlan.

Ga re ratelen dipina
Moopedi a le ha?
Ga re utlwalen monate,
Mon oa ona re na nae;
Ga re ratelen selemo?
Mo marigen re a se batla,
Se sa tlhole se le ten.
Re yalen, etc.

Ha re itse ha nwanyana,
Eo o re senyeditsen,
A tla coga nnyeletse,
Re sa tlhole re na nae,
Re ka gana yan go bonwa
Re mo leba bogadin!
Leha a dihile tshenyo,
Ke e e ichwarelwan.
Re yalen, etc.

Ha re mmona a rapame,
A gatsetse mo leshun,
E re ke oa re kaela,
Kaga mo go hetilen;
E re ke oa re buisa,
A le yalo mo loshun,
Yalan tlhen bopelonomi
Ga go roywa mo go tlan.
Re yalen, etc. R.P.

327
Re yale moshon, peo tse di molemo,
Gonwe motshegaren, cwelan ka pako:
A re ichokelen thobo e e tla tlan,
Re tla itumela, roran diako!
Roran diako! Roran diako! Re tla itumela,
Roran diako! Roran diako! Etc.

Re yale go pula, re yale letsatsin,


Se tshabe serame, gonwe sehako;
Go tla tla go roba, tse di budulen tlhen;
Re tla itumela, roran diako!
Roran diako! Etc.
Yalan ka selelo, yalelan Morena,
Lo se lape pelo; nnan boichoko;
O tla re gomotsa, selelo sea hela;
Re tla itumela, roran diako!
Roran diako! Etc. J.G

328
Re cwa go yala peo tsa rona,
Ka maphakela e mo sigon;
Re cwa go yala mo letsatsin,
Re cwa go yala le mo hihin.
Me thobo e tla nna en?
Me thobo e tla nna en?
Tse, tsa sephirin; le tse, mo sedin;
Tse, re le thata; le tse, bokoen;
Thobo, ke se re se yadilen,
Yana le ka bosakhutlen.

Re cwa go yala diphegelo,


Re cwa go yala le botseno,
Re cwa go yala cona ditlhon,
Le diphuco tse di sa khutlen
Me thobo, etc.

Yana re nyala mo selelon;


Re ba re yala cholohelon;
Re nntse re itse ha barobi.
Ba tla phuthela polokelon.
Me thobo, etc. J.McK.

329
Rona ba Morena,
A re nne mo teton;
Re tlhokomele ka tlhaga,
Re dise ha kgoron.

Dipone tsa rona


Di tuke segolo;
Re ikwakwaelen mankopen,
Ka tisho e kgolo.

Ena a re, Disan,


Lo ipaakanyetsen;
Ka a le gauhi eo o tlan
Go seka mo hatshin.

Go tlhogonolo yan
Ena eo mo teton!
Motlhanka eo o dihelan
Tshegare, le sigon. R.M

330
Ba ha kae barobi ba ba roban
Diako tsa Morena masimon?
Ka thipa tsa Moea tse di segan,
A go se nne ope eo o ganan.
Barobi ba kae? Go tla tla man?
Go bina le bona ba ba robilen?
Kana e man eo o tla selan
Diako tse di ka latlhegan?

Lo ee lo di senke dipatlelon;
Diako di ten, E, mo meheron;
Batla mo mebilen go sa tlhaolwen,
Lo phuthe, lo ise kwa diralen.
Barobi ba kae? Etc.

Go buchwa Mabele le kwa re ten,


Lehatshe le lebeletse thobo;
Barobi ba kae tihon e gaisan?
Kgosi e bitsa, go tla roba man?
Barobi ba kae? Etc.

Ao! tlan le dithipa, banna tlan, tlan,


Phuthelan diako polokelon;
Roran! Morena oa thobo o ten,
Me re tla nna nae mo leshotlen.
Barobi ba kae? Etc J.G.
331
Utlwan lencwe ya ga Yesu
Ye le cwan legodimon;
A re Lona batho ba me
Man eo o tla ean tihon?
Thobo ea me e le gona
Tshimo ke e, e e chweu:
Mo go lona batho ba me
Man eo o tla ean tshiamon?

Kana loa re, go retetse,


Ga re kake ra ea hon?
Tiho e nntse kwa lo ten.
Lo tlhagise ban ka lona,
Rutan bale, kgonan ba;
A banyana ba kaelwe;
Botlhe, botlhe, ba thusen.

Lona ba lo sensn thata


Ba lo len basalagae,
Lo ka rapelela bona
Lo ka rapelela bona
Ba ba ean kwa masimon.
Yesu a re, batho ba me
Ba ke lo itshenketsen,
Thobo ke e, e le kgolo,
Man eo o tla e roban?

Ao! Morena, u re thuse!


Re nonotshe meoeen!
Gore re se be re gane
Go chwelela masimon.
Tshimo, eona, ke Lehatshe
Thobo e nntse e gona
U re nee thata, Yesu,
Go inela mo tihon. J.B.

332
A ko u nkgoge, Yesu,
Ka ke sa le khudugon;
Ke bokoa, u Mothati,
Nkgolola ditekon,
Mo hatshin ye
Ke tlhotsen mo go yeona.

U nne le nna, u nthuse


Go ganela le Satan,
Le go leta, le go etsa
Kgosi e mphenyetsan;
Mogolodi
Oa ba ba gu ikanyan.

Me etlare ha ke tsena
Mo noken ea Yeredan,
Laola poiho go nyelela;
Bua se se agisan,
Yesu Montshi,
Yesu eo ka gomotsang. R.M

333
Go huduga ena,
Eo o tlhobogilen
Matshego aotlhe mo hatshin,
Go hitlha godimon.

Le boitumelo yo,
O bo tshegeditsen,
Ke go latela letshego
Ye len kwa godimon.

Se o se latelan,
Ke se se sa bonwen
Ke bone ba ba gopolan
Tse di mo lehatshin.

Ga a na boshwa mo
Lehatshin ya boen;
O tla bo bona godimon,
Hatshin ya godimo.

Ke eona ntlo e,
E e len godimon;
Ke eona e e tlhomamen
E o tla e bonan. R.M.

334
Rona barata Modimo,
Ba re mo khudugon,
Re opela mo tselen e,
E re ean ka eona.
E, rona ba re tlogetsen
Legae mo lehatshin,
Re hudugela go yeona,
Ya rona godimon.

Le ha re chwenwa mo tselen
Ke teko e lekan
Tumelo e re e necwen,
Tumelo e henyan.

Mohenyi eo re henyetsan,
Ke Yesu oa rona;
Ke ena re mo tshegetsan
Ka re le khudugon. R.M.

335
Ditsala salan, me a re tlhobogen
Monate o re o yelen le lona;
Re chwaraganetse tihon le pedun,
Ka yeno rea khutla, me rea kgaogana.

Tiho e wetse, me rea tsamaea;


Ga lo tlogelwe go diha boyosin;
Letan, rapelan, ka lo na le Yesu;
Ineelen Mmoloki eo o lo gogan.
Thusho e gona; ineelen go Yesu;
Tlhomamen pedun, cwelelan tumelon;
Tlhotlheletsanyan tihon ea Modimo,
Baleohi ba ten, ba leren kagishon.

Lo sale, banyana ba lo dumetsen;


Re tla lo bona le Yesu godimon;
Go tla boea man, a oka Mmoloki?
A chwana le Yuda eo mmolailen.

Sala moleohi, rea tsamaea:


Re tla kopana tsatsin ya tshekisho;
Akoha u tsene tselen ea godimo;
U tshabe lehihi ya bosakhutlen.

Salan batho botlhe, rea tsamaea;


Re tla kopana tsatsin ya tshekisho;
Le ha re seo, moeen re go lona,
Me re tla bonana mo gaen godimon.
Gae! gae ya rona!
Mmoloki re ise mo gaen ya rona. R.P.

336
Re tlile mmogo ka rato
Lo lo re kopanyan;
Lo ganelela kwa tsatsin,
Ye le re kgaoganyan

Lo re kopanya mo moeen,
O o mo tsalanon;
Ha re kgaogana mo hatshin,
Re mmogo Modimon.

Re itumela go ea kwa
O re isan gona;
O botshabelo yoa rona,
Mo gae, le mo eton.

Ha re kgaoganwa mo hatshin,
Kgotsa, le mo loshun;
Re tla kopana godimon,
Kwa go sen kgaogano. R.M.

337
Yesu a coga ka yeno,
Mo moshon, mo loshun;
Ke tla coga yaka ena
Go sa le mo moshon.

Yesu a thuba ka yeno


Ditlho tsa Satan.
Le thata cotlhe tsa losho;
A cogela gona.

Bakreste ba ea ka yeno
Go bala mo kwalon;
Go retsa lencwe ye Moea
O rutan ka yeona.

Le nna ke tsile ka yeno


Go dula phuthegon;
Rra, nthusa go tlhoahala,
Go gu dihela ha.

Ntshela Moea oa gago,


Go tshela ka Yesu;
Gore ke bonwe go ena
Mo tshelon, le leshun. R.M.

338
Modimo o o godimo,
O tla Nkutlwa mo moshon;
O mo go ba ba opelan,
O mo go ba ba rapelan.

Ke tla tloga ke ea gona


Kwa o ipontshan mo thuton,
Ga batla thusho ea ona,
Ka tsatsi ye, ya Morena.

Ha re phuthega ka yeno,
A ko u re hologele;
Ka Moea, o o tlhagisan,
Le Moea o o gomotsang.

U tshegohatse eo rutan,
Le rona ba re mo retsan;
Gore re gole mo kicon,
Le go cwelela mo thuton. R.M.

339
Coga pelo, bonya ea me,
Lelalela godimon:
Itshenkela moea mosha,
U tshela ka molemo.

U bidiwa gompiyeno,
Tsalanon le Modimo;
O mogolo Amarure,
O o laolan godimon.

Ona o tla tshehogatsa


Botlhe ba ba o ratan;
Ka o na le pelonomi,
Go ba retsa thapelon.

Le nna ke tla Atamela


Le ha ke le mo dibin;
Ona, o tla nchwarela
Ka Yesu nchwetsen. Amen
I.H

340
Mosho ono oa Sabata,
Motlha o monate yan!
A re baken, re leboge
Ona o o re naean
Tsatsi yeno
Ya Sabata oa rona.

Tiho tsa malatsi aotlhe


Ga re tlhole cona;
Re inetse ho dihela
Yesu Kgosi ea rona.
Re godise
Ena eo o re shwetsen.

A re tsenen gompiyeno
Mo ntlun ea ga Rra echo;
Bana, re ee kwa kgotlen;
Re kopane,
Renne mmogo tihelon.

Pako, pako, e chwanetse


Bona batho ba Modimo.
Re ka baka re le hano,
Re tla baka godim,
Ka Sabata,
Ona o o sa khutlen. J.B.

341
A bo go le gontle go tsena kgotlen,
Ea ga Kgosi Yesu, Morwa Modimo;
Re tsenen ka bontle yo bo cwan madin,
Madi a Mmoloki, eo o re shwetsen.

Banna cosan pina,


A re opelen;
A re baken Yesu
Hano phuthegon.

Tsatsi ye legolo, le gompiyeno,


Yesu o cogile, a cwa mo leshun.
Hano go loraton, lo cwan godimon;
Hano go le phenyo e tlelan rona.
Banna cosan pina, etc.

Re tlotlen Yehofa, Yesu le ena,


Le Moea, Mothusi ka bosakhutlen.
A go tlotlwen gotlhe eo re rekilen
Ka madi a gagwe a a tlhapisan.
Banna cosan pina, etc. A.J.

342
Tsatsi ya Morena, le eletsegan:
Le botshe, le bontle, le ratega yan!
O la re cogela ka yeona phupun,
Me o tla re cosa le rona loshun.
A ke mo gopole eo o nchwetsen,
Go nthekolola ka losho dibin;
A ke tlhoahale ke sa le tihon,
Ka go mo latela kwa mogodimon.
R.M

343
Dumela tsatsi ye,
Sabata oa rona,
Ye le gopotsen morena,
Ka a chwa mo loshun.

A re itumelen
Ka ntlha ea yeona;
Re tla ikhutsa mo mmedin
Ka moea mo tihon.

Ke gona go tsilen
Kgosi mo baitshepin;
Ke eona e ba kgorisan
Ka diyo tsa godim.

Hano a re leten,
A tle mo gorona:
Re opelan, re ratanen,
Me re nne thapelon

Go ka nna mo helon
Ha Modimo o ten,
Go sita cotlhe mo hatshin,
Le cotlhe godimon.

Kea itshenkela
Go tsena mo leshun,
Ka kutlwoe,le pako tse
Di tletsen mopedun.-R.M.

344

Letsatsi ya Sabata,
Tsatsi ya Modimo,
Le re tlhabetse gape;
A re itumelen.
La etla yaka pula,
E e nan sekaken;
Le tla yaka moreti,
Otlan mo mogoten.

Ga lena bohutsana
Tsatsi ya Modimo;
Diteko di lebetswe,
Re tlhpla mo pinen;
Ga go lenyora lepe
Ye le tla re chwenyan;
Re na le tebelelo
Mo Kgosin, ha kgotlen.

Re tla ka dichupelo
Tsa pako kwa kgosin;
Gore re imolowe
Ke ene mo dibin.
Re tlotla ena Yesu,
Ena eo o re swetsen;
A re cogela rotlhe,
Mo loshun Sabaten.

Sabata o mogolo
O kwa le godimon.
Boikhutso yo bo gona,
Ke yo bo sa khutlen.
Yesu re goge rotlhe
Gore re hitlhe ten;
Gore re hitlhe ten;
Re baakanyetse manno
Tempelen, godimon.-A.J.W.

345

Moea oa me, u cogele;


Baka Modimo, opela!
O gu disitse mo sigon,
O gu cositse mo moson.

Ke tla o tlotla mo moson,


Ke eone tisho mo sigon;
Ke sa le hano mo tshelon,
Nkabo ke le mo loshun.

Me Kgosi ea me ke ona,
A o ntaole gompiyeno;
O ntshiamise mo tihon,
O ntsamaise kgololon.

Ke gona ke tla o kgatlhan;


Ke gona o tla nthusan
Go diha se o se ratan;
Go tshaba se o se ilan. - R.M.

346

Kresete eo o galalelan
Iponatse mahuben;
Phunya maru kamaran,
U ntlhabele mo hihin:
U lesedi bosigon,
Le naledi mo moshon.

Ke nna ke lebeletsen
Sedi ye le nchwakelan;
Se se ntekanyen ke en?
Se se ntumedisan?
Ke phatsimo ea marana
A go a galalelan.

U ntekole mo moen;
Tlosa boncho mo pedun;
U nkgolole mo dibin;
U nkgomotse botlhokon;
U nkgogele mo tselen,
Tsatsi ye le sa Helen.-W.H.R.B.

347

Bosigo bo hetile,
Yanon a re cogen,
Letsatsi le tlhabile,
Ye re le neilwen
Go bona eona tsela
Ea rona mo hatshin;
Yanon re bona sentle
Go diha mo sedin.

Morena u letsatsi
Ya rona mo pedun;
Ao! Ure tshegohatse,
Re bontshe mo moeen.
Gore re gu dihele
Re coga thobalon;
Gore re gu ineele
Go sale mo moshon.
Morena, ichwarele
Tse re di dihilen;
Le dibe cotlhe tsele
Tse di sa itsiwen.
Re leohetse wena
Motsin le mo sigon;
Morena, ichwarela,
Go sale mo moshon.

Rea go solohela,
Yesu eo o tsilen,
Ka re lemo lehihin,
Go re ntsha mo dibin.
Ga re boihe sepe,
Ka re nale Yesu,
Naledi ya ka mosho
Moloki oa rona._ HER.

348

Yesu, Mmoloki, eo o len


Tsatsi ye le sa phirimen,
Ga go lehihi mo pedun
Tsa bona b aba gu itsen.

Yesu, Modisa eo ntisan.


Ke nne le wena mo tsatsin;
Mo bosigon, le mo loshun,
Ke nne le wena eo sa shwen.

Ha monwe eo tenegilen
A ganne mogan u bitsan,
U be u nne mmitse boshulen,
A se robale mo sebin.

U thuse b aba bobolan,


Le b aba humanegilen;
Robatsa b aba lelelan
Tsala tse di ba tlogetsen.

Ka mosho a re cogelen
Go diha se u se ratan;
Re goge, re se timelen
Tselen e isa kwa u ten. W.H.R.B.

349

Mmoloki, re budulele
Tshegohaco mo pedun,
Pele re se re inele
Go robala mo sigon.
Re chwanetse go ipolela
Dibe tse re dihan;
U ka chwara, u golola
Mo go tse re di boihan

Leha tshenyo e re hola


Kwa le kwa re ean gona;
Phemelo ea baengele
E re nnisa thagamon.
Leha sigo bo hihetse,
Ga go se se shubecwen
Ena, Mmoni le Moitse,
Eo o re mo ikantsen.

Go u lape go re disa
Motshegarin le sigon;
Ga u gane go re thusa
Mo palelon ea rona.
Leha losho lo hadima
Go re tlosa mo sigon;
Yalo re tla sholohela
Go khubuga godimon. R.M.

350

Sala le nna, tsatsi le phirima,


Meruti ea bosigo e tsile;
Ba ba nthusitsen ba tsamaile,
Ntlo Morena, nu sale lenna.
Paka tsa me di heta ka pela,
Thata le tlotlo tsa hatshe yeno,
Cotlhe di senyega, di nyelela;
Yesu eo sa heten, sala le nna.

Se tle kapoitshego, Morena,


Tla ka kgomoco, tla ka kagisho;
Phimola keledi tsa me cotlhe,
Thusho e ke e tlhokan, sala le nna.

Ke go eletsa ka paka cotlhe


Thata ea go e henya Satane;
Ga go ope ochwanan le Yesu;
Tlotlo le botlhokun, sala le nna.

U le gona ke tlelwa ke thata,


Le khutsahalo ga e botlhoko;
Ga ke tshabe losho le lebitla
Ke di hentse, ha o sala le nna. Moa

351

Ke a gu rapela, Rara,
Modisa eo molemo,
Ke inela mo go wena,
Mpabalela bosigo.

Me boleo bo mphenya thata,


Bo hentse pelo eotlhe;
Ena nwana oa Modimo,
O hentse dibe cotlhe.

Ntisa bosigo yono


Ka chwaro e e ntle,
E re ha ke ea godimo,
U tlo u nchole sentle.

Me ga gona palo epe


Ea matshego a gago,
Ga go na bokhutlo gope
Yoa thusho ea ga Yesu.

Tlosa dibe tsa me, Rara,


Nthatahatsa mo pedun.
Ntihela paka cotlhe,
Ke tle ke ee godimon. E.L

352
Rara eo o kwa godimon,
Retsa pina tse tsa rona,
Tsa pelonomi ea go.
Tsatsin ye u re disisitse
Ka thata u re thusitse,
Mo loraton loa gago.

Dibe u di tlose Morena,


Le tiho tse di shokamen,
Tse dimpe, dikilo, kgan;
Mo dilon tse tsa hatshe ye
Re hemele, re golole,
Kwana e e re rattan.

Mo dirun tsa gagwe Satan,


Mo meoeen e e timetsen,
U nne thebe e thiban.
Sigo yo u re hemele,
Le kagisho u ree nee,
Le moea o re disan.

Ka monyo o sa ntse o wa
Yalo Moea u re tshele,
Lesego ye, ya gago.
Me e tlarere otsela
Kagisho ea go ree nee,
Re lale ka dipako. J.G
353
Yesu, re thuse mo eton
Go gu gopola mo tselen;
Rona baeti, re baen,
Ka re etela godimon.

Ua re bona le kwa re ean


Mo dithaben, le dibatlen;
Ua re hemela mo sigon,
Ua re tlamela mo tsatsin.

U disa cotlhe mo hatshin,


Le batho botlhe ba yeona,
Le cotlhe tse di tshedilen:
Yesu ke Mmopi oa cona.

U re disitse ka yeno,
U re thusitse mo tselen,
U re lerile helon ha;
Me re gu baka mo Helen.

Dibe tsa rona di tlose,


U re robatse mo sigon;
U re agise ka yona,
Me u re cose mo moshon.

Bakang Modimo mo paken,


Tshego aotlhe ke a ona:
O baken cotlhe mo hatshin,
Le cona cotlhe godimon. R.M

354

Re leboga Modimo,
Ona, Modimo oa rona,
Ka re le hano baken lo
Go gu gopola ka lona.
U re disitse ka yeno,
U re golotse mo loshun:
Re sa le hano mo tshelon;
Re kabo re lemo phupun.

Re ichwarele melato
Re e dihilen ka yeno:
U re agise mo pedun,
Re e se re ee thobalon.

U re okame mo sigon,
U re hemele boshulen;
Gore re cogemo moshon
Gogu dihela mo boshen. R.M

355
Re atamelen lomati,
Baratwi ba ga Yesu.
Tlan, a re yen modiho o,
Re o ye ka tumelo.

Re itisen, re ipotsen,
Re ikisen kwa tlhatshe.
Lorato lo lo re gogan,
A lona lo bonale.

Yesu o re ratile yan!


Me rona rea mo rata.
O re biletsa helon ha;
Re tsile hela yalo. J.B

355(2)
Rara re tsile lomatin
Lo Yesu o lo baakantsen;
Mogocwana le senwelo
Ke mo go beilwen ke ene.

Modimo o ke oa gagwe,
A re, ke nama le madi,
Ka eo oyan ka tumelo
O ya, a nwa Yesu Kreste.

A re tlen ka pelontle,
Mo moletlon oa Mmoloki;
Dipelo di ikhutse ha,
Boitumelon yo bo tletsen.

A mati lo, lo tlotliwe,


Go tle bantsintsi go lona;
Poloko eona e bonwe
Ke botlhe hela, ka Yesu.

Mo lehatshin yeotlhe hela,


Monate o, o utlwale;
Dichaba cotlhe a di tle
Go yela ene Mmoloki. A.J.W

356
Go boitshega, go nateho,
Yesu a le mo helon;
Ke boago yoa Modimo,
A tsile mo go rona.

Bonan hano maichwarelo


A Modimo oa rona;
Ka re leba setlhabelo,
Yesu kwana mokgoron.

Go ntse yan, ka re le hano?


Bantsi bam o lehihin;
Re yesiwa ka letlotlo,
Bantsi ba shwa mo tlalen.

E ko e se ena Yesu,
Ena eo o re shwetsen,
Re ko re le yaka bona
Ba ba ean kwa moletin.

Yesu, u re thuse rotlhe,


Go sepela mo sedin,
Go ganela, le go henya
Cotlhe tse di cwan hihin.- R.M

357
Moea oa me, u tlogele
Dilo tse di mo hatshin;
U gopole, u dihele
Cona tse di sa helen.
Cotlhe tsa hatshe yeno,
Ke mohago mo tselen;
Di dihecwe baka seno,
Di nnyelela mo hatshin.

Ga di kake tsa kgorisa


Moea o o tshedilen;
Ga di kitla di gomotsa.
Ba ba dulen mo dibin.

Ena Yesu e le senkgwe


Se se cwan legodimon,
Gore batho ba abelwe
Se se isan botshelon. R.M.

358

Modimo Rara oa lorato lo,


Lo lo re rekilen mo mokgoron,
Ka Yesu Kreste nwana oa ona;
Re tla ka lona mo selalelon.
Re tla ka Yesu eo o re shwetsen;
Re tla go ya le go nwa diyo tse.
Re lebe Rara, ka lorato lo,
Me u re chole re le go ena
Se lebe ditimelo tse dintsi
Tse re ntsen re di diha ka boomo;
A di phimilwe cotlhe mo madin
A Mmoloki, a Yesu Morena.

Le ba rona, ditsala le bana,


Le batho botlhe ba ba mo hatshin
Le ba ba timetsen, ba sa itsen
Lorato lo lo ka ba bolokan;
Ba phuthe botlhe Yesu oa rona,
Ba tle ba tsee poloko go wena.

Re hano Yesu, re tla mo thaten


Ea gago e e ka re hemelan.
Go yewa diyo tse ke ba gago,
Tse di shupan lorato logolo.
Re golole mo boshulen yotlhe;
Mmoloki re nne ba gago gale.
A.J.W

359
Yesu eo o rategan
O bua yan le rona?
Re kamolebalayan,
Ena eo ore shwetsen?

Rona ba re timetsen
Yaka dinku monagen,
Re ka molebala yan,
Ena eo re batlilen?

Yesu eo o re patan
Mo loeton loa rona,
Ana o ka lebalwan?
Ana o ka gaka yan?

Morena! U re thuse
Nna mopedun tsa rona.
Re se tlhole re gakwa
Ko wena eo re shwetsen. J.B

360
Moshwedi oa rona
Kwana ea Modimo;
E re shwetse mo mokgoron,
Go ntsha mo dibin.

Re tsile ha dinaun
Tsa Yesu oa rona;
Re tsile mo selalelon,
Gommona mokgoron.

Mmele oaga Yesu


O kokothelecwen
Ka dimapo ta tshipi,
Dinaun le diatlen?

Ke dibe tsa rona


Tse di mo tlhabilen;
O re lehetse molato,
Ena eo re shwetsen.

Hano re gopola
Yesu mo tlalelon
Kwa thotanen ea Golgota,
Kwa o re shwetsen ten. R.M.

361

Bakaulenwe, tlan re bone


Yesu Kreste mokgoron;
O re bitsa, ena esi,
Go re yesa moletlon.
Ena o re rekolotse
Mo tshenyegon e e tlan;
Yana re mo sholohetse
Eo o ka re bolokan.

Re molato o mogolo
Le Morena oa rona,
Ka lorato lo logolo
O re shwetsen ka lona.

Yana re tla mo abela


Pako tse di sa khutlen;
E, re tla mo opelela,
Ena, eo re cogetsen. R.M.

362

Go segohala yan!
Ena eo re shwetsen;
O re lehetse molato,
Re mmone mo madin.

Re mmone tlalelon,
Le mo Getsemanen;
Re mo latela mokgoron,
Kwa re mo pegecwen.

Kwana ea Modimo!
Losho lo ke lona,
Lo lo re ntshan mo dibin,
Le pecon tsa cona.

Re tseea senkgwe se,


Le yona boyalwa;
Re Obama ka re bona
Losho logolo lo. R.M.

363
Re cwa mo selalelon
Ka tebogo mo pedun;
Ka re mmonye mokgoron,
Ka re mmonye mo loshun,
Yesu, Kwana a Modimo,
Ena eo o re shwetsen.

Moea o re abelan
Tshego ye re le batlan;
U re cose mo moeen
Ka eo o re tlhabecwen;
Yesu, Kwana a Modimo
Yesu eo re ratilen. - R.M.

364

Re tla le bana Mmolokin,


Ha pele ga phuthego e,
Ke ba re ba adimilwen,
Re ba bosetsa mo go ena.

O kile a tla mo hatshin,


Nwana oa motho le modimo;
A tshela hela mo bathun,
Motho eo o itshepilen.

Me a tla le lehoko ye,


Banyana botlhe a batle;
Ba tsene botlhe bogosin,
Ba ratwa botlhe ke Modimo.

Ba tla Kgosin, kolobecon,


Ba tla go tswa phuthegon
Ke shupo se se se kaean
Ba beewa leina ya Morena.

Ba kolobetse mo pedun,
Ka Moea o segohatsan;
Ba re ba kwalwa lokwalon,
Ba kwalo kon legodimon. A.J.W.
365

Tsala e kgolo ke wena,


U Yesu Montshi oa rona;
Re gu rapela mo moeen,
Go nna le rona mo thaton.

Bana ba rona, ke bone


Bana ba gago mo popon;
U ba tlamele mo tshelon;
A ba nne ba go polokon.

U ba ratile segolo
Yaka u tsile mo hatshin
Ua ba biletsa go wena,
Go ba cholela diatlen.

U ba dihele yaloba,
U ba itsele mabogon;
U ba ree, u re ke bone,
Ba bogosi yoa godimo. R.M

366
Re a leboga, Modimo
Modimo oa rona:
O re golotse mo loshun,
Ka Kreste oa rona.

Re itumela ka yeno
Le b aba godimon,
Ka tlhabologo ea bona
Ba ba dulen dibin.

Re tsile ha go ba chola,
Ka pelotsa rona;
Ka ba inelela Yesu
Moshwedi oa bona.
Rea ba cholamo inen
Ya Yesu oa rona,
Go nna ntlo ea Modimo,
Le sika loa ona.

Re banwe kela ka ena


Mmoloki oa rona,
Go mo dihela mo hatshin,
Go tshela thatanon. R.M

367
Bakaulengwe, re lo chola
Mo phuthegon ea rona,
Ka lo itshenketse tsela
E e ean kwa godimon.

Lo tlogetse hatshe yeno


Le boleo mo go yeona
Go abelwa se se tla nnan
Boitumelo godimon.

Se lebaen maikano
A, a lo a ikannen,
Go latela ka thatano
Yesu eo lo ratilen.

Tlhabanelan Yesu Kreste;


Natlahalan thapelon;
Gonne o ka lo nonotsha
Go cwelela bokhutlon. R.M.

368
Morena, re gu rapela
Go tshegohatsa ba,
Ba ba tsilen go inela
Go tsaana nyalonon.

Ka e le ba ikanan
Ha pele ga Modimo;
A ba nne ba ba ratanan,
Le ka bosakhutlen.

A kgan e se ba cogele,
Le se se huduan;
A ban ne hela kagishon
E e ba natetshan.

A ba thusanye pobolon
E e ka ba chwaran:
A ba tsalane nonohon,
E ba e abelwan.

A ba gopole ena eo
O la le kwa kanen,
Kwa o bontshitsen thato ten,
Ka a le mabotsen. R.M.

369
Modimo oa batho botlhe,
Gopola ban ka rona,
Ba u ba kopantshen yana
Nyalon e e tlotlegan.

Ditihalo tsa malatsi


Di taolon ea Modimo;
Thusho ba e bonye gale,
Ba thuse gompiyeno.

U nne mo gaen ya bona,


U laole mo go yeona.
A go rata ga Modimo
Go dihwe gale gona.

Me e tle re ba kgaogana
Mo lehatshin ya baen,
Ba kopanye ka loratogaen ye e len yeona, - J.B.

370
Re lela, esen yaka ba
Ba len mo cholohologon
Kaga ba ba shulen.
Re itse kwa ba ilen ten:
Ba kwa go Yesu godimo,
Ba le mo baitshepin.

Ke bona ba ba kwa sedin,


Kwa shomon ye le sa balwen
Ha pele ga teron.
Ba rekolocwe mo bathun,
Ka ba tshabetse kwa Lushun
Loa Yesu, mokgoron.

Ba dule mo dipogishon;
Ba hentse mo ditlhabanon
Tse di molehatshin
Ke gona hon, ba aperen
Aparo tse di kgokgothan
Aparo tsa godimo.

Re tla nna yaka bona len,


Le go gololwa mo dibin
Tse di re rerisan?
E, Yesu Montshi oa bona
O tla re ntsha. E, rona
Ba re mo ikanyan. R.M.
371
Ga nka ke tlhola mo phupun,
Ka gonne u lo sentse
Kgolego cotlhe tsa losho,
Yalo ke sholohetse
Go ba go coga mo loshun,
Le go gololwa mo poihon;
Yalo ke duduetsa.

Ke ea gona, kwa go ona


Go tshela nao ka gale:
Ke tla nna ten kgalalelon
Ea gae ya ona hale.
Ke tla ea yalo go Yesu
Le ha ke lala mo loshun;
Ga lo na lobelela.

Me Yesu Kreste oa ona


O tla tla go mpulela
Kgoro tsa bontle godimo;
Hon, o tla nkgogela
Kwa boitumelo bo tletse,
Mo tshelon yo bo sa khutlen;
Yalo kea itumela. R.M

372
Go laocwe batho botlhe
Ba ba nntsen mo lehatshin,
Go shwa losho ganwe hela;
Ga go ope eo sa shwen.

Pico e tla dihalela


Ba ba letsen diphupun;
Ba tla utlwa, bat la coga,
Me bat la ea tshekishon.

Moea oa me, u kubuge


Le letsatsi mo moshon;
Ikapole poduhalo;
U inele thpelon.

Letsatsi lea notlahala


Ye go dihwan ka yeona:
Bosigo boa atamela,
Ga go tiho ka yona. R.M.

373
Moea oa me, u boihelan
Go tsena mo loshun?
Yesu o la le go lona,
O la le mo mbun.

U boihelan go inela
Le Yesu mo loshun?
Yesu a coga mo phupun,
O ilegodimon.

A ncogela mo go eona,
Le nna ke tla coga:
O nthapelela godimon:
Ana, ke boihelan?

Hoko ya gagwe ke yeona


Ye le nkitsen,
Ha ke tla tshela yaka bauo,
Ba bam o dumetsen.- R.M.

374
A ke shwe losho loa bona
Ba Yesu, ba ba lo hentsen;
Go itumela ka lona,
Ka boitumelo yoa godim.

Ha dibe di inchwarecwe,
Go nake tla bo ke henya;
Ke tla nateha mo loshun,
Ka Yesueo nkgomotsan.

Ke tla cwelela mo raton,


Ke mo tshegetsa mo pedun;
Ke gona nka ikanyan,
O tla nna le nna mo loshun,

Ke tla itatsa mo lecwin:


Yesu oa me o la le ten;
Ke tla coga yaka ena,
Ke tlhatlogela godimon. R.M.

375

Go tshela maranen,
Modimon oa rona;
Ke kgalalelo mo moeen,
Ke Yesu mo pedun.

Go shwela tumelon,
Go henya mo loshun,
Ke se se ka itshenkelwan
Bogolo go khumo.

Yanon re sepela
Ka kico mo hokun;
Gore re bonwe modimon
Mo tshelon le loshun. R.M.

376

Modimo o o boitshegan,
En se ke se bonan se?
Ke utlwa dilo di kgolo,
Le tse di boitshegan tse!
Ke bokhutlo yoa tse di eon;
Kwa tlhatshe, le bogodimon!
Ao! a ke iketletse.

Bonan Moseki eo o tlan


Marun a kgalalelo,
Le terompet e e duman;
Diphupu dia gagolwa;
Go coga bashwi go cona;
Ba bilediwa tshekishon,
Tshekisho ea bohelo.

Me bashwedi mo go Yesu
Ba sena go cosiwa,
Ba tlhatlogela mo marun;
E, bat la golediwa
Go bona Yesu teronen,
Mo bontsin yo bo sa balwen;
Ba mo dikanyeditse.

Ga go na poiho epe ten;


Botlhe ba itumela
Mo kagishon, le loraton;
Me tse, ga di nnyelele.
O tla nna nabo mo sedin
Ka tsatsi ye le sa khutlen;
A nke ke ipaakanye. R.M.

377

Tsatsi ya dikgakgamaco!
Tsatsi ye le boitshegan!
Hatshe yeotlhe le tla choga,
Ka le utlwa eo o tlan
Go sekisa
Bashwi, le ba ba tshelan.

Yesu o tla le baengele,


Yesu o tla dikgbun;
Utlwan trompet ka e bitsa
Bashwi botlhe diphupun;
Ba tla coga,
Ba tla mmona mo marun.

Matlho aotlhe a tla mmona,


Mosekisi oa bona;
A hologa ka poitshego
Go ba pico mo bathun;
Le go tlhaola
Badumedi go bona.

Baikepi batla lela,


Ba roroma theregon,
Ka ba batla go mo tshaba,
Eo o tlan mo dikgabun,
Go ba isa
Kwa pecon, mo molelon.

Badumedi batla mmona;


Ba tla tsena godimon,
Kwa batla nnan metlhen cotlhe
Mo bontlen, le thagamon,
Go opela
Haleluya! Amene. R.M.

378

Re leshomo ya bona ba ba tlhabanan


Re ikanne go gana se se bolaean;
Re tlhometse dibata tse di shupetsan
Batho, ha re cwetse more o o senyan.

Go man mo go lona ba lo raelwan


Ee mmaba mogolo, eo ikgololan?
Tla yana mo go rona, inela ntwen;
Ka thata ea kgosi, a re ikanen.

O bolaea ka sekgaodi le ka tseico;


A selo se monate se se yan batho?
Se bo tsenye leganon, le mo seatlen,
Se bo lebe ka matlho, se bo eletsen.
Go man, etc.

Bo digetse ba le bantsi mo bohutsanen,


Bo sentse batho bantle, ba mo mashwen,
Cwan go yona lotlhe, lo ipoloken!
Tshaban boyalwa, bo isa moletin.
Go man, etc. A.J.W.

379

Modimo Rra echo


Re gu lopa pula
Mo go Yesu;
Re bona letsatsi,
Hatshe le omile,
A pula e thele
Marothodi.

U tlose boleo,
Re nne bana beno
Ka tumelo.
Modimo, re baea
Lehatshe ya rona
Ha pele gag ago
Ka thapelo.

Re nee mashogodi,
Thela marothodi;
Pula e ntle,
Ga e gate lore
Lo kgopo loa hatshe;
E e namagadi
Nako eno.

Le pelo tse, cotlhe,


Di omile gotlhe,
Me ka boleo.
Kolobetsa pelo
Ka Moea oa gago;
U retse topo e,
Rra oa rona. E.L.

380

Modimo o o re disan
Ke Rara oa rona,
Ko ona o o re nokan
Ka rato loa ona.

Ko ona o o dumisan
Maru legodimon;
Ko ona o o gadiman;
O gona mo pulen.

Ke gona re o gopolan
Mo tihon tsa ona;
Ke gona re o lebogan
Mo Helen tsa rona.

Ko ona phemo mo poihon,


Le tse di boitshegan;
O ka phedisa go cona;
Gona re ikanyan. R.M.

381
E man eo o ka chwantshiwan
Le Modimo Rra oa rona?
O laola cotlhe mo hatshin,
Le cotlhe kwa magodimon.

Ko ona o o tlhabisan
Tsatsi ya rona mo moshon;
Le eona kgwedi e e cwan,
Go re bonesa mo sigon.

O laola maru mo loapin,


Go re etleletsa pula;
Me o nesa mo hatshin,
Gore re tshele ka eona. R.M.
Ba bantle le ba re mashwe
O re tlamela ka pula;
E nese, Rara mo nagen,
Le gona ten mo masimon.

Apesa lehatshe bontle;


Rudisa tshedi tsa gago;
Re itumele le bana
Kolobecon ea lehatshe.

Rara, u rile, re lope,


Re newe se re se senkan;
Re ke re lope tumelon,
Me pula a e bonale. A.J.W.

382

A re baken Modimo
Ka thobo e bonwyen;
Re buen haleluya
Kodun le mo pedun.
Dipaka le dinyaga,
Di cwa mo Modimon;
A re tlhatlosen pako,
E e cwan loraton.

Ona o nesa pula;


Ona o kgabisa
Dithaba le metlhaba
Ka tse di natetshan;
Ona o tlatsa gotlhe
Ga ona botlalon;
Ona o rwesa nwaga
Ka tse di kgorisan.

Lo tlatsen aletara
Kabelo tsa Modimo,
Diako tsa mabele,
Meoea e rekilwen;
Pelo e kokobele,
E inamele ten;
Lo mmaken ka matshelo,
Ena o lo shwetsen.

Go le Modimo Rara,
O o re dihilen;
Go ena Yesu Kreste
Eo o re golotsen;
Go Moea oa Boitshepo
O re itshepisan,
Re isa malebogo
Metlhen e sa khutlen. Amen.
R.P.

383

Pelo, coga, itumele,


U ineele mo pakon;
Moea, coga, u leboge,
U cwe kodu mo pinen.
Bakaulenwe lo re pate,
Re nnen mmogo sehelen;
Nwaga monwe o hetile,
Oa e re e laolecwen.

Re na le go hutsahala,
Ka go dika mo boleun;
Re na le go itumela,
Re rebocwe mo Raren.
Kgosi rea gu khubamela,
Mmusi kwa legodimon;
Me re hela re gu baka,
Morechwari loraton.

Mmoloki, u re thusitse,
Re nntse hela mo tshelon;
Mo pedun ua thatahatsa
Se u se simolotsen.
Me ha bobe bo re wela,
U re tlele tlhagishon;
Re nne nau, me a re gogwe,
Mo moeen le mo hokun.

Nwana eo oa gompiyeno,
A o tlale matshego;
Rotlhe, u re thatahatse,
Re nne phenyo mo boleun.
Re mo bothaten, rea boiha,
Re nntse mo merwalelen;
Me ha re tlhoboga gotlhe,
Re ikanya Mmolokin. Amen.
R.P.

384
Yesu, u Mmoloki,
Re thuse pinen,
Pinen tsa tebogo,
Tse di gu bakan.
U nntse pelonomi
Hela mo metlhen;
Bontsi yoa matshego
Bo tla malatsin.
Yesu, u Mmoloki;
Re utlwe pakon;
Re leboga chwaro,
Ea go mo nwagen.

Yesu, Mompoloki,
K wena u itsen,
Yaka re kgopega
Leha re olen;
Dibe tse tsa rona,
Tse u di bonan,
A ko u di tlose,
Re nne mo bontlen.
Yesu Mompoloki,
Re nne mo poihon;
U re bontshe chwaro
Ea go mo nwagen.
Yesu, Mompoloki,
K wena u itsen
Se se tla re welan
Re eta tselen;
Me rea gu rapela,
Re tsee seatlen;
U re palamise
Kwa legodimon.
Yesu, Mompoloki
Re nne gauhi nau,
U re bontshe chwaro
Ea go mo nwagen.

Yesu, u Mmoloki,
Re dihe beno,
Beno rure rure,
Ka bosakhutlen.
A malatsi aotlhe,
Nwaga bohelon,
E nne a ga Yesu,
Eo re bolokan.
Hon, Moreboloki,
A re se boihen,
Ka ea gago chwaro,
E nntse mo nwagen. Amen.
R.P.

388

A tshegohaco e e len
Ea Yesu Kreste oa rona,
E nne le rona mo pedun,
Go re medisa tumelon.

Lelona lorato loa ona


Modimo, Rara oa rona,
Re lo tshelwe ka bogolo,
Go re tshedisa mo pedun.
Le kabalano ea ona,
Ea Moea o o tshepisan,
E re gomotse mo moeen,
Ke gona re tla cwelelan. Amen. R.M.

391

Yesu, u re tshegohatse,
U re tlatse mo pedun
Ka lorato, le kagisho,
Go cwelela tshianon
Mo hatshin ye,
Re baen mo go yeona.

Yesu, re gu leboga
Mahoko a molemo;
U re thuse go tshegetsa
Cona tse di kwadilwen;
Re rudise
Mo pedun le mo moeen.

Me etlare u re bitsa,
Go re tlosa mo hatshin,
Re tla hoha ka diphuka
Tsa baengele ba godim,
Go nna nau
Metlhen e e sa khutlen. R.M.

393
Ona o e len mogolo
Godimon, le mo hatshin;
Ona tsala e len kgolo,
Tsala e sa hetogen.

A ko u nne mo go rona,
Re shahatse meoeen;
A lorato lo re kgone
Go sepela mo sedin. Amen.
R.M.
394

Go tsala ea bana botlhe, tsala ea monate;


Leina ya gagwe, gat we, Yesu Keresete;
Me ditsala tse dinwe ga di na chwano nae,
Ke ena eo chwanetsen go ratwa ke botlhe.

Go tapologo ea ban aba bam o dumetsen,


E e senan bokhutlo, kwa Yesu o leng ten;
Ga go na tapologo e e chwanan naeo,
Me ga e na botlhoko, leha e le boleo.

Go legae ya bana botlhe, ga le na letsapa,


Go tla tsena mo go yeona ban aba Modimo;
Ga go na gae ye lenwe ye le chwanan nayeo,
Ke yeona ya lorato le ya boitumelo.

Go serwalo sa banyana se se galalelan,


Ke shona sa botshelo sa b aba dumelan;
Tlan bana ba lo ratwan, ineelen Keresete;
Dumelan mo go ena eo lo shwetse lotlhe. E.L.

395
Ka bana ba Salem ba tla le mmabo go Yesu,
Barutwi ba re, me tlogan lo een kon;
Me Yesu a ba bona hon, a ba a re, lo ba dihan?
Lesan banyana ba tle kwa go nna.

Me ke tla ba chola ke ba kamakama huben;


Ke tla di disa kwana tse, lo se di leleken;
Me ha ba nnela mo pedun, re tla nna mmogo godimon,
Lesan banyana ba tle kwa go nna.

O pelo Mmoloki go chola bana yana,


Me bana bantsi ba sa leo, ba sa mo itsen;
Lokwalo ba sa lo balen, Mmoloki ba sa mo utlwen;
Lesan banyana ba tle kwa go nna.

A u ko u dihe mo bathun ba dichaba tse,


Go ba latlhisa chwancho tse ba sa di ikantsen,
Ba phatshimele godimon, ba ipontse mo loraton,
Ruta banyana go tla go wena. R.P.

396

Ke re bala mahoko a yale,


Ka Yesu a tsile bathun,
Ka a raea banyana ba tle go ena,
Ke rata kabo ke le gona.
Ke rata a mpeile diatla tlhogon,
A ntsentse mabogon a gagwe,
Me ka bona a gagwe matlho ka a re,
A banyana ba, batle go nna.

Me, mo thapelon, ke ka ea go ena


Ke re a nchole loraton;
Me ha ke tlhoahala ke mmatla kwana,
Ke tla ea ke mmona godimon,
Helon go gontle o go etleletsan
Botlhe ba ba inchwarecwen,
Hon bana ba le bantsi batla phuthega
Ba bogosi e len yoa bona.

Bothousanta bantsi ba sa timela,


Ba sa itse gae ya godimo,
Ke rata ba itse ha bonno bo gona,
Me Yesu a rile tlan lotlhe;
Ke tlhologelecwe ke kgalalelo
E e senan sekao mo bathun,
Ka banyana ba chaba cotlhe batla tla
Go tshegohadiwa ke Yesu. R.P.

397

Go eme gona teronen,


Teron ea Modimo,
Banyana bantsi mo tlotlon
Ba ba duelen dibin;
Ba opela kgalalelo!
Ba isicwe man hatshin yele,
Ya bontle bogolo;
Kwa ba agilen kagishon,
Ba opela kgalalelo!

Ke Yesu eo o ba shwetsen
Go ba ntsha dibin,
A ba tshepisa go cona;
Yana bam o bontlen;
Ba opela kgalalelo!

Ba le ba mmatla segolo,
Ba le mo lehatshin;
Yana ba eme go ena;
Ba eme ha Kwanen;
Ba opela kgalalelo! R.M.

398

Nwanyana u rata Yesu?


O rata yan!
U rata ua ea godimon?
O rata yan!
Batla pele boichwarelo,
Ka pelo e le bokoa;
Yesu bana o aba chola;
O rata yan!

O tla retsa merapelo,


O rata yan!
A gu otla ka lorato,
O rata yan!
O kile a le nwanyana,
A tla go gu rekolola;
A hela a gu boloka;
O rata yan!

Ena ga a gu lebale,
O rata yan!
Le go ka a gu tlogela,
O rata yan!
Ga go eo o gu phamolan
Cogon ye le gu hemelan;
O tlhomame eo gu rattan;
O rata yan! R.P.

399

Bana botlhe tlan,


A re opelen,
Ga Yesu Morati oa rona.
Ga a ba nyatse
Ba ba bokoa,
O rata le bona banyana.

Ke ena Kgosi,
Kgosi e kgolo,
Me o rata bana le bona.

Ba ba nyenyane,
Le ba bagolo,
Oa ba chola ha ba mo rata.
J.S.M.

400

Yesu ke Modisa,
Ke mo rata yan!
Kwanyana ea gagwe
E tla boiha en?
Re nne nae ka gale,
Leha a ea kae;
O tla re kaela,
Ba re mo tishon.

Yesu ke Modisa,
O ba rata yan!
Ba e len ba gagwe
Ba ba inelan!
Ba ba nan le ona
Moea mo pedun,
Ke ba gagwe rure,
Ba mo polokon.

Yesu ke Modisa
Eo o re gogan;
Me a re a bitsa,
A re mo retsen.
Leha reka lapa,
A re ichoken;
Ke lorato hela
Lo lo kaelan.

Yesu ke Modisa,
E, le mo loshun,
Ba e len ba gagwe
Ba mo polokon.
O etetse pele;
O ntse o gona.
Me o tla re disa
Mo mogogoron. J.B.

401

E man eo, oa banyana,


Eo o sa mo raten,
Mmoloki, le Morena,
Eo o ba ratilen?

A rata bana botlhe,


Ka a le mo hatshin;
O sa nntse yaka gale,
Leha a kwa godim.

Erile a ba chola
A bua ga bona,
A re, Ba ba nntsen yalo
Ba tletse godimon.
E man eo, oa banyana
Ba bam o itsilen,
Eo o sa raten Yesu,
Ena eo ba shwetsen? R.M.

402

Yesu Montshi, rea gu baka


Mo bonyanen yoa rona;
U re dihe kwana tsa go,
U re chole mabogon.

Yesu Moretshegohatsi,
Kgosi e e ratilen
Babotlana, yaka rona,
Ka u lu le mo hatshin.

Mmoloki, u re tshelele
Rato loa go mo pedun
U re rute go latela
Kico tsa go mo hokun.

U re nee maichwarelo,
Le kagisho mo moeen;
U re thuse go tshabela
Tshelon yo bo sa khutlen. R.M.

403

Re ka dihan, re banyenye,
Ba re tsalecwen bokoen?
Re ka dihela Yesu yan?
Yesu oa rona godimon.

Ditiho dintsi di gona,


Tse banyana ba ka dihan,
Go thusa Yesu tihelon,
Mmoloki eo re ratilen.
Re ka mo rata mo pedun;
Re ka mo tlotla mahokun;
Re tshabe tse e len tsa kgan;
Le cotlhe tse di cwan mmaben.

Ga go nna ope monyenye,


Eo o sa ken a dihela
Yesu tihon e potlana,
Le pakon tse di chwanetsen.
A.J.W.

404

Re badile ga banyana,
Bana ba Yerusalem;
Ba le ba godisa Yesu,
Ba re, Kgosi ea rona!
Yesu, kgosi!
Yesu, Kgosi ea rona.

Me bagolo ba ba utlwa,
Ba re, bana ba, ba ren?
Me ba lopa mo go Yesu
Ba re, a ba buelwen!
Yesu a re,
Lesan, a ba opelen!

Bana ba lo ratan Yesu,


Bana botlhe, opelan!
O chwanecwe ke dipako,
Kgosi, Morwa Modimo.
Ga a nyatse
Ope eo opelan.

A re godisen Mesie!
Yesu eo o tlotlegan;
Ena o ratile bana,
Rona a re opelen!
Re godise,
Yesu, Kgosi ea rona. J.B.
405
Yesu, u re retse
Kwa magodimon,
Ka re atametsa
Pako tsa rona.
Leha u itshepo
Kgosi, godimon,
Bogosi yoa gago
Bo kgalalelon.

U tla re nokela
Ka re kopelon,
Ka re gu rapela
Bonnyen yoa rona.
Rure di bokoa
Pelo tsa rona;
Montshi, u re rute
Go ea godimon.

Morena, u thibe
Rona boleun;
A ko u re lete
Tsatsin le sigon.
Thusa go gu rata,
Ka re tihelon;
Thusa go akela
Hoko dikwalon.

A ko u ichwarele
Maleo a rona;
U re baakanyetse
Go ea go wena.
Motlhen u re bitsa
Go ea godimon,
Re tla duduetsa
Gaen ya rona. R.M.

406
U Yesu oa rona,
Rona ba re mo sedin;
Re gu obamela,
Ka yeno ka Sabata.
U Tsala e hean,
Gona re rapelan
Wena, eo u utlwan
Tsatsin ye le itshepilen.

Re se nne tshamekon
Tsatsin ye le itshepilen
Ka re le mo thuton
Tsatsin ye le itshepilen.
Re laole mo pedun,
Ka tse di mo hokun;
Nna le rona yanon
Tsatsin ye le itshepilen.

Ka re le mo thecon
Tsatsin ye le itshepilen;
A re nne letshegon,
Tsatsin ye le itshepilen;
Ke gona re lopan
Se se re bolokan,
Se u tla se naean
Tsatsi ye le itshepilen. R.M.

407
Tsatsi ye ya Morena,
Yeona ye le itshepilen;
A re se nne tshakekon,
A re se nne mo tihon.

Re opele ka yeona
Yesu Kgosi ea rona;
Re cwelele tihelon,
Yaka ba ba godimon.

Go monate go ea tlun
Ea ga Yesu ka yeno,
Go mo utlwa mo kwalon,
Go golela mo kicon.

Moea o o kaelan;
Ona o re o batlan,
O re bontshe mo pedun
Go cwelela mo hokun. R.M.

408
Yesu eo u pelonomi,
Yesu eo nthatilen;
Nkokama ke kwanyana;
Ntlamela mo hihin.

U Modisa eo molemo,
U ntise mo sigon;
A ko u ntshegohatse,
U ncose mo moshon.

Atla sa go sa bo se le
Senkaedi ka yeno;
Yana kea gu leboga,
Ke inela thobalon.

Ichwarela dibe tsa me;


Nnatetsha mo pedun;
Tshegohatsa tsala tsa me
Mo tshelon, le mo loshun.

Me etlare ha ke heta,
Ncholela godimon,
Go nna nau ka metlha eotlhe
Mo bontlen, le letshegon. R.M.

409

Modisa eo pelonomi,
Nkutlwa thapelon;
U nne le nna sigon yono,
Ke nne mo polokon.
Gompiyeno u nthusitse,
Me kea gu leboga;
U ntlametse ka molemo;
Yana inchwarele.

Tshegohatsa tsala tsa me,


Le bagolo botlhe;
Ere ke shwa u nchole,
Go nkisa godimon.

Yesu, ke rapela yalo,


Ke le nwana yana;
Lesan ban aba tle go nna,
Go bua Morena. A.J.W.

410
Ke nna, ke moeti,
Le moen hatshin;
Leha le le lentle,
Le letse dibin.

Hatshe ya me yele;
Molemo o ten;
Dibe ga di tsene,
Ga go selelo.

Me moetinyana,
Se se chwanetse,
Ke go ikapesa
Se se itshekilen.

Yalo o tla bonwa


Le Yesu sedin,
A le mo dikgabun,
Le mo bontlentlen.

Yesu, ntshekisa
Gotlhe mo pedun;
Nthuta go retsa
Tse di mo hokun.

A Moea le ona
O mpontshe moeen,
Ka ke sa cwelela
Ke le mo tselen. R.M.

411
Basetsana
Ana lo ea kae baeti
Ka ditsamma diatlen?
Rea eta re ntse yana,
Ka molao o cwan Kgosin.
Re ea go ralala gotlhe;
Re ea hela kwa palasen;
Re ea hela kwa palasen;
Hatshin lentle godimon.

Basimane
Bolan se lo se gopotsen
Hatshin yeuo ya godim?
Kobo chweu le dikorona,
Tse di cwan mo Mmolokin;
Re tla bona metse gona,
Metse a a tshedilen,
Re tla aga le Modimo,
Hatshin lentle godimon.

Basetsana
Ana go tla nnan baeti,
Ha re tsena go lona?
Tlan ditsala lo re pate
Tselen euo ea godim;

Botlhe
Tlan, E, tlan, se re tlogelen,
Yesu o baakantse gotlhe,
Yesu o letile botlhe,
Hatshin lentle godimon. R.P.
412
Baengele ba go rona,
Baengele bam o go rona.

Ba isa phoko legaen,


Ba isa phoko kwa legaen.

Kwa Yerusalem godimon,


Kwa Yerusalema godimon.

Baleohi ba hulara,
Baleohi ba boela kwa gae.

Yesu a re ba ka tla,
Yesu a re ba ka tla go ena.

Le banyana ba ka tla,
Le banyana ba ka tla go ena.

Go boitumelo kwa,
Go boitumelo kwa godimon.

Yesu oa re boloka,
Yesu o re boloka rure.

Tlan banyana kwa go ena,


Tlan banyana, ikanyen ena. R.P.

413

Dithoti tsa metse


Di monate yan!
Ha go le letsatsi
Ye le nyorisan.

Yalo le dipaka
Tse di khutshane,
Ha re ka di chwara
Di ka thusa yan!
Ditimelonyana,
Di re latlhisa
Tsela ea Modimo
E ean botshelon.

Tiho tsa lorato


Tse di potlana,
Le mahoko yalo;
Go le botshe yan!

Ha re ka di diha,
Re bua aona,
Batho ba le bantsi
Ba itumela. A.J.W.

414
Yesu ntira sedinyana,
Go phatshima bathun,
Go nna sedi ye le thusan
Botlhe kwa ke ean ten.

Yesu ntira hokonyana,


Go ruta dihohu,
Go bua ka lorato lo
Lo gomotsan batho.

Yesu ntira pakonyana,


Go thusa banyana,
Go ba ruta kaga gago,
Ka boitumelo.

Yesu ntira nokanyana,


Go ela sekaken,
Go nosa b aba nyorilwen
Metse a botshelo. E.L.

415
Moea oa Eo o tshedilen,
Modimo o segohatsan,
Kwa batho ba agilen ten,
Hologela mo go bona.

Naea teme tsa molelo,


Le dipelo tsa lorato;
Gore go tle go bolelwe
Lehoko ye le letlanyan.

Naea kagisho le tloco


Tse di cwan kwa Legodimon,
Gore go nne boitumelo,
Mogan hoko a utlwalan.

U kolobetse merahe
E gauhi, le e kgakala,
Bolela phenyo ea gagwe
Yesu Kresete Morena.

U mo galaletse leina,
Go tsamaea batho botlhe
Ba dichaba mo lehatshin
Ba mmitsa Kgosi ea bone.

A Lorato loa Rra echo


Lo dihahale go rona;
Le go boga ga Mmoloki
Go unwisiwe ke wena.
J.T.P

416
Morena godimon,
A mantle manno a
Lorato mo hatshin,
Tempela tsa gago!
Pelo tsa rona
Di leba kon
Ka lorato
Kwa Modimon.

Go tshego bona ba
Rapelan Modimo!
Le b aba dihelan
Ka tlhoahalo ten!
Ba sa baka;
Go tshego ba
Ba mo tselen
Ea Tsione.

Ke ba thatahalan
Hatshin ya tlalelo
Go tla ba goroga
Botlhe kwa godimon.
Itumelen!
Kgosi echo
E re isa
Kwa godimon!

Modimo oa rona
Ke thebe le phemo;
Re amogela hon
Dineo le matshego;
O tla aba
Mo merahin
Tshegahaco,
Kgalalelo.

Modimo o pelo,
Ga o time sepe
Sa molemo mo go
Bona ba inetsen.
Go leboga
Metlha eotlhe
Eo ikanyan
Ona osi. A.J.G.

417
Cogan, ba Morena
Cwelelan mo ntwen;
Bonan, bosa bo rapelwan
Bo cwa mo bogosin.
Batho ba Modimo
Ba mo boheitanen
Ba lo bitsa, lona lotlhe,
Ntwa ea ga Yesu.

Ntwa ea lorato
Ba re, lo cwelelen,
Go re lo henye lehatshe.
Lo le henye yanon.

Kgosi e len kgolo


E e len bonalen
E bua hoko ya thata;
E eme mo ntwen.

Cwelan ba Modimo,
Bolokan lehatshe;
Rwalan tlhako tsa kagisho
Le eona tumelo.

Lobaka lo lo tlan
Lo tla rwesa ntwa;
Meoea e e godimon
E tla itumela.

Rona re ba thusen
Go boloka hatshe,
Ka lorato, ka thapelo,
Le ka go inela.

Gore re tlhakane
Bathun ba Morena,
Go ya boitumelo boshwa,
Yoa bona bahenyi. J.T.B.

418

Go thotana e talana
Kgakalen, ha motsin;
Kwa Morena o bapocwen,
Kwa o re shwetsen ten.

Ga go itsiwe botlhoko
Yo o bo bogilen;
Me e abo e le ga rona
Ha a pegilwe ten.

A shwela rona ka chwaro,


Re bona bophelo;
Go iwa kwa legodimon
Ka tlhapo mo madin.

Ga nonoha ena esi,


Go ntsha molatun;
Ke ene eo re buletsen
Kgoro legodimon.

O re ratile marure;
Rona, re mo raten;
A re ikanyen mo madin;
A re mo dihelen. Amen. A.J.W.

419

Ga ke ditlhong ka Morena,
Ke ka nna tlhabanon,
Ke ka lwela hoko ya' gwe
Ke ka shwela mokgoron.

Mokgoron, mokgoron
Ka wela lesedin,
Ka tlogwa ke morwalo mo pedun.

Yesu oa me kea mo itse,


Ke ena eo' ikanwan,
Ga ke na go nna ka ditlhon,
Le go nna tatlhegon.
Mokgoron, mokgoron
Ka wela lesedin,
Ka tlogwa ke morwalo mo pedun.

Hoko ya' gwe le tlhomame,


Ke eo' ka bolokan,
Gotlhe mo o go neilwen,
Hela kwa bokhutlon.
Mokgoron, mokgoron
Ka wela lesedin,
Ka tlogwa ke morwalo mo pedun.

Yalo o tla impolela,


Ha pele ga Modimo;
Motsin oa Yerusalema
Ke bone bonno ten.
Mokgoron, mokgoron
Ka wela lesedin,
Ka tlogwa ke morwalo mo pedun.- R.P.

420
Yesu o re ntshetsa,
Lorato! Lorato!
O shwetse baikepi,
Lorato! Lorato!
Isan hoko hatshin, kwa
Batho ba agilen ten,
Merahin le dichaben,
Lorato! Lorato!

Itisen lehoko ye,


Poloka! Poloka!
Le mo baleohin botlhe,
Poloka! Poloka!
A re itumelelen
Yesu eo o re golotsen,
Poloka! Poloka!

Opelan mo tlhabanon,
Kagisho! Kagisho!
Yesu o re leretse
Kagisho! Kagisho!
Opelan ka bonolo,
Bo pelo e botlhoko,
Lo lebana le losho,
Kagisho! Kagisho!

Mo go Yesu, ditsala,
Dumelan! Dumelan!
O chwanetse go bokwa,
Dumelan! Dumelan!
Moreboloki esi,
Mokgoron o re shwewetse,
Le losho o lo hentse,
Dumelan! Dumelan! E.L.

421
Tlan baleohi, tlan baledi
Ba lo lwalan, lo shulen,
Yesu o ka lo boloka
Ka lorato lo tletsen,
O lekanye!
Oa eletsa! se boihen.

Tlan batlhoki, tlan lo bone


Khumo kgolo Morenen.
Chwaro, rato, le tumelo,
Gotlhe, go ka bonwa ten,
Lesan madi,
Tlan go Yesu, di reken.

A ditlhon di sa lo die;
Go ithusa se loren;
Paanyo e o e lo lopan,
Ke go batla Morena.
E! lo newan
Ke Moea o tshedisan.

Tlan balapi, bapatikwi,


Bayaki, bakopi, tlan!
Ha lo nna go ikalaha
Go tla na go tla ea man?
Se ba nnete,
Ke baleohi; a re tlan!- J.G.

422

Ka utlwa Yesu eo rilen


Tlan yana boikhucon.
Tlhogo ea go e lapilen
U e mpele mabogon.
Ka tla ka ea go ena
Tapishon e kgolo,
Ka lapologa, ka bona
Boikhuco bogolo.

Ka utlua Yesu, me a re,


Tla ki gu abele,
Metse a moea a tshelan
Inama, nwa hela.

Ka tla go Yesu me ka nwa


Metse a tshedilen;
Ka nyorologa, ka bona
Botshelo mo moeen.

Ka utlua Yesu, me a re,


Ke sedi mo hatshin.
Sigo boa sa ha u mpona,
U eta mo sedin.
Ka mo lebela, ka bona
Tsatsi ya nnete ten.
Mo sedin ye, ke tla eta
Leha ke hitlha len. J.G.

423
Reetsan lehoko ya lorato,
Tlan kwa go Yesu!
Ke ena eo tlosan molato,
Tlan kwa go Yesu!
Rolan yanon morwalo,
Rolan ha go Yesu;
Ke ena Mogolodi
Mo dibin cotlhe.

Leha lo batla tapologo,


Tlan kwa go Yesu!
Leren tumelo ea tlhomamo,
Tlan kwa go Yesu!
Rolan, etc.

Lopan phodisho ka thapelo,


Tlan kwa go Yesu!
Ha meoea ea lona e botlhoko,
Tlan kwa go Yesu!
Rolan, etc.

Bonno yoa lona bo sa le ten,


Tlan kwa go Yesu!
O tla lo tlhapisa mo madin,
Tlan kwa go Yesu!
Rolan, etc. E.L.

424
A ga bo go le Modisa
Eo bonolo mo pedun,
Yaka Mmoloki, eo lekan
Go re isa polokon?

Ke Modimo, O lorato!
Me lo gaisa kico yan!
Ke Rra rona, pelo ea gwe
E heta se se lorwan,

Pelonomi ea Modimo
Ke eona e e sitan;
Ke lewatle ye le tona
Kwa maakanyo a nwelan.

Rato loa gwe rea lo senya,


Go lo chwantsha ka rona,
Melao ea gwe re oketsa
Ka mentsie sen eona.

Re ko re bona lorato
Lo lo sa mmelahelen.
Re ko re tshela phatshimon
Boitumelon, Morenen. J.G.

425

Mmaken! mmaken! Yesu Morena oa rona!


Tumisan tlhe rato lo logolo!
Mmaken! mmaken! lona ba lo kgalalelon;
O mo neele thata, le ditlotlo.
Yaka modisa, Yesu o tla re disa,
A re chola yana le ka gale.
Mmaken! mmaken! bolelen yona bonatla
Yoa ga Yesu Kgosi le Mmoloki.

Mmaken! mmaken! ene Morena Mmoloki,


Bakan Yesu eo o re shwetsen;
Botshabelo, Hika, le Moregolodi;
Lo dumele Yesu eo bapocwen.
Mo tumisen, Monna oa bohutsana,
Le lorato lo lo sa lekanwan.
Mmaken! mmaken! bolelen yona bonatla;
Yoa ga Yesu eo o ikanwan.

Mmaken! mmaken! Yesu Morenaoa rona,


Retsan, retsan, pina di lela yan!
Yesu o tla busa le ka bosakhutlen,
Mo rwesen tlhe, Kgosi le Morena.
Yesu oe tla, Mohenyi eo mogolo,
A a neelwe tlotlo, kgalalelo.
Mmaken, mmaken, bolelen thata e kgolo,
Ka dipako tsa boitumelo. H.W.

427
Ga tla nwanyana mo hatshin
Bogologolo;
Baengela ba Modimo ba mmolela
Ntlhen cotlhe.
Ba tla bosigo badisen
Ka dipina;
Ka ba itse ha Nwana oa Betelehem
E le Morena.

Kwa lehatshin ye le kgakala,


Go banyana,
Ba phatsima mo bontlentlen,
Hatshin yeuo;
Ba kopantse diteme mo sehelen
Sa baengela.

Ba opela ha Morena a kile a tla


Go ba tsalelwa;
Me gore ba rwale bophatshimo
A rwala mitlwa.
Me mo bokoen, le mo tlalelon,
A cwa, a shwa,
Gore ban aba lehatshe ban ne batshedi,
Me ban ne nae.

Gompiyeno o busa mo bontlentlen,


Hatshin yele;
O na le ba gagwe b aba tlhapisicwen,
Ba tumelo.
Ka bosakhutlen, le bosakhutlen,
Ba tlotla en aka a kile a tla
Mo lehatshin. A.J.W.

428
Ke tla boka Yesu,
Monchwedi molato;
Ke ena Modisa oa me,
Morena oa lorato.
Me mpokisan Yesu,
Ntshisan polelo,
Ea lorato loa gagwe,
Morena oa botshelo.

Le mo dithaelon,
Ke tla cwa mohenyi,
Madin a ga Yesu,
Eo o hentsen mosenyi,
Me mpokisan Yesu, etc.

Ke tla boka Yesu,


Ina ye le monate,
Le nkgomotsa mo pedun,
Leina ya Morati.
Me mpokisan Yesu, etc.

Ke tla mo ikanya;
E re ke bona losho,
Ke itse ha ke tla mmona,
Kwa godimon ka mosho.
Me mpokisan Yesu,
Ntshisan polelo,
Ea lorato loa gagwe,
Morena oa botshelo. E.L.

429

A Modimo o dumela
Go nna Rre, go mphemela?
Nna nwanyana bonyanen,
O Mon oa hatshe, le godim.

A ena Rre eo ka retsan


Thapelo ea me e phelean?
A o tla utlwa dihela
Tsa motho mmonye yaka nna?

Ha u le Rre! U mme kin ne


Nwana oa go eo o utlwan,
Le mo hukun, le mot iron,
Ki gu direle tshiamon.

A u Rra echo? Yana nna,


Ki tla dumela, ki leka
Go dira ka matlhomo yan,
Ditiro tse ki di diran.

A u Rra echo? Motlhan mo


Tsatsi le tlan ya bohelo,
Laela monwe eo nkisa
Kwa go se neo o tlhaelan. J.G.

430
Legae ya ga Yesu, ye re le etelan,
Le na le dilo tse di galalelan;
Me batho ba ga Yesu ba mo godisa ten,
Ka dipaka cotlhe, mo ga sa lapen.
Gae, gae, ye lentle,
Yesu, mpakanyetsa legae ya gago.

Ke yeona gae ya ba ba rekolocwen,


Kwa ba direlan Modimo sentle ten;
Ga ba nka ba lapa gope gaen yeuo,
Yesu o tla ba naea tapologo.
Gae, etc.

Ga go na motho eo o tlhalogantsen,
Masego a bone ba ba dumetsen,
Le boitumelo yo bo sa khutlen,
Mo gaen ya ga Yesu, kwa re ean ten.
Gae, etc.

Re opelela legae ye le monate,


Ye re le direcwen ke Keresete;
Yesu, re hitlhise kwau agilen ten;
U bo u re tlhapise yanon mo madin.
Gae, etc. E.L.

431
Yesu u nne le rona rotlhe,
Re tshegetse, re kaele,
Mo saken re bolokele,
Re tsamaee re be re kgatlhane.

Re tla rakana! re rakana!


Ha di naon tsa ga Yesu;
Re tla rakana, re rakana
Yesu, u re dise ka gale.

Yesu u nne le rona rotlhe,


Mo diphuken re shubele;
Ka mana u re tlamele,
Re tsamaee re be re kgatlhane
Re tla rakana, etc.

Yesu u nne le rona rotlhe,


Mo tlalelon re hemele,
Ka malebogo re dibele,
Re tsamaee re be re kgatlhane.
Re tla rakana, etc.

Yesu u nne le rona rotlhe,


Ka lorato re choletse,
Me losho o lo hapose
Re tsamaee re be re kgatlhane.
Re tla rakana, etc. H.W.

432
Mon oa Sabata re utlwe
Mo tlun ea go ka tsatsi ye;
Dipina tse di tlogan ha,
Di tlhatlogetse kwa bontlen.

Sabata o ratwa hatshin


O tla nna yan kwa godimon?
U mme re hitlhe go shona;
Re bine, re ikhutse ten.

Ga ba lape; ba lelelan
Kwa go se neo o ka leohan?
Go sa pekane phegelo
Pinen tse di utlwalan koo.

Ga go na baba ba chosen,
Ga dieo tse di lapisan.
Masigo, maru, ga a ten,
Go setobolo kwa bontlen.

Tsatsi ye le eletsegan,
Re phatshimele boleun!
Re cwe tselen e lapisan,
Re senke e e bolokan. J.G.

433
Letsatsi le hetile
Kea le lebogela;
Ke lopa mo lehihin
Molato o ntshabe.
Yesu, ntsenya mo tishon,
Nchwara yana mo sigon.

Letsatsi le hetile
Le sego a yeona;
Bosigo u ntibele
Kwa ke robalan ten,
Yesu nkame mabogon,
U mpoloke mo sigon.

Letsatsi le hetile
Le tse di lapisan,
A sigo yo, bo hete
Go se tle se nchosan.
Yesu nteba kwa ke ten
Ntshomarela mo sigon.

Wena u mpoloke
Ka go bo u bona
Mabe a le mantsintsi
A a nkemelan.
Mmoloki wena eo nkutlwan
A ko u nnee thata e henyan.
J.G.

434
A ga lo utlwe pina e e cwan
Hatshin le lentle le le kwa?
Me pina e bitsa ba ba roban,
Ka baka le heta thata.

Morena oa thobo o atamela,


Re tla mmona re tla mo utlwa.
Bonan Morena oa thobo oe tla
Go phutha barobi kwa gae.

Baratwi ba rona ba mo sedin,


Ba le ba ba mo hatshin;
Ba bonye ditiro le mokgoro
Yana ba chotse serwalo.
Morena oa thobo, etc.

Pina e tuma kwa godimo yan!


Pina e e thatahatsan
Botshe yoa eona bo tla re thusa,
Ka re sale mo tiron.
Morena oa thobo, etc.

Dipina di sa ntse di tuma yan!


Mo lehatshin le le kwa;
Mo botlhe hela ba ba dumelan
Ba tla opela pina e.
Morena oa thobo, etc. H.W.

435
Re lema, me re yala
Dipeo mo mbun;
Di yesiwa, di nosiwa
Ke atla sa Modimo;
Me metlha le dipaka,
Di cwa legodimon;
Letsatsi, pheho, pula,
Di isa kwa thobon.

Dilo tse di molemo


Di cwa legodimon;
A re lebogen Modimo!
Mo pakon le raton.

Me Mmopi ke Morena,
Oa dilo kwa le kwa;
O kgabisa dithunya,
Ditlhare le naga.
Dipheho di mo utlwa,
Dithaga o di ha;
Bogolo o gopola
Go tlamela rona.
Dilo tse di molemo, etc.

Rea leboga, Rara,


Dithusho tsa gago;
Go yala, le go roba,
Botshelo, poloko.
U amogele yana
Dipako tsa rona;
Bogolo re gogele
Go Yesu Morena.
Dilo tse di molemo, etc.
H.W.

436
Naparelan lokwalo loa Modimo;
Se latlhegelwen ke sepe sa lona;
Go ba ba robetsen le b aba shulen,
Ba cosiwa ke polelo tsa lona.

Chwaran Bibela!
Chwaran Bibela!
Mogogi le lesedi ya rona.

Naparelan Buka e ea Modimo;


Boratego ga boa lekanwa;
Gonne e na le botshelo, poloko,
Lo e chwaren! ka e sa le gona.
Chwaran Bibela! etc.

Go balatlhegi le b aba timetsen,


Ke cholohelo, moshupatsela;
Go baeohe, ke thusho etlhomamen;
Ke lokwalo lo lo gaisan cotlhe.
Chwaran bibela! etc. H.W.

437
Hatshe yeotlhe a e nne
Hatshe ya ga Yesu;
Go cwa mayen godimo
Go ea kwa lewatlen.
Batho botlhe ba yeona
Ba mo obamele,
Motse le naga eotlhe,
E nne ga gwe yanon.

Hatshe yeotlhe!
Hatshe yeotlhe!
Bolelan Efangele mo hatshin yeotlhe.
Mokgoro oa ga Yesu,
O mo choleletsen,
O chware batho botlhe,
Mo hatshin yeotlhe.

Hatshe yeotlhe ya Yesu;


Ke yeona lehoko,
Ya go re batho botlhe
Ba rekilwe ke ena.
Buan mo hatshin yalo,
Lo se idibalen.
Mokgoro o tla henya
Mo letsatsin yeno.
Hatshe yeotlhe, etc.

Hatshe yeotlhe ya Yesu


E nne thato ea lona,
Lo ee, lo rute batho
Kwa ba hitlhelwan ten
Hatshe yeotlhe ya Yesu
Ke mo re go batlan,
Re tlhabanela Yesu,
Me o lopa hatshe.
Hatshe yeotlhe, &c.

Go na le kwa godimon,
Kwa Rara o gona,
Matlo a le mantsintsi;
Matlo a lorato,
Hatshe yeotlhe ya Yesu,
Kgosi e e henyan,
U ralale merahe,
U lere gona.
Hatshe yeotlhe, &c J.T.B.

438
Bolelan mo dichaben ha Yesu a busa;
Bolelan! Bolelan!
Bolelan mo merahin, ha Yesu a thusa,
Bolelan! Bolelan!
Bolelan ka tshisimogo, eo o re shwetsen,
Ha Yesu e le Kgosi e e re agisitsen,
Bolelan ka boipelo yo bo tshepilen.
Bolelan! Bolelan!

Bolelan mo bathun ha Yesu a ba chola,


Bolelan! Bolelan!
Bolelan mo bathun hela, o aba golola.
Bolelan! Bolelan!
Itsisen b aba lelan, go na le kgomoco,
Itsisen balapi, go na le tapologo,
Itsisen badibe ha go na le poloko
Bolelan! Bolelan!

Bolelan ha Yesu e le Mmoloki a batho,


Bolelan! Bolelan!
Bolelan mo Bacwanen ha a le lorato
Bolelan! Bolelan!
Bolelan mo mebilen, le ditselen cotlhe,
Bolelan mo dinagen le mo metsin eotlhe
Ha Yesu a golola baleohi botlhe.
Bolelan! Bolelan! E.L.

439
Poloko! ke hoko lentle
Ye le tlan ditseben;
Le hodisa dintho cotlhe,
Le tlosa dipoiho.

Tshipi di tsidima,
Tshipi di tsidima,
Tshipi tsa Efangele
Di tsidima.
Di re nametsha mo tselen,
Tshipi dintle.

Poloko! a e ralale
Mo lehatshin yeotlhe;
Ka dintwa tsa legodimo.
Di cosa dikoma.
Tshipi di tsidima, etc.

Poloko! Kwana e shulen


Pako ke ea gago,
E tla re nametsha pelo,
E nne mo ditemen.
Tshipi di tsidima, etc. J.T.B.

440
Reetsan dikopelo tsa baengele,
Tse di opelwan kwa legodimon;
Dia re ruta ga botshelo yo bosha,
Ke yona yo bo tshelwan Modimon.

Ke baengele
Ba ga Yesu,
Ba opelela
Baeti ba sigo.

Re sa utlwa baengele ba bitsa,


Tlan balapi, ka Yesu a re, Tlan;
Me pico e, e lapolosa pelo
Tsa baratwi, b aba moetelan.
Ke baengele, etc.

Lenchwe ya Yesu le ntse lea utlwala,


Yaka ditshipi tse di re bitsan;
Ba ba imeecwen ba ea go Yesu,
Tsala ea rona, eo o re gomotsan.
Ke baengele, etc.

Re tla bona tapologo kwa pele,


Re bone Yesu, eo o re shwetsen,
Re tla hitlha noken e len ea botshelo,
Gae ya dipelo tse di dumetsen.
Ke baengele, etc.

Me baengele, a lo ko lo opele,
Lo nametshe baeti mo tselen,
Go tsamaea re hitlha kwa go Yesu,
Re nna kgomocon e e sa khutlen.
Ke baengele, etc. E.L.

441
Yesu re lebe mo raton,
Tsala ea rona godimon;
Re tsile mo inen ya go,
Go kopa aona masego.

Ke wena eo o okemen
Batho botlhe ba ba tshelan;
Re lebe tiron ea rona,
Re kokwantsen go yeona.

Tshegohatsa ba eman
Mo tlun ea go gompieno;
Motsei, le ena eo tsewan,
U utlwe se ba se buan.

Mabogo a a kopanwan,
Ikanon a u a utlwan,
A shupe go le mo moeen
Kopano yoa mannete ten.

U nne le bona mo gaen,


Dikgan di sa utlwale ten;
A ba kopanwe mo pedun,
Ba ee mmogo kwa godimon. J.G.

442
Modimo oa botlhe, o o boitshegan,
Pheho ke tsa go le logadima;
Re utlwele tlhoko, rona badibe,
Morena, re agise yana!

Mononohi eotlhe, le Musholosi,


Leha u sa bonwe, u re labile;
U se re sekise, mo dipoitshegon,
Morena, re agise yana!

Moitshepi, Kgosi, u nne le pelo;


Ga re bone pula, me tlala e ten;
Letsatsi lea lela, ntwa ea senya,
Morena, re agise yana!

Moresiamisi, leba lehatshe,


Bogale yoa yeona, le pogisho;
Tlosa ditlalelo, le dikeledi,
Morena, re agise yana!

Modimo o pelo, utlwa ditelo,


Tsa bahutsahadi, le balapi;
A phisho ea gago, e chube dimpe,
Morena, re agise yana!
Kgosi e botlhale, peco tsa gago,
Di tla siamisa batho beno;
Bogosi yoa gago, u bo totise,
Morena, re agise yana! E.L.

443
Mancwe mantle a banyana,
Ba re ganan boyalwa;
Re nne mmogo mo tlhabanon;
Bo latlhelen kgakala.
Ganan! lo re, Ga re bo nwe,
Ga re chole, Nya! Re tshabetse
Rure, rure, rure.

Bo bolaile ba le bantsi,
Bo ba tsentse tshwenyegon;
Bo digile b aba thata,
Ba nntse mo khumanegon.
Ganan, lo re, etc.

Batho bantle bo ba sentse,


Barweetsana le makau.
Le lehatshe boa le gapa,
Le tla re senyegela.
Ganan, lo re, etc.

Batlan thusho ea Modimo,


A re tshaben mamba eo.
Tlhomamisan maikano,
Re ikwale maina.
Ganan, lo re, etc. A.J.W.

444
Robala tlhe moratwi oa rona,
Itatsa tlhogo huben sa Yesu;
Oa gu rata bogolo go rona;
U robale sentle.

Robala yaka nwana eo mmonye;


Me ga u nka u coga u lela;
Boikhuco yoa go bo itekantse;
U robale sentle.

Go tsamaea meruti e nnyelele;


Go tsamaea go phuthwe baratwi;
Go tsamaea bosigo bo hete;
U robale sentle.

Go tsamaea kgalalelo ea gwe


Morena Yesu e tle mo marun;
Me bashwi mo go Yesu ba coga;
U robale sentle.

Robala go tsamaea lorato


Lo gu bope chwanon sa Morena,
Me u rwesiwa krona ea gouda;
Kwa re tla nnan le ka bosakhutlen;
U robale sentle.

Bosigo yoa losho bot la heta,


Letsatsi ya cogo le tla tlhaba,
Bashwi mo go Yesu bat la raana
U dumele tsala. J.TB.

445
A shwa, a shwa, Mmoloki,
A shwela baleohi;
A ba shwela mo mokgoron,
A robala mo phupun;
Ena mun oa choloheco,
Kgosi ea kgalalelo.

Leban, leban lorato,


Utlwan, utlwan dipico;
A re rata kgakgamaco,
O re tsenya kgomocon;
A re, go ee kwa go ena
Botlhe b aba lapile.
Botlhe b aba dichaben,
Botlhe b aba mo diben,
Leha ba lehatshe lehe,
Leha ba ikutlwa yan!
Botlhe o ba bitsa yana,
A re, bat le Modimon.

A re, Tsaean botshelo,


Amogelan poloko.
Eo o lwalan a mo lebe,
Mo ntwen ke ena thebe,
Mo loshun o Montshedisi,
Lobopon ke ena Kgosi.

Chaba cotlhe a di tle,


Di tle ka boitumelo;
Di ka bona kgalalelo,
Di ka rakanela ten,
Ka lorato loa Mmoloki
Di ka tsena botshelon. A.J.W.

446
Modimo oa rona,
U Kgosi e kgolo,
Kwa godimon;
Le gona mo hatshin,
U Kgosi e busan,
Oa lobopo lotlhe
U molaodi.

Ya rona lehatshe
U le segohatse,
Le dikgosi.
Dipula a di ne,
Re bone mabele;
Le cona ditshedi
Di itumele.

Thusa bagolwane
Mo dikgotlen cotlhe
Le malwapen.
Phuthego le thuto,
Bana le bagolo,
Ba dichaba cotlhe
Tsa Secwana.

Kopanya dichaba
Raton le kagishon,
Le tumelon,
Metsin le metsanen,
Thaben le metlhaben,
Le mo mannon aotlhe
Di agise.

Neo cotlhe tse dintle


Di abele kgosi
E e kwa tlhogon.
Mmusho o siame,
Boshula bo thiywe.
A go ne dipula
Ntlhen cotlhe.
A.J.W.

447
Tshimon ea Morena,
Go tlhomilwe ten,
Dithunyana di dintsi
Tse di mo bontlen.

Yesu ke molemi
Eo di baakanyan
Tse di potlanyana,
Le tse di godilen.

Ga go sepe sennye,
Se o se nyatsan,
Ka a rata cotlhe,
Go ka latlhega en?

Bana yaka rona,


Ba tla manolen,
A ba segohatsa,
A le mo hatshin.

O bitsa banyana
A re, ba eme
Mo tshimong e ntle,
E o e nosan.

Yesu re rapela
Re tsenye tishon:
A re gu dihele
Yana mo tshimon. H.W
448
Yesu, banyana baa bitsa,
Ba utlwe.
Modisa oa dikwanyana,
Ba chole.

Re bonya, re kgocwa, e wa
Ha re tsamaea;
Yesu banyana baa bitsa,
Atamela.

Bona dipelo tsarina


Di nntse yan!
Lorato ya ka loa gago,
A lo nne ten.

Bomma bona ba lapile


Ba goge;
Thusa ditsalatsa rona,
Metlha eotlhe.

Borra ke bana ba gago,


Ba rate;
Thato ntle eaModimo
A ba itse.

Rara, le Morwa, le Moea,


Boraro yo,
A bo direlwe dipako
Ka gale. H.W

449
Modimo, re phatlhaletse,
Re tshelele letshego;
Tlatsa pelo ka kagisho;
Moea ka boitumelo;
Rato ba go re nne nalo,
Lo re yese dikoma,
Re henye thaelo cotlhe,
Ka eona tshegohaco.

A re nne bana bag ago,


Ba re tshelelan wena,
Re sahenwen ke lehatshe,
Lekgatlhego tsa yeon;
Ba re gopolan Modimo,
Ba re ogalaletsan.
Modimo, nna mo go rona
Ka bosakhutlen. J.T.B

450
Ha bohutsana bore chwere
Me go botlhoko botshelo;
Ha lehihi lere dikile,
Le topo re sa e newe
Go tle lehoko ye lentle
Le ntshe poiho eotlhe.
Sa lelen, Eo o re itsen
O tla phimola dikeledi.
Lelalan, letsatsi lea tlhaba,
Meruti ea bosigo ea sa,
Bohutsana bo nnabosigon;
Botshelo yo, bo tla hela,
Motlha ga oeo Modimon.
Sehutsahalen, lo se lele,
O tla phimola dikeledi. J.T.B

451

Вам также может понравиться